Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Eng se se Ngokelang Batho mo Ditirong Tsa Masaitseweng?

Ke Eng se se Ngokelang Batho mo Ditirong Tsa Masaitseweng?

Ke Eng se se Ngokelang Batho mo Ditirong Tsa Masaitseweng?

KARABO ya potso eo e ka ikaega thata ka gore motho o nna kae le gore ditumelo tsa bodumedi jwa gagwe ke eng le gore dingwao tse a godisitsweng ka tsone ke dife. Mo lefelong la lona, ke eng se se ngokelang batho mo ditirong tsa masaitseweng? Gongwe ba ngokiwa ke nngwe ya dilo tse di latelang.

Go batla go itse Masaitseweng ke sengwe se se sa itsegeng mme ke ga tlholego fela gore batho ba rate go itse ka masaitseweng. Ka jalo, bangwe ba ipotsa gore a go na le maatla mangwe a a sa bonaleng a a tlhotlheletsang ditiro tseno tsa masaitseweng. Ba bangwe ba ka nna ba lekeletsa ka lomati lwa Ouija (lomati lo lo amanang le bodimona lo lo dirisediwang go bonela dilo pele) kgotsa ba sekaseka horosekoupo go bona gore a se e se bolelang se tla diragala. Mme ba bangwe bone ba ka nna ba ya kwa kokoanong e go buiwang le baswi kwa go yone kgotsa ba bua le motho yo o nang le maatla a e seng a tlholego.

Boitlosobodutu Mo dingwageng tsa bosheng jaana go nnile le koketsego e kgolo mo boitlosobodutung—dibuka, difilimi le metshameko ya khomputara—e e theilweng mo dilong tse di amanang le ditiro tsa masaitseweng le tumelobotlhodi ya bodumedi jwa seheitane jwa bogologolo. Bongwe jwa boitlosobodutu jono gape bo na le thubakanyo le tlhakanelodikobo e e bontshiwang fela jaaka e ntse.

Go tlhobaela ka isagwe Baebele e ne ya bolelela pele jaana: “Mo metlheng ya bofelo go tla nna le dinako tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone.” (2 Timotheo 3:1) Ruri re wetswe ke dinako tse di thata mme go bona kaelo, batho ba le bantsi ba ya kwa bathong ba ba dirisanang le masaitseweng ba ba jaaka balepadinaledi, batho ba ba kgonang go bonela dilo pele, batho ba ba bonang isagwe ka go bala ditselana tse di mo diatleng le batho ba ba bolelelang pele isagwe. Motho mongwe yo o nang le maatla a e seng a tlholego o ne a bolela jaana: “Ke nngwe ya dikgwebo tse di sa amiweng ke go wa ga ikonomi. Gantsi batho ga ba tle go go bona fa ba itumetse.” Motho mongwe wa kwa Canada yo o bonelang isagwe pele o ne a re: “Gone jaanong go na le borakgwebo ba ba ikgolaganyang le nna, ba ba nteletsang mogala ba buela mo sephiring ba le kwa diofising tsa bone kgotsa ba nteletsa mogala mo difounong tsa bone tsa selula ba sebaseba mo phashiting.” O ne a oketsa jaana: “Batho bano, ke batho ba gantsi mo nakong e e fetileng ba neng ba belaela motho yo o bonelang isagwe pele e bile ba sa rate go buisana le ene.”

Bolwetse Mo dinageng di le dintsi, gantsi batho ba ba nang le bolwetse jo bo masisi ba tlhoboga dingaka tsa kwa kokelong mme ba ya kwa dingakeng tsa setso tse di dirisang mekgwa ya masaitseweng. Go ka nna ga bolelwa gore ba lwala ka gonne ba hutsitswe kgotsa ba loilwe. Gore motho yo o lwalang a fole, ditsala kgotsa ba losika lwa gagwe ba ka nna ba mo isa kwa mothong yo o dirisanang le masaitseweng, yo a ka nnang a batla go duelwa madi a mantsi.

Go batla tshireletsego le letlhogonolo Mo dikgaolong dingwe tsa Afrika, baagi ba motse ba hira “moporofeti” go tswa mo kerekeng ya meya gore a ntshe meya e e bosula mo tikologong ya bone. Meetlo ya gone e akaretsa go nwa metswako le “metsi a a boitshepo.” Kwa mafelong a mangwe, batho ba ikgolaganya le batho ba ba buang le meya ka gonne ba dumela gore meya eno e tla dira gore ba nne le letlhogonolo.

Matshosetsi mo baneng Kwa Papua New Guinea, mmè a ka gana go tswela kwa ntle bosigo le lesea la gagwe le le sa tswang go tsholwa. Ka ntlha yang? O boifa gore meya e e bosula e ka nna ya gobatsa lesea la gagwe. Kwa Uganda, gangwe le gape bommè ba nna ba bofelela masea a bone megala mme ka dinako tse dingwe ba bofelela dibaga le dikgapetla mo ditokololong tsa diatla le mo magwejaneng a bone e le go ba sireletsa mo kotsing.

Go tlhokafalelwa ke mongwe yo o mo ratang Mokwadi mongwe wa kwa Boritane e bong Motlotlegi Arthur Conan Doyle o ne a tlhokafalelwa ke morwawe, monnawe, monnawe mosadi wa gagwe le setlogolo sa gagwe mo Ntweng ya Lefatshe I. E re ka ba ne ba ngomogile pelo e bile ba sa itse gore ba dire eng, Doyle le mosadi wa gagwe ba ne ba ya kwa kokoanong ya batho ba ba ikgolaganyang le baswi ba solofetse gore ba tla kgona go bua le morwabone yo o tlhokafetseng. Gompieno le gone, batho ba le bantsi ba ya kwa bathong ba ba buang le meya ka maiteko a go bua le baratiwa ba bone ba ba suleng. Mo dinageng dingwe, madumedi a a tlwaelegileng le dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete di ruta gore loso lo nna teng ka ntlha ya meya e e ipusolosetsang e e galefileng. Dikereke di batla gore maloko a a setseng a lelapa a dire meetlo e e rileng e e jang madi a le mantsi le go e duelela e le go thibela gore go se ka ga nna le batho ba bangwe ba ba swang mo tikologong.

Go boifa baswi Ditumelo tse di malebana le loso le baswi di ile tsa tlhotlheletsa batho thata. Ka jalo, mo dinageng di le dintsi, batho ba dira mefuta e e farologaneng ya meetlo e e akaretsang go ikgobatsa e le gore ba rebe bogale jwa baswi kgotsa go “bontsha” kafa ba ba ratang ka teng. Mo bathong bangwe ba ba nnang kwa ditlhaketlhakeng tsa Pacific, batlholagadi kgotsa baswagadi ba patelediwa gore ba apare diaparo tse dintsho le go hutsafalela baswi ba bone ka dikgwedi di le dintsi, ba tswaletswe mo ntlong mo ba tshwanetseng gore ba tile go ja dijo tse di neng di ratiwa ke moswi. Batho ba ba latelang ngwao eno ba ka tshwenyega thata mo maikutlong, ba lwala ka ntlha ya tlala kgotsa le e leng go swa.

Ga go na pelaelo gore go na le dilo di le dintsi tse di ngokelang batho mo ditirong tsa masaitseweng. Ka jalo, abo go le botlhokwa jang ne gore re tlhaloganye gore tota dithuto tsa masaitseweng di tswa kae! Ka ntlha ya seo, mma re sekasekeng Baebele, buka e le yosi e e re tlhalosetsang sentle gore ditiro tsa masaitseweng di akaretsa eng.