Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SA KA FA NTLE | A O LAOLA BOTSHELO JWA GAGO?

A o Ka Laola Botshelo Jwa Gago?

A o Ka Laola Botshelo Jwa Gago?

ROTLHE re lebana le maemo a a thata. Re ka a fenya fa re a tlhaloganya le go amogela gore a dira gore re se ka ra kgona go dira dilo dingwe. Go molemo tota fa e le gore o kgona go laola botshelo jwa gago le fa o lebana le maemo a a sa itumediseng. O tla ikutlwa botoka fa maemo a gago a tokafala. Mme go sa ntse go tla direga dilo tse di molemo tota.

Baebele e solofetsa gore go tla nna le nako e ka yone batho ba tla kgonang go laola matshelo a bone. Ba tla kgona go dira dilo ba sa thibelwe ke maemo mangwe a a hutsafatsang, dikgatelelo tsa letsatsi le letsatsi le maikutlo a a sa siamang. (Isaia 65:21, 22) Baebele ya re joo ke “botshelo jwa mmatota.”—1 Timotheo 6:19.

“Ruri ba tla aga matlo ba nne mo go one; ruri ba tla jala masimo a mofine ba je maungo a one. Ga ba kitla ba aga mme go nne o sele; ga ba kitla ba jala mme go je o sele. Gonne fela jaaka malatsi a setlhare a ntse, malatsi a batho ba me a tla nna fela jalo; mme batho ba me ba ba tlhophilweng ba tla dirisa tiro ya diatla tsa bone ka botlalo.”—Isaia 65:21, 22.