Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 GO THUSA LELAPA | LENYALO

Kafa o ka Tilang go Bua Mafoko a a Tlhabang ka Gone

Kafa o ka Tilang go Bua Mafoko a a Tlhabang ka Gone

KGWETLHO

Nako le nako fa wena le molekane wa gago wa lenyalo lo nna le kgotlhang, lo simolola go tshwayatshwayana diphoso. Go tlhabana ka mafoko e setse e le selo se se tlwaelegileng thata jaana mo lenyalong la lona mo e setseng e le tsela e lo buisanang ka yone ka metlha.

Fa e le gore seno se a direga mo lenyalong la lona, o ka kgona go fedisa mokgwa ono. Sa ntlha, o tshwanetse go sekaseka gore mokgwa ono o bakwa ke eng le gore ke eng fa go ka go solegela molemo gore o dire diphetogo.

LEBAKA LA GO BO GO DIREGA

Tsela e motho a godisitsweng ka yone. Banna le basadi ba le bantsi ba ba mo lenyalong ba goletse mo malapeng a go tlhabana ka mafoko go neng go tlwaelegile mo go one. Mongwe wa banyalani bano kgotsa boobabedi ba ka tswa ba dirisa mofuta wa puo o ba o utlwileng mo batsading ba bone.

Tlhotlheletso ya tsa boitlosobodutu. Metlae ya mo difiliming le ya mo mananeong a thelebishene e dirile gore puo e e kgobang e nne sengwe se se tshegisang, mme seo se dira gore babogedi ba akanye gore ga e kotsi—kgotsa e bile ke motlae fela.

Setso. Merafe mengwe e ruta gore “monna wa mmatota” ke yo o gatelelang, kgotsa gore basadi ba tlhoka go nna bogale gore ba se ka ba lebega ba le bokoa. Fa go na le kgotlhang, banyalani ba ba lebang dilo ka tsela eno ba ka dirisana jaaka baba e seng balekane, ba bo ba dirisa mafoko a a utlwisang botlhoko go na le go dirisa a a agang.

Go sa kgathalesege gore go tlhabana ka mafoko go bakiwa ke eng, go ka felela ka tlhalo kgotsa ga baka mathata mangwe a botsogo. Bangwe e bile ba re mafoko a ka utlwisa botlhoko go feta go itewa. Ka sekai, mosadi mongwe yo monna wa gagwe a neng a mo itaya e bile a mo tlhaba ka mafoko a re: “Go itshokela go tlhabiwa ka mafoko go ne go le thata go feta go itshokela go itewa. Go ne go le botoka gore a mpetse go na le gore a ntlhabe jalo ka mafoko.”

O ka dirang fa e le gore wena le molekane wa gago lo letlile gore puo e e utlwisang botlhoko e senye kamano ya lona?

 SE O KA SE DIRANG

Nna kutlwelobotlhoko. Itsenye mo ditlhakong tsa molekane wa gago mme o leke go tlhaloganya gore mafoko a gago a dira gore a ikutlwe jang. Fa go kgonega, akanya ka seemo sengwe se mo go sone molekane wa gago a kileng a utlwisiwa botlhoko ke mafoko a gago. O se ka wa itewa tsebe ke go akanya ka se tota o se buileng; kgang ya botlhokwa ke gore molekane wa gago o ikutlwa jang ka se o se buileng. A o ka akanya ka ditsela dingwe tse ka tsone mafoko a a utlwisang botlhoko a ka bong a ile a emisediwa ka mafoko a a pelonomi? Baebele ya re: “Karabo fa e le bonolo e faposa bogale, mme lefoko le le utlwisang botlhoko le tsosa bogale.”—Diane 15:1.

Ithute mo banyalaning ba ba tlotlanang. Fa e le gore tsela e o buang ka yone e tlhotlheleditswe ke dikao tse di sa siamang, batla dikao tse di molemo. Reetsa banyalani ba go leng molemo go etsa sekao sa bone sa go buisana.—Molaomotheo wa Baebele: Bafilipi 3:17.

Tsosolosa lorato lo lo kileng lwa bo lo ratana ka lone. Gantsi puo e e utlwisang botlhoko e bakwa thata ke se se mo pelong e seng se se tswang mo molomong. Ka jalo, leka go akanya ka dilo tse di molemo ka molekane wa gago le go ikutlwa ka tsela e e siameng ka ene. Tlhatlhanya ka dilo tse lo kileng lwa bo lo itumelela go di dira mmogo. Lebelela ditshwantsho tsa kgale. Ke dilo dife tse di neng di lo tshegisa? Ke dinonofo dife tse di dirileng gore lo ratane?—Molaomotheo wa Baebele: Luke 6:45.

Tlhalosa kafa o ikutlwang ka teng. Go na le go tlhaba molekane wa gago ka mafoko, tlhalosa se o tshwenyegileng ka sone o tlhalosa kafa se go amang ka teng. Ka sekai fa o re, “Fa o dira dithulaganyo o sa ntherisa, ke utlwa e kete tsela e ke lebang dilo ka yone ga e botlhokwa,” seo se ka dira gore a arabe ka tsela e e siameng go na le fa o re, “O dira sone fela se o se tlwaetseng—ka metlha o dira dithulaganyo o sa ntherisa!”—Molaomotheo wa Baebele: Bakolosa 4:6.

Itse gore ke leng o tshwanetseng go didimala. Fa kgalefo e ya magoletsa mme o sa tlhole o kgona go tlhopha mafoko, go ka nna molemo gore lo bue ka kgang eo ka nako e nngwe. Gantsi ga go phoso gore o tswe o tsamaye ka nako ya fa lo omana mo go botlhoko, go fitlha lo ka kgona go buisana sentle lo ritibetse.—Molaomotheo wa Baebele: Diane 17:14.

Gantsi puo e e utlwisang botlhoko e bakwa thata ke se se mo pelong e seng se se tswang mo molomong