Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tsela ya go Tokafatsa Bopelotelele Jwa Gago

Tsela ya go Tokafatsa Bopelotelele Jwa Gago

MORAGO ga go bala ditlhogo tse di fetileng o ka nna wa dumela gore fa o le pelotelele o ka kgona go nna le botsogo jo bo botoka, go dira ditshwetso tse di botoka le go nna le ditsala tse di molemo. Ka jalo o ka dira jang gore o tokafatse bopelotelele jwa gago? Sekaseka dikakantsho tse di latelang.

Lemoga dilo tse di dirang gore o fele pelo:

Go na le dilo kgotsa maemo a a ka dirang gore o fele pelo. Ke eng se se dirang gore o fele pelo? A go na le batho ba ba rileng ba ba go fedisang pelo? Gongwe molekane wa gago, batsadi ba gago kgotsa bana ba gago ke bone batho ba gantsi ba go fedisang pelo. Kgotsa a gantsi dilo tse di dirang gore o fele pelo ke tse di amanang le nako? Ka sekai, a gantsi o fela pelo fa o tshwanelwa ke go leta ba bangwe kgotsa fa o siiwa ke nako? A o fela pelo fa o lapile, o tshwerwe ke tlala, o otsela kgotsa o gateletswe ka tsela nngwe mo maikutlong? A gantsi o fela pelo fa o le kwa gae kgotsa o le kwa tirong?

Go lemoga dilo tse di dirang gore o fele pelo go ka go thusa jang? Kgosi Solomone o ne a kwala jaana bogologolo: “Batho ba ba akanyang sentle ba bonela pele mathata ba bo ba a iphitlhela, mme ba ba tsietsegang motlhofo ba tswelela fela ba bo ba lebana le ditlamorago tsa gone.” (Diane 22:3, God’s Word Bible) Go dumalana le seane seno sa bogologolo sa Baebele, fa o “bonela pele” gore o tla fela pelo, o ka nna wa kgona go go thibela. Kwa tshimologong, o ka nna wa tshwanelwa ke go tsaya matsapa gore o tokafatse bopelotelele jwa gago mme fa nako e ntse e ile bopelotelele e ka nna nonofo e e itlelang fela mo go wena.

Tshela botshelo jo bo sa raraanang:

Go ya ka Porofesa Noreen Herzfeld, yo o rutang saense ya dikhomputara kwa Saint John’s University, kwa Minnesota, kwa U.S.A., “tota batho ga ba kgone go dira ditiro tse dintsi ka nako e le nngwe. Boboko ga bo kgone go tlhomama mo dilong tse dintsi ka nako e le nngwe.” Gape a re: “Fa nako e ntse e ya, go dira dilo di le dintsi ka nako e le nngwe go senya bokgoni jwa rona jwa go tlhoma mogopolo mme kgabagare seno se dira gore o felelwe ke dinonofo tse di jaaka bopelotelele, boitshoko, bokgoni jwa go dira ditshwetso le jwa go rarabolola mathata.”

Go thata go nna pelotelele fa o gateletswe mo maikutlong ka go bo o na le dilo tse dintsi thata tse o tshwanetseng go di dira, mafelo a mantsi thata a o tshwanetseng go ya kwa go one le batho ba bantsi thata ba o tshwanetseng go nna o ikgolaganya le bone. Dr. Jennifer Hartstein, yo o umakilweng pelenyana mo motseletseleng ono wa ditlhogo o tlhagisa jaana: “Tota kgatelelo ya maikutlo ke yone e gantsi e dirang gore re fele pelo.”

Ka jalo, jaaka go a tle go bolelwe, “tlhaba kgobe ka mmutlwa.” Iphe nako ya go itumelela botshelo. Iphe nako ya go dira botsala jo bo nonofileng le batho ba se kae go na le go dira botsala jo bo sa nonofang le batho ba bantsintsi. Rulaganya gore o batla go dirisa nako ya gago jang mme o tlhophe dilo tse di tlang pele ka botlhale. Itise gore ditiro tsa go itlosa bodutu le didirisiwa tsa ileketeroniki di se ka tsa go senyetsa nako.

E le gore o tshele botshelo jo bo sa raraanang, o ka nna wa tlhoka go sekaseka dilo tse o di dirang letsatsi  le letsatsi. O ka fokotsa fa kae kgotsa wa tlogela eng? Seane sengwe se se mo Baebeleng sa re: “Sengwe le sengwe se na le nako e se e tlhometsweng . . . , nako ya go boloka le nako ya go latlha.” (Moreri 3:1, 6) Gongwe eno ke nako ya gore o tlogele dilo dingwe tse di go jelang nako gore o se ka wa tshwarega thata mo o sa kgoneng go nna pelotelele.

Leba dilo jaaka di ntse:

Mo botshelong, leba dilo jaaka di ntse. Sa ntlha, ga se ka metlha dilo di diregang ka bonako jaaka re batla. Amogela gore dilo di ka se direge ka nako e e batliwang ke wena, ka gonne dilo di tla direga ka nako ya tsone. Joo ke jone bopelotelele.

Sa bobedi, gakologelwa gore ga se ka metlha o ka kgonang go laola maemo a gago. Kgosi Solomone yo o botlhale o ne a kwala jaana: “Motabogi yo o lobelo go gaisa ga se ka metlha a fenyang lobelo; mophato o o maatla go gaisa ga se ka metlha o fenyang ntwa; motho yo o botlhale go gaisa ga se ka metlha a bonang dijo tse a di bereketseng; motho yo o nang le tlhaloganyo go gaisa ga se ka metlha a humang; mme motho yo o rutegileng ga se ka metlha a newang pako e e mo tshwanetseng. Fa nako e fitlha, dilo tse di bosula di diragalela mongwe le mongwe! Motho ga a ke a itse se se tla mo diragalelang.”—Moreri 9:11, 12, Holy Bible—Easy-to-Read Version.

Mo boemong jwa go fela pelo ka ntlha ya maemo a o ka se kgoneng go a laola, leka go lemoga dilo tse o kgonang go di laola. Ka sekai, go na le gore o galefe ka ntlha ya bese kgotsa terena e e diegang go tla, batla tsela e nngwe ya go fitlha kwa o yang gone. Tota le go tsamaya ka dinao go ka nna ga nna botoka go na le go fela pelo le go galefa. Fa e le gore o tshwanelwa ke go leta, dirisa nako eo go dira sengwe se se mosola se se jaaka go bala sengwe se se tla go solegelang molemo kgotsa go kwala dithulaganyo tsa dilo tse o ikaeletseng go di dira mo isagweng.

Boammaaruri ke gore mo botshelong ga go thuse sepe go nnela go tshwenyega ka dilo tse o ka se kgoneng go di laola. Baebele e nepile fa e re: “Ga go ope wa lona yo o ka oketsang botshelo jwa gagwe ka tsela epe ka go tshwenyega ka jone.”—Luke 12:25, Holy Bible—Easy-to-Read Version.

Nna le kamano e e molemo le Modimo:

Batho ba le bantsi ba ba dumelang mo Baebeleng ba lemogile gore fa ba dirisa melaometheo ya yone ba ka kgona go nna pelotelele. Go ya ka Baebele, go ka nna motlhofo gore motho yo o nang le kamano e e molemo le Modimo a bontshe bopelotelele mmogo le dinonofo tse dingwe tsa botlhokwa tse di jaaka lorato, boipelo, kagiso, bonolo le boikgapo. (Bagalatia 5:22, 23) Baebele e solofetsa jaana: “Lo se ka lwa tlhobaela ka sepe, mme mo go sengwe le sengwe ka thapelo le mokokotlelo mmogo le go ntshiwa ga ditebogo a dikopo tsa lona di itsisiwe Modimo; mme kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe e tla disa dipelo tsa lona le maatla a lona a mogopolo.” (Bafilipi 4:6, 7) Ithute Baebele mme o bone kafa o ka tshelang ka teng o sa tlhobaele thata mme o le pelotelele go feta pele.