Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 BAEBELE YA RENG?

Botsogo

Botsogo

A Modimo o amega ka gore re tshwara mebele ya rona jang?

“O se ka wa nna mo gare ga ba ba nwang beine bobe, mo gare ga ba ba jang nama bobe.”—Diane 23:20.

LEBAKA LA GO BO O TSHWANETSE GO ITSE

Baebele ga se buka e e rutang ka tsa kalafi; e bile ga e laole sengwe le sengwe malebana le boitshwaro jwa batho. Go ntse go le jalo, o ka solegelwa molemo ke go tlhaloganya gore Modimo o leba botsogo jang jaaka go tlhalositswe mo Baebeleng.

SE BAEBELE E SE BUANG

Ditemana di le mmalwa tsa Baebele di re bolelela gore Modimo o ikutlwa jang ka tsela e re tshwarang mebele ya rona ka yone. Ka sekai, Baebele e kgala go feteletsa dilo mo go kotsi, mo go akaretsang go nwa bobe le go ja bobe. (Diane 23:20) Molao wa Modimo o o neng wa newa Baiseraele ba bogologolo o ne o akaretsa ditaelo dingwe tse di neng di thusa go fokotsa malwetse mme ka dinako tse dingwe le go a thibela. Gape Molao o ne o akaretsa melawana e e rileng ya pabalesego e e neng e thibela gore go se ka ga nna le dikgobalo. (Duteronome 22:8) Go bonala sentle gore Baebele e re kgothaletsa go tlhokomela mebele ya rona le go dira se se tlhokegang gore re sireletse botsogo jwa rona.

 Baebele ya re ke ka ntlha yang fa re lwala?

“Boleo bo ne jwa tsena mo lefatsheng ka motho a le mongwe le loso ka boleo.”—Baroma 5:12.

SE BATHO BA SE BUANG

Batho ba le bantsi ba dumela gore bolwetse ke bothatanyana jo bo nnileng gone ka nako ya fa ditshedi di fetoga go nna batho. Ba bangwe ba akanya gore mathata a rona a botsogo a bakwa ke maatla a a sa itseweng a a jaaka meya e e boikepo.

SE BAEBELE E SE BUANG

Go ya ka Baebele, re lwala ka gonne batho ba ntlha ba ile ba tsuologela Modimo. (Baroma 5:12) Pele batsadi ba rona ba ntlha e bong Adame le Efa ba tsouloga, ba ne ba na le botsogo jo bo itekanetseng. Ba ne ba itse gore ba ne ba tla swa fa ba ne ba ka tswa mo tlhokomelong e e lorato ya Modimo. (Genesise 2:16, 17) Go ntse go le jalo, ba ne ba senya botsala jwa bone le Modimo ka boomo mme ba latlhegelwa ke boitekanelo jwa bone. *

Fa Adame le Efa ba sena go latlhegelwa ke boitekanelo jwa bone, boemo jwa bone jwa go sa itekanele bo ne jwa fetela mo go rona. Ka jalo, le fa batho ba leka ka natla go fedisa malwetse, re sa ntse re lwala.

O KA DIRA ENG?

Baebele e ruta gore fa o letlana le Modimo ka go ikobela melaometheo ya gagwe e e botlhale, kgabagare o tla nna le botsogo jo bo itekanetseng mo lefatsheng la paradaise. (Isaia 33:24) Modimo o solofetsa gore o tla fedisa botlhoko, bolwetse le loso.—Tshenolo 21:3, 4.

A Baebele e thibela go dirisa kalafi ya bongaka?

“Batho ba ba tsogileng sentle ga ba tlhoke ngaka, mme ba ba bobolang ba a e tlhoka.”—Mathaio 9:12.

SE BATHO BA SE BUANG

Bangwe ba buelela gore go dirisiwe phodiso ya moya (e gape e itsiweng e le go fodisa ka tumelo) mo boemong jwa kalafi ya bongaka.

SE BAEBELE E SE BUANG

Modimo o ne a letla gore batho ba gagwe ba thusiwe ke badiredi ba tsa bongaka mo metlheng ya ditiragalo tsa Baebele. (Genesise 38:28; Bakolosa 4:14) Ga go na sepe mo Baebeleng se se bontshang gore Modimo o ne a sa itumedisiwe ke go bona batho ba gagwe ba dirisa dimela le ditlolo tsa kalafi, ba a ja dijo tse di rileng tse ba di laetsweng ke ngaka le go latela mefuta e mengwe ya kalafi. Tota e bile Jesu o ne a re “batho ba ba tsogileng sentle ga ba tlhoke ngaka, mme ba ba bobolang ba a e tlhoka.”—Mathaio 9:12.

Le fa go ntse jalo, Baebele ga e letlelele mofuta mongwe le mongwe fela wa kalafi. Ka sekai, Baebele ga e buelele mokgwa wa gompieno wa go fodisa ka tumelo. Mme Modimo ga a amogele dikalafi tse di amanang le tirisabadimo. (Bagalatia 5:19-21) Mo boemong jwa go dirisa mekgwa e e kgalwang ke Baebele, selo se se molemo se re ka se dirang fa re tshwerwe ke malwetse mangwe ke go batla thuso ya kalafi ka bonako, fa e le gone.

^ ser. 10 Mo setlhogong seno re dirisa mafoko “go itekanela” le “boitekanelo” fa re bua ka boemo jwa go nna le botsogo jo bo molemo jo Modimo a dirileng batho ba ntlha ba le mo go jone, ba sa lwale e bile ba sa swe.