Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bolwetse Jwa Sukiri—A o Ka Fokotsa Kotsi ya Gore bo go Tshware?

Bolwetse Jwa Sukiri—A o Ka Fokotsa Kotsi ya Gore bo go Tshware?

PALO ya batho ba ba tshwarwang ke bolwetse jwa sukiri e ntse e oketsega thata mo e leng gore e setse e le bothata jwa lefatshe lotlhe. Go na le mefuta e mebedi ya bolwetse jwa sukiri. Sukiri ya type 1 gantsi e simolola mo bongwaneng mme gone jaanong dingaka ga di itse gore di ka e thibela jang. Mo setlhogong seno go tla buiwa ka type 2 e diperesente di le 90 tsa batho ba ba tshwerweng ke bolwetse jwa sukiri ba tshwerweng ke yone.

Le fa mo nakong e fetileng bolwetse jwa sukiri jwa type 2 bo ne bo tshwara batho ba bagolo fela, bosheng jaana bo tshwara le bana. Le fa go ntse jalo, bomankge ba bolela gore kotsi ya go tshwarwa ke bolwetse jwa sukiri jwa type 2 e ka fokodiwa. Go nna le kitso e e rileng ka bolwetse jono jo bo bofitlha go ka go thusa thata. *

Bolwetse Jwa Sukiri ke Eng?

Bolwetse jwa sukiri ke bolwetse jo bo dirang gore motho a nne le sukiri e ntsi mo mading. Bolwetse jono bo senya thulaganyo ya mmele ya go fetisetsa sukiri e e mo mading mo diseleng gore motho a nne le maatla. Seno se senya dirwe tse di botlhokwa e bile se dira gore madi a se ka a elela sentle mme ka dinako dingwe go ka felela ka gore motho a kgaolwe monwana wa leoto kgotsa leoto ka bolone, e bile bo ka baka bofofu le bolwetse jwa diphilo. Batho ba le bantsi ba ba tshwerweng ke bolwetse jwa sukiri ba bolawa ke bolwetse jwa pelo kgotsa setorouko.

Go nna le mafura a mantsi mo mmeleng ke bothata jo bogolo mo bathong ba ba tshwerweng ke bolwetse jwa sukiri jwa type 2. Bomankge ba dumela gore mafura a a mo mpeng le mo lethekeng a bontsha gore motho o mo kotsing ya go tshwarwa ke bolwetse jwa sukiri. Mme go bonala mafura a a mo lobeteng le mo sebeteng e le one thata a kgoreletsang tsela e mmele o laolang sukiri e e mo mading ka yone. O ka dira eng go fokotsa kotsi ya gore o tshwarwe ke bolwetse jono?

 Dikgato Tse Tharo Tse di ka Fokotsang Kotsi ya Bolwetse Jwa Sukiri

1. Fa e le gore o mo setlhopheng sa batho ba ba mo kotsing ya go tshwarwa ke bolwetse jono, tlhatlhoba sukiri e e mo mading a gago. Gantsi pele ga motho a tshwarwa ke bolwetse jwa sukiri jwa type 2 o tshwarwa ke bolwetse jo bo bidiwang prediabetes—seemo seno se dira gore sukiri e e mo mading e nne kwa godimo go se kae. Malwetse ano a mabedi ga a tshwane: Le fa gone bolwetse jwa sukiri bo ka kgona go laolwa, ga bo ise bo kgone go alafiwa. Kafa letlhakoreng le lengwe, batho ba ba tshwerweng ke prediabetes ba kgona go dira gore sukiri e e mo mading a bone e boele mo selekanyong se se siameng. Prediabetes e ka tswa e se na matshwao ape a a lemotshegang. Ke ka moo gantsi bolwetse jono bo sa lemogiweng. Go ya ka dipego dingwe, batho ba le dimilione di le 316 lefatshe ka bophara ba na le prediabetes; mme bontsi jwa bone ga ba itse. Ka sekai kwa United States fela, diperesente di le 90 tsa batho ba ba nang le prediabetes ga ba itse gore ba na le yone.

Le fa go ntse jalo, ga go reye gore prediabetes ga e kotsi. Mo godimo ga gore e baka bolwetse jwa sukiri jwa type 2, bosheng jaana e ile ya amanngwa thata le kotsi ya bolwetse jwa go latlhegelwa ke tlhaloganyo. Fa e le gore o mokima, ga o itshidile mmele kgotsa go na le mongwe mo lelapeng la gaeno yo o nang le bolwetse jwa sukiri, o ka tswa o setse o na le prediabetes. O ka itse seno fa o ka tlhatlhoba madi a gago.

2. Tlhopha dijo tse di nang le dikotla. O ka solegelwa molemo ke go dira dilo tse di latelang fa go kgonega: Ja dijo tse dinnye go na le tse o tlwaetseng go di ja. Go na le gore o nwe dijusi tse di nang le sukiri le dinotsididi tse dingwe, nwa metsi, teye kgotsa kofi. Ja borotho jo bo nang le dikotla, raese le pasta ka tekatekano go na le gore o je dijo tse di se nang dikotla. Ja nama e e se nang mafura, tlhapi, manoko le dinawa.

3. Itshidile mmele ka metlha. Go itshidila mmele go ka fokotsa sukiri mo mading a gago e bile go ka go thusa gore o nne le boima jwa mmele jo bo siameng. Mankge mongwe a re mo boemong jwa go lebelela thelebishene dirisa nako nngwe go itshidila mmele.

O ka se ka wa fetola dijini tsa gago mme o ka fetola tsela e o tshelang ka yone. Go dira sotlhe se re ka se kgonang go tokafatsa botsogo jwa rona ga se matsapa a bophiri.

^ ser. 3 Tsogang! ga e buelele mofuta ope wa dijo kgotsa thulaganyo ya go itshidila mmele. Mongwe le mongwe o tshwanetse go sekaseka ka kelotlhoko se a batlang go se dira le go bua le ngaka pele ga a dira ditshwetso tse di amanang le botsogo jwa gagwe.