Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 GO THUSA LELAPA | LENYALO

Fa Botsala bo Setse bo Fetelela

Fa Botsala bo Setse bo Fetelela

KGWETLHO

O na le tsala ya bong bo sele e e go tlhaloganyang sentle. Wena le ene lo ka kgona go tlotla ka sengwe le sengwe e bile lo dira jalo. O ka nna wa ipolelela wa re, ‘Re ditsala fela’—le fa gone molekane wa gago wa lenyalo a ka se akanye jalo, fa a ka itse ka metlotlo ya lona e meleele.

Go ka direga gore botsala jwa lona bo setse bo feteletse mme o tlhoka go baakanya seemo seno. Le fa go ntse jalo, sekaseka pele gore ke eng se se ka tswang se dirile gore o feleletse o na le botsala jo bo ntseng jalo.

LEBAKA LA GO BO GO DIREGA

Kgotsofalo. Boammaaruri ke gore go monate go kgatlhegelwa ke motho wa bong bo sele. Go itse gore mongwe o a re anaanela go a re itumedisa e bile go dira gore re ikutlwe re ratega. Fa o sena go fetsa nako e e rileng o le mo lenyalong, o ka nna wa simolola go itumelela go tsalana le mongwe wa bong bo sele. Mme itse seno: Go batla go itumedisiwa jalo ke mongwe yo e seng molekane wa gago wa lenyalo go ka nna le diphelelo tse di bosula. Fa o simolola go tsalana ka tsela e e sa tshwanelang le motho wa bong bo sele yo e seng molekane wa gago mo lo feleletsang lo tshololelana maikutlo, seo se koafatsa kamano ya gago le molekane wa gago. Ka tsela nngwe, o amoga molekane wa gago lorato lo o tshwanetseng o ka bo o mo naya lone.

• Ipotse jaana, ‘Botsala jono bo nnaya eng se ke se tlhokang se nka bong ke se newa ke molekane wa me wa lenyalo?’

Go nna mo kotsing ya go raelesega. Baebele ya re batho ba ba tsenang mo lenyalong ba tla nna le “pitlagano” nngwe. (1 Bakorintha 7:28) Ka sekai, ka dinako dingwe o ka ikutlwa e kete molekane wa gago ga a go kgathalele kgotsa ga a go anaanele, kgotsa o ka tswa o sa ntse o kgopisegile ka ntlha ya kgang nngwe e lo sa e rarabololang. Gongwe molekane wa gago o tila go bua ka mathata a a ntseng jalo, mo go dirang gore o ikutlwe o tlaletswe mo o ka raelesegang motlhofo fa o kgatlhegelwa ke mongwe o sele. Baitse bangwe ba re go se bue ka mathata a a masisi go ka dira gore go se ka ga nna le boitumelo mo lenyalong—e bile go ka nna ga felela ka tlhalo.

• Ipotse, ‘A go na le sengwe se se tlhaelang mo lenyalong la me se se dirileng gore ke raelesege motlhofo go tsalana le mongwe go sa tshwanela?’

 SE O KA SE DIRANG

Lemoga kotsi. Baebele ya re: “A o ka tshola molelo mo sehubeng sa gago mme diaparo tsa gago di sa she?” (Diane 6:27, Good News Translation) Boammaaruri ke gore, go simolola go ratana le mongwe o setse o le mo lenyalong go kotsi. (Jakobe 1:14, 15) Ga se kgang fela ya gore go ka diregang. Akanya ka se se setseng se diragetse. Fa o kgatlhegela mongwe o sele ka tsela eo, o fokotsa lorato lo molekane wa gago a ka bong a lo bona mo go wena.

O se ka wa itsietsa. Go tsalana thata le mongwe go ka dira gore o ipotse gore go ka bo go ntse jang fa o ka bo o nyalane le ene. Mme gone, o ka tswa o leka go bapisa bokgoni jwa tsala ya gago le makoa a molekane wa gago—tota ga o a tshwanela go dira jalo! Gakologelwa gape gore boitumelo jo o nnang le jone fa o akanya ka tsala ya gago bo ka tswa bo tshwana le jo o neng o nna le jone kwa tshimologong fa o ne o akanya ka motho yo o nyalaneng le ene.—Molaomotheo wa Baebele: Jeremia 17:9.

Tlhoma melelwane. Batho ba tsenya di-alarm mo matlong le mo dikoloing tsa bone gore ba thibele bogodu. O ka dira sengwe se se tshwanang ka lenyalo la gago. Baebele ya re: “Dibela pelo ya gago.” (Diane 4:23) O ka dira seo jang? Leka se se latelang:

  • Bontsha batho sentle gore o mo lenyalong—gongwe ka go baya dinepe tsa molekane wa gago kwa tirong.—Molaomotheo wa Baebele: Genesise 2:24.

  • Swetsa gore ke eng se o tla se letlelelang le se o ka se se letleleleng fa o dirisana le batho ba bong bo sele. Ka sekai, go tla bo go sa tshwanela gotlhelele gore o bue le modirimmogo wa bong bo sele ka mathata a gago a lenyalo kgotsa gore lo intshe lo ye go nwa dino mmogo le ene.

  • Fa e le gore o setse o tsalane thata le mongwe wa bong bo sele, fedisa botsala joo. Fa o utlwa go le boima go dira jalo, ipotse gore ke ka ntlha yang. Go na le gore o leke go buelela botsalano jwa gago le motho yono, akanyetsa molekane wa gago mme o tseye dikgato go sireletsa lenyalo la lona.—Molaomotheo wa Baebele: Diane 5:18, 19.