Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Karolo e e Beelang Mae ya Moruthwane o o Epang Logong

Karolo e e Beelang Mae ya Moruthwane o o Epang Logong

A e Ne e Tlhamilwe?

Karolo e e Beelang Mae ya Moruthwane o o Epang Logong

● Moruthwane o o namagadi o o epang logong o beela mae a one mo teng ga setlhare sa phaene mme mokgwa o o o dirisang o tlhotlheleditse baitsesaense gore ba dire metšhini ya go tlhatlhoba ya karo e e babalesegileng e bile e na le matswela a magolo.

Ela tlhoko: Moruthwane o o epang logong o epa setlhare sa phaene ka go dirisa karolo e e beelang mae—tšhupu e e keteng lomao lo lo nang le diphatlha kgotsa “dibelofo” di le pedi tse di kopanang, nngwe le nngwe ya tsone e na le meno a a lebileng kwa morago. Meno a belofo e nngwe a tshwara logong go dira gore moruthwane o itsetsepele, fa belofo e nngwe yone e ya kwa pele go se kae. Mme meno a belofo eo a itsetsepela mo logonnyeng fa belofo ya ntlha yone e sutela kwa pele go se kae. Ka ntlha ya go fetofetoga gono go go diregang ka bofefo—nako e ka yone dibelofo di refosanang go itsetsepela le go sutela kwa pele—karolo e e beelang mae e kgona go phunya karolo e e boleta ya setlhare go fitlha mo e ka nnang ka dimilimetara di le 20 e sa dirise maatla a mantsi, e sa obege e bile e sa robege fa e ntse e dira jalo.

Ka go bo ba tlhotlheleditswe ke karolo eno e e beelang mae ya moruthwane o o namagadi o o epang logong, baitsesaense ba dirile mofuta o mosha wa motšhini o o dirisiwang mo karong ya boboko le ya thulaganyo ya ditshikana o o tla berekang ka tsela e e tshwanang. Lomao lwa one lwa silicon lo na le dibelofo tse pedi tse di refosanang, nngwe le nngwe e na le meno a mannye thata a a ka kgonang go tsena mo mafelong a a kwa tengteng ga boboko mme a sa bo gobatse thata. Le fa go ntse jalo, sedirisiwa seno se tla tsenngwa karolo e nngwe gape. Makasine wa New Scientist o tlhalosa jaana: “Go farologana le metšhini ya karo e e leng teng e e sa kgoneng go obega, karolo eo e tla obega gore e kgone go tsamaya ka tsela e e babalesegileng go di feta, ka sekai, e kgone go feta dikarolo tse di ka gobalang thata mo bobokong ka nako ya karo.” Motšhini o o ntseng jalo o tla fokotsa ka tsela e kgolo go segiwa thata gore go fitlhelelwe mafelo a go leng thata go a fitlhelela.

O akanya eng? A karolo e e beelang mae ya moruthwane o o namagadi o o epang logong e nnile teng ka boyone fela? Kgotsa a e ne e tlhamilwe?

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Fa belofo e nngwe e ya kwa tlase go epa logong, belofo e nngwe yone e ya kwa godimo mme meno a yone a dira gore moruthwane o itsetsepele

Logong

Dikarolo tse di refosanang

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 25]

Wasp: David R. Lance, USDA APHIS PPQ, Bugwood.org; diagram: J. F. V. Vincent and M. J. King, (1996). The mechanism of drilling by wood wasp ovipositors. Biomimetics, 3: 187-201