Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Melodi ya Mmino Kwa Iseraeleng wa Bogologolo

Melodi ya Mmino Kwa Iseraeleng wa Bogologolo

Melodi ya Mmino Kwa Iseraeleng wa Bogologolo

MMINO e ne e le selo sa konokono mo setsong sa Iseraele wa bogologolo. Go ne go lediwa diterompeta le dinaka go bitsa batho gore ba tle go obamela mme gape o ne o lediwa go supa ditiragalo tse di botlhokwa. Diharepa di ne di lediwa go reba bogale jwa ba ntlo ya segosi. (1 Samuele 16:14-23) Go ne go opiwa meropa mme disemebala le diletswa tse dingwe di ne di itaaganngwa le go kgotlhokgotshiwa go keteka ditiragalo tsa boitumelo.—2 Samuele 6:5; 1 Ditiragalo 13:8.

Jubale, setlogolwana sa ga Kaine, o umakiwa mo Baebeleng e le “mosimolodi wa botlhe ba ba tsholang harepa le lotlhaka.” (Genesise 4:21) A ka tswa a ne a tlhamile diletswa tsa megala le tse di neng di lediwa ka go butswela moya mo go tsone.

Baebele e tlhalosa ditiragalo tse dintsi tse mo go tsone mmino e neng e le karolo ya botlhokwa. Le fa go ntse jalo, ga e bue thata ka diletswa ka botsone. Le fa go ntse jalo, ka ntlha ya dilo tse di ribolotsweng ke baithutamarope le ka ntlha ya mekwalo ya bogologolo, bakanoki ba ile ba leka go bona gore diletswa tsa mmino tsa bogologolo di ne di lebega jang le gore di ne di dira medumo e e ntseng jang. Ditshwetso dingwe ga di a tlhomama mme mma re sekaseke dikai tse di rekotilweng sentle.

Meropana, Disiseterame le Disemebala

Fa Modimo a sena go etelela Moshe le Baiseraele pele ka kgakgamatso gore ba kgabaganye Lewatle le Lehibidu, kgaitsadiagwe Moshe e bong Miriame, a na le “basadi botlhe,” ba ne ba tswa “ka meropana ba bina.” (Ekesodo 15:20) Le fa go sa bonwa meropana epe go tswa mo motlheng wa ditiragalo tsa Baebele e e tshwanang le e re e itseng gompieno, go ile ga fitlhelwa difikantswe tsa bogologolo tsa letsopa tsa basadi ba ba tshwereng meropana e e tshwarwang ka seatla kwa Iseraele mo mafelong a a jaaka Akesibe, Megido le Bethesheana. Go ka direga gore seletswa seno, se gantsi mo dithanolong tsa Baebele se bidiwang moropana, e ne e le fela sediko sa logong se se apesitsweng ka letlalo la phologolo.

Mo metlheng ya ditlhogo tsa lotso, meropana e ne e tshamekiwa ke basadi ka dinako tsa meletlo mme gantsi e ne e tshamekiwa go opelwa e bile go binwa. Baebele e tlhalosa gore fa moeteledipele wa Moiseraele e bong Jafetha a ne a boela gae morago ga phenyo e e botlhokwa ya ntwa, morwadie o ne a taboga go ya go mo kgatlhantsha “a letsa moropana e bile a bina.” Mo lekgetlong lengwe, basadi ba ne ba keteka diphenyo tsa ga Dafide “ba opela e bile ba bina” ba “letsa meropana.”—Baatlhodi 11:34; 1 Samuele 18:6, 7.

Fa Dafide, yo e neng e le kgosi, a ne a tlisa araka ya kgolagano kwa Jerusalema, batho ba ne ba “keteka fa pele ga ga Jehofa ka mefuta yotlhe ya diletswa tsa logong lwa mofira le ka diharepa le ka diletswa tsa megala le ka meropana le ka disiseterame le ka disemebala.” (2 Samuele 6:5) Moragonyana, tempele e e kwa Jerusalema e ne ya nna le okhestra ya yone, e e neng e akaretsa baopedi ba ba thapisitsweng ba ba neng ba letsa disemebala, diterompeta, diharepa mmogo le diletswa tse dingwe tsa megala.

Le fa gone re na le lesedinyana la gore meropana e ne e ntse jang, disiseterame tsone e ne e le eng? Go bonala e ne e le diletswa tsa mmino tse dinnye tse di nang le foreime ya tshipi e e motopo mme e na le mogala o e ka tshwarwang ka one. Fa o e kgotlhokgotsha, e ne e dira modumo o o kwa godimo. Baebele e umaka disiseterame gangwe fela. E ne e le ka nako ya fa araka ya kgolagano e ne e isiwa kwa Jerusalema. Le fa go ntse jalo, go ya ka ngwao ya Sejuda, siseterame e ne e lediwa gape ka nako ya ditiragalo tse di hutsafatsang.

Go tweng ka disemebala tsa bogologolo? O ka akanya ka tsone e le didiko tse dikgolo tsa tshipi tse di neng di itaaganngwa. Le fa go ntse jalo, disemebala dingwe tsa kwa Iseraele wa bogologolo di ne di le bophara jwa disentimetara tse di ka nnang lesome, di tshwana le diletswa tse di bidiwang di-castanet mme di ne di dira modumo o o tsirimang.

Diharepa le Diletswa Tsa Megala

Kinnor e gantsi e bidiwang “harepa” kgotsa “lyre” e ne e le seletswa se gantsi se neng se dirisiwa kwa Iseraeleng wa bogologolo. Dafide o ne a se letsa go ritibatsa Saulo. (1 Samuele 16:16, 23) Bakanoki ba na le bobotlana dikaelo di le 30 tsa diletswa tseno tse ba di tsereng mo ditshwantshong tsa mabota a bogologolo a lefika, madi a tshipi, matlapana a a kgabisang, matlapanakwalelo le dikanelo. Tsela e seletswa seno se neng se lebega ka yone e ne ya farologana go ralala makgolokgolo a dingwaga. Motho yo o neng a se letsa o ne a se tshwara ka matsogo a bo a goga megala ya sone ka menwana ya gagwe kgotsa ka lotlhakanyana.

Nebel e ne e tshwana le kinnor. Ga go tlhomamisege gore nebel e ne e na le megala e le kae, gore e ne e le bogolo jo bo kana kang le gore a megala ya teng e ne e gogiwa. Le fa go ntse jalo, bakanoki ba le bantsi ba akanya gore baopedi ba ne ba tsamaya ba tshotse nebel le kinnor.

Diterompeta le Dinaka

Modimo o ne a laela Moshe gore a dire diterompeta di le pedi. Di ne di tshwanetse go dirwa ka selefera e e papetlilweng ka noto. (Dipalo 10:2) Baperesiti ba ne ba di dirisa go itsise ditiragalo tse di amanang le tempele le meletlo e e farologaneng. Go ne go dirwa medumo e e farologaneng, o mogolo o o sa kgaotseng le o mokhutshwane, go ikaegile ka gore boikaelelo jwa one e ne e le eng. Go sa ntse go sa itsiwe gore diterompeta tseno di ne di ntse jang, ka gonne ga go ise go bonwe terompeta epe ya motlha wa ditiragalo tsa Baebele. Go na le ditshwantsho tsa bataki fela, tse di jaaka e e gabilweng mo Arch of Titus e e kwa Roma.

Lonaka, kgotsa shofar, e umakiwa mo Dikwalong Tsa Sehebera ka makgetlho a a fetang a le 70. Go ne go dirisiwa lonaka lwa podi kgotsa lwa phelefu go dira seletswa seno. Go ya ka dibuka dingwe tsa Sejuda, lonaka lo ne lo dirilwe ka ditsela tse pedi—e nngwe e ne e tlhamaletse e na le molomo wa gauta mme e nngwe e ne e kobilwe mme e kgabisitswe ka selefera. Gantsi lonaka lo ne lo dirisiwa jaaka sedirisiwa se se lemotshang ka gonne lo ne lo kgona go dira modumo o o fitlhang kgakala o o nang le melodi e mebedi kgotsa e meraro.

Kwa Iseraeleng wa bogologolo, lonaka lo ne lo dirisediwa go itsise ka ditiragalo tse di rileng tsa bodumedi, tse di jaaka tshimologo le bokhutlo jwa Sabata. Mme gape lo ne lo dirisiwa ka ditsela tse dingwe—ka sekai, ka dinako tsa ntwa. Re ka akanya fela ka modumo o o phamphololang, o o tshosang, o o neng o dirwa ke dinaka di le 300 ka bonako fela pele ga masole a ga Gidione a ne a tlhasela Bamidiana ka nako ya bosigogare ba sa lebelela.—Baatlhodi 7:15-22.

Mefuta Yotlhe ya Diletswa Tsa Mmino

Diletswa tse di jaaka ditleloko, difolutu, diletswa tsa mogala tse di bidiwang di-lute le tsone di ne di dirisiwa mo motlheng wa ditiragalo tsa Baebele. Moporofeti wa ga Jehofa e bong Daniele, yo o neng a isiwa botshwarwa kwa Babelona wa bogologolo, o ne a kwala ka okhestra ya Kgosi ya Babelona e bong Nebukadenesare. Okhestra eno e ne e na le sithere, lotlhaka le folutu ya mouba.—Daniele 3:5, 7.

Go tlhatlhoba ka bokhutshwane diletswa di le mmalwa tse di umakilweng mo Dikwalong, go tlhomamisa ntlha ya gore mmino e ne e le karolo ya botshelo jwa letsatsi le letsatsi kwa Iseraeleng wa bogologolo mme gongwe le mo ditšhabeng tse dingwe tsa bogologolo. Melodi ya mmino e ne e utlwala mo malapeng a segosi, mo mafelong a kobamelo, mo metseng le mo magaeng.

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Sisetererame e ne e kgotlhokgotshiwa jaaka seletswa se se bidiwang “rattle”

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Kgosi Dafide o ne a na le botswerere jwa go letsa harepa

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Moropana ga o bolo go dirisiwa fa e sa le ka nako ya ditlhogo tsa lotso

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Terompeta e ne e dirisiwa go itsise batho ka ditiragalo tse dintsi

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Sefikantswe sa lekgolo la borobedi la dingwaga B.C.E. sa mosadi a tshwere seletswa sa mmino se se itewang

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Ledi la tshipi la lekgolo la bobedi la dingwaga le le nang le setshwantsho sa seletswa sa mogala

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Letlapa leno le le tswang mo teng ga tempele ya kwa Jerusalema le gabilwe ka mafoko a a reng “lefelo la go letsa diterompeta,” go tloga ka lekgolo la ntlha la dingwaga B.C.E.

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 16]

Pottery figurine: Z. Radovan/BPL/Lebrecht; coin: © 2007 by David Hendin. All rights reserved; temple stone: Photograph © Israel Museum, Jerusalem; courtesy of Israel Antiquities Authority