Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O Ka Tokafatsa Botsogo Jwa Gago

O Ka Tokafatsa Botsogo Jwa Gago

RUSTAM, yo o nnang kwa Russia, o nna a tshwaregile mo botshelong. Mo nakong e e fetileng o ne a na le mekgwa mengwe e e neng e ka tsenya botsogo jwa gagwe mo kotsing mme o ne a lemoga gore o ne a boga matswela a gone. O ne a tlogela go goga motsoko le go nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng. Le fa a ne a tlogetse mekgwa eno, go nna mo khomputareng letsatsi lotlhe go ne go dira gore a lape thata.

Le fa Rustam a ne a simolola tiro ka ura ya borobedi mo mosong, gantsi o ne a sa ntse a otsela go fitlha ka ura ya bolesome mme o ne a lwala kgapetsakgapetsa. Ka jalo, o ne a dira diphetogo mo thulaganyong ya gagwe. Matswela e nnile afe? O bolela jaana: “Mo dingwageng di le supa tse di fetileng, ga ke ise ke tseye malatsi a a fetang a le mabedi a motho a a tsayang fa a lwala mo ngwageng. Ke ikutlwa ke le matlhagatlhaga—ke tsogile e bile ke thantse—mme ke itumelela botshelo!”

Ram, mosadi wa gagwe le bana ba bone ba bannye ba babedi ba nna kwa Nepal. Ga go na thulaganyo ya go tlosa leswe le go thibela malwetse mo tikologong ya bone mme lefelo la bone le tletse ka menang le dintsi. Mo nakong e e fetileng Ram le lelapa la gagwe ba ne ba na le mathata a go hema le a go tshwaediwa gangwe le gape ke megare mo matlhong. Le bone ba ne ba dira diphetogo tse di ileng tsa tokafatsa botsogo jwa bone fela thata.

Tlhokomela Botsogo Jwa Gago!

E ka ne ba humile kgotsa ba humanegile, batho ba le bantsi ba palelwa ke go bona kafa mekgwa e ba tshelang ka yone e amanang ka teng le botsogo jwa bone. Ba ka nna ba akanya gore go nna le botsogo jo bo siameng ke selo fela se se itiragalelang kgotsa sengwe se motho a ka se kgoneng go se laola. Boikutlo jo bo ntseng jalo jo bo kotsi bo dira gore batho ba le bantsi ba se ka ba tlhokomela botsogo jwa bone le go tshela botshelo jo bo kgotsofatsang.

Boammaaruri ke gore, le fa maemo a gago a madi a ka tswa a ntse jang, go na le dikgato dingwe tsa botlhokwa tse o ka di tsayang go sireletsa le go tokafatsa thata botsogo jwa gago le jwa lelapa la gago. A go dira jalo go mosola? Ee, go mosola fela thata! O ka kgona go tokafatsa boleng jwa botshelo jwa gago le go tila go bo khutshwafatsa go sa tlhokege.

Ka mafoko le ka ditiro, batsadi ba ka ruta bana ba bone go nna le mekgwa e e siameng mme seo se tla dira gore ba nne le botsogo jo bo botoka. Nako le madi a ba a dirisang a tla ba solegela molemo ka gonne a tla fokotsa go tlalelwa, go senyegelwa ke nako e ntsi ka ntlha ya go lwala le go dirisa madi a mantsi go duelela ditshenyegelo tsa kalafi. Go botoka go thibela bolwetse go na le go bo alafa.

Mo ditlhogong tse di latelang re tla sekaseka ditsela tse tlhano tse di thusitseng Rustam, Ram le ba bangwe ba le bantsi. Le wena o ka thusiwa ke ditsela tseno!