Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 A DI TLHAMILWE?

Dinyurone Tse di Tsibosang Tsie fa e Fofa

Dinyurone Tse di Tsibosang Tsie fa e Fofa

DITSIE di tsamaya ka segopa se se kana ka “ditsie di le dimilione di le 80 mo sekwere kilometareng se le sengwe.” Le fa go ntse jalo, ga di thulane. Di kgona jang go dira jalo?

Akanya: Ka fa morago ga leitlho lengwe le lengwe la tsie go na le nyurone e e e tsibosang. Fa go lebega e kete tsie e tla thula e nngwe, dinyurone tseno di romela molaetsa kwa diphukeng le kwa maotong mme seo se dira gore tsie e tsiboge ka bonako. Tota e bile, tsie e tsiboga ka bonako go feta go bonya ga leitlho ka makgetlo a le matlhano.

E re ka baitsesaense ba ne ba tlhotlhelediwa ke leitlho la tsie le dinyurone tsa lone, ba ne ba dira thulaganyo ya khomputara e e dirang gore roboto e kgone go lemoga dilo mme e se ka ya di thula, ba sa dirise radara. Babatlisisi ba dirisa thekenoloji eo le mo dikoloing ba dira gore di nne le thulaganyo e e bonako le e e nepileng e e tlhagisang batho, e e ba thusang go fokotsa go thulana. Porofesa Shigang Yue wa kwa Yunibesithi ya Lincoln kwa United Kingdom a re: “Go na le mo gontsi mo re ka go ithutang mo tshenekeging e nnye jaaka tsie.”

O akanya eng? A dinyurone tse di tsibosang tsie fa e fofa di nnile gone ka botsone fela? Kgotsa a di tlhamilwe?