Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Motlotlo wa Lelapa

Motlotlo wa Lelapa

Motlotlo wa Lelapa

Ke Eng se se Farologaneng?

A o ka kgona go bona dilo tse tharo tse di sa tshwaneng fa gare ga setshwantsho A le setshwantsho B? Kwala dikarabo tsa gago mo meleng e e fa tlase fano mme o bo o feleletsa ditshwantsho tseno ka go di tsenya mebala.

NTLHA E E KA THUSANG: Bala Ekesodo 28:9-12, 33, 36, 37.

1. ․․․․․

2. ․․․․․

3. ․․․․․

4. Ke setshwantsho sefe se se siameng, a ke se se ka fa mojeng kgotsa se se ka fa molemeng?

․․․․․

TSE GO KA TLOTLIWANG KA TSONE:

Lefoko “boitshepo” le kaya eng? Ke eng fa go le botlhokwa gore baobamedi ba ga Jehofa ba nne boitshepo? O ka bontsha jang gore o leka go nna boitshepo?

NTLHA E E KA THUSANG: Bala 2 Bakorintha 7:1.

DILO TSE DI KA DIRWANG KE LELAPA:

Dira gore leloko lengwe le lengwe la lelapa le dire dipatlisiso ka seabe se moperesiti yo mogolo a neng a na le sone kwa Iseraele. Morago ga moo, kopanang mme lo tlhalose gore lo ithutile eng. Ka sekai, mangwe a maikarabelo a moperesiti yo mogolo e ne e le afe? NTLHA E E KA THUSANG: Bala Lefitiko 9:7; Duteronome 17:9-11.

Jesu Keresete o itshupile jang gore ke Moperesiti yo Mogolo yo o molemo go gaisa?

NTLHA E E KA THUSANG: Bala Bahebera 4:14-16; 7:26-28; 9:11-14.

Di Boloke Mme o Ithute ka Tsone

Segolola o bo o mena bontlhanngwe jwa yone mme o bo o e boloka

KARATA YA BAEBELE 3 RUTHE

DIPOTSO

A. Feleletsa mafoko ano a ga Ruthe a a neng a a bolelela Naomi: “Batho ba gaeno e tla nna . . .”

B. Ruthe ke sekao se se molemo jang mo bathong ba ba tlhokomelang batho ba ba lwalang le ba ba godileng?

C. Tlatsa diphatla tseno. Ruthe o ne a nyalwa ke ․․․․․ mme a nna mmèmogologolwane wa ga ․․․․․ le ․․․․․.

[Tšhate]

4026 B.C.E. Adame o a bopiwa

O ne a tshela ka dingwaga tsa mo e ka nnang ka 1200 B.C.E.

1 C.E.

98 C.E. Go kwalwa ga buka ya bofelo ya Baebele

[Mmapa]

Ba ne ba fuduga go tswa kwa Moabe ba ya Bethelehema

MOABE

Bethelehema

RUTHE

DINTLHA KA GA GAGWE

Motlholagadi yo o ikanyegang wa Moabe yo o neng a thusa matsalaagwe yo o godileng e bong Naomi. Lorato lwa ga Ruthe lo lo sa fetogeng mo go Naomi le go ikemisetsa ga gagwe go obamela Jehofa go ile ga mo nonotsha gore a tlogele nagagae ya gagabo mme a fudugele kwa Bethelehema. Batho ba bangwe ba ne ba raya Naomi ba re: “Ngwetsi ya gago . . . e botoka mo go wena go na le bana ba basimane ba le supa.”—Ruthe 4:14, 15.

DIKARABO

A. “. . . batho ba gaetsho, le Modimo wa gago e tla nna Modimo wa me.”—Ruthe 1:16.

B. Ruthe o ne a bontsha moya wa go intsha setlhabelo le wa go dira ka natla.—Ruthe 2:7, 10-12, 17; 3:11.

C. Boase, Kgosi Dafide, Jesu Keresete. —Mathaio 1:5, 6, 16.

Batho le Dinaga

5. Leina la me ke Shaé. Ke nna kwa Boritane, e e gaufi le kontinente ya Yuropa. Ke Basupi ba ga Jehofa ba le kae ba ba nnang kwa Boritane? A ke ba le 13 300, 133 000 kgotsa ba le 333 000?

6. Ke khutlo efe e e bontshang gore ke nna kae? E thalele mme o bo o torowa khutlo e e bontshang gore wena o nna kae mme o bone gore o gaufi go le kana kang le Boritane.

A

B

C

D

Bana Batlang Ditshwantsho Tseno

A o ka kgona go bona ditshwantsho tseno mo makasineng ono? Tlhalosa ka mafoko a gago gore go direga eng mo setshwantshong sengwe le sengwe.

● Dikarabo tsa tsebe 30 le 31 di mo tsebe 7.

DIKARABO TSA DIPOTSO TSE DI MO TSEBE 30 LE 31

1. Mafoko a a mo sethathelatlhogong.

2. Maje a onikise mo magetleng.

3. Ditsidima mo makantseng.

4. E e ka fa molemeng.

5. 133 000.

6. B.