Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Batho Le Dinaga | Mongolia

Go Etela Mongolia

Go Etela Mongolia

GENGHIS KHAN, motlhabani wa segatlhamelamasisi yo o tshetseng mo lekgolong la bo12 la dingwaga o ne a thaya motheo wa Mmusomogolo wa Mongol. Naga e nnye ya mmusomogolo oo e leng Mongolia, e fa gare ga Russia le China e bile ke nngwe ya dinaga tse di nang le palo e nnye ya batho mo lefatsheng.

Mongolia e na le dinoka le melatswana, dithaba tse di kwa godimo, dipoa le dithota tse di apesitsweng ke bojang. Kwa borwa jwa yone go na le Sekaka sa Gobi se se itsegeng ka marapo a a bolokilweng sentle a di-dinosaur. Baagi ba kwa Mongolia ba re naga eno ke “Naga ya Loapi lo lo Pududu.” Go a tshwanela go bo lefelo leno le bidiwa jalo ka gonne kwa Mongolia go nna go le letsatsi malatsi a le 250 mo ngwageng!

Lengau le le nnang mo kapokong

Kwa Mongolia dithemperetšhara di nna kwa godimo thata kgotsa kwa tlase thata. Ka selemo dithemperetšhara di kgona go fitlha go didikirii di le 40 mme ka mariga di kgona go fitlha go didikirii di le -40. Mo e ka nnang diperesente di le 30 tsa Ba-Mongolia ke bakgarakgatshegi. Banna le basadi ba simolola letsatsi makuku ka go gama dipodi, dikgomo, dikamela le dipitse. Ba-Mongolia ba ja dijo tse di dirilweng ka mashi le nama e bile ba rata nama ya nku thata.

Dikuku tse di dirilweng ka mashi a a remileng kgotsa di-aaruul di omisiwa ka letsatsi

Bamongolia ke batho ba ba ratang go amogela baeng. Ga ba lotlele matlo a bone a mantle a a sediko a a jaaka ditente a a bidiwang di-ger gore bafetikatsela ba kgone go ikhutsa le go ja dijo tse ba ba beetseng tsone. Gantsi baeng ba direlwa tee e e tshetsweng mashi e lokilwe ka letswai le lennye.

Bontsi jwa Ba-Mongolia ke Babuda. Bangwe ba mo bodumeding jwa bo-shaman, bangwe ba mo dikerekeng tse di ipitsang tsa Bokeresete, bangwe ke Baiselamo mme bontsi ga bo tsene dikereke. Gompieno kwa Mongolia go na le Basupi ba ga Jehofa ba feta 350 ba ba rutang batho ba feta 770 Baebele.

Kamela ya Bactria e e nang le dirota tse pedi e rwala merwalo tota le fa go le tsididi thata