Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 BAEBELE YA RENG?

Go Tshwenyega Thata mo Maikutlong

Go Tshwenyega Thata mo Maikutlong

Go tshwenyega thata mo maikutlong ke eng?

“Ke tlhakatlhakane, ke ikobile mo go feteletseng; ke tsamatsamaile ke utlwile botlhoko letsatsi lotlhe.”—Pesalema 38:6.

SE BABATLISISI BA SE BUANG

Mongwe le mongwe o a tle a nne le dinako tse ka tsone a ikutlwang a sa itumela, mme clinical depression yone ke bolwetse jo bo sa feleng jo bo fetsang maatla e bile bo kgoreletsa motho go dira ditiro tsa letsatsi le letsatsi. Go tshwanetse ga elwa tlhoko gore ga se baitse botlhe ba ba dumalanang gore khutsafalo e nna e e “tlwaelegileng” fa go rileng le gore e nna “bolwetse” fa go rileng. Le fa go ntse jalo, ke boammaaruri gore batho bangwe ba nna le maikutlo a a tseneletseng a a sa itumediseng a ka dinako tse dingwe a kopanang le go ikutlwa ba se na mosola e bile ba le molato fela thata.

SE BAEBELE E SE BUANG

Baebele e bua ka banna le basadi ba le bantsi ba ba kileng ba nna le maikutlo a a dirang gore ba se ka ba itumela. Ka sekai, Hana o kile a nna “moya o bogalaka”—mafoko a a tleng a ranolwe e le “go hutsafala” thata le “go ngomoga pelo.” (1 Samuele 1:10) Nako nngwe moporofeti Elija o ne a hutsafetse thata jaana mo a neng a rapela Modimo gore a tseye botshelo jwa gagwe!—1 Dikgosi 19:4.

Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba laetswe gore ba ‘bue ka tsela e e gomotsang le meya e e tshwenyegileng maikutlo.’ (1 Bathesalonika 5:14) Go ya ka buka nngwe, mafoko “meya e e tshwenyegileng maikutlo” a ka kaya batho ba ba “fekeeditsweng ka nakwana ke dikgatelelo tsa botshelo.” Go bonala sentle gore tota le banna le basadi ba ba ikanyegang ba ba umakwang mo Baebeleng ba ne ba a tle ba tshwenyege thata mo maikutlong.

 A motho ke ene a ipakelang go tshwenyega thata mo maikutlong?

“Popo yotlhe e nna e fegelwa mmogo le go nna mo botlhokong mmogo.” —Baroma 8:22.

SE BAEBELE E SE BUANG

Baebele e ruta gore bolwetse bo bakilwe ke botsuolodi jwa banyalani ba ntlha. Ka sekai, Pesalema 51:5 ya re: “Ke tsholetswe mo tlolong ka ditlhabi tsa pelegi, mmè o ne a inthwalela mo boleong.” Mme Baroma 5:12 e tlhalosa gore “boleo bo ne jwa tsena mo lefatsheng ka motho a le mongwe [motho wa ntlha Adame] le loso ka boleo, loso lo ne lwa anamela kwa bathong botlhe ka gonne ba leofile botlhe.” E re ka re ruile bosaitekanelang go tswa mo go Adame, mongwe le mongwe wa rona a ka lwala mo mmeleng le mo maikutlong. Baebele ya re ka ntlha ya seo, “popo yotlhe e nna e fegelwa mmogo le go nna mo botlhokong mmogo.” (Baroma 8:22) Le fa go ntse jalo, gape Baebele e solofetsa sengwe se re ka se se neweng ke ngaka epe—tsholofetso ya Modimo ya gore go tla nna le lefatshe le lesha la kagiso le mo go lone malwetse otlhe a tla bong a sa tlhole a le teng, go akaretsa le go tshwenyega thata mo maikutlong.—Tshenolo 21:4.

O ka lepalepana jang le go tshwenyega thata mo maikutlong?

“Jehofa o gaufi le ba ba pelo e phatlogileng; mme o boloka ba ba moya o pitlaganeng.”—Pesalema 34:18.

LEBAKA LA GO BO O TSHWANETSE GO ITSE

Ga se ka metlha o ka kgonang go laola maemo a gago e bile o tla amiwa ke dilo tse di bosula ka dinako tse dingwe. (Moreri 9:11, 12) Le fa go ntse jalo, o ka dira dilo dingwe tse di ka go thusang gore maikutlo a a sa itumediseng a se ka a laola botshelo jwa gago.

SE BAEBELE E SE BUANG

Baebele ya re batho ba ba bobolang ba tlhoka ngaka. (Luke 5:31) Ka jalo, fa e le gore o tshwerwe ke bolwetse jo bo koafatsang jwa go fetofetoga maikutlo, go tla bo go se phoso go batla thuso ya bongaka. Gape Baebele e gatelela botlhokwa jwa thapelo. Ka sekai, Pesalema 55:22 ya re: “Latlhela mokgweleo wa gago mo go Jehofa, mme ene o tla go tshegetsa. Ga a kitla a letlelela mosiami go reketla le ka motlha.” Thapelo ga se selo fela se se ka dirang gore o ikutlwe botoka; ke puisano ya mmatota le Jehofa Modimo, yo o “gaufi le ba ba pelo e phatlogileng.”—Pesalema 34:18.

Gape o ka solegelwa molemo ke go bolelela tsala e o e ikanyang maikutlo a gago. (Diane 17:17) Daniela yo e leng mongwe wa Basupi ba ga Jehofa a re: “Mongwe wa badumedi ka nna o ne a nthotloetsa ka bonolo gore ke bue ka bolwetse jwa me jwa go tshwenyega thata mo maikutlong. Le fa go ne go fetile dingwaga di le dintsi ke tila go bua ka kgang eno, go ise go ye kae ke ne ka lemoga gore seno ke sone se ke neng ke ntse ke se tlhoka. Ke ne ka gakgamadiwa ke kafa ke neng ka ikutlwa ke imologile ka teng fa ke sena go tlotla ka gone.”