Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

DITIRAGALO TSA LEFATSHE

Dintlha ka Malapa

Dintlha ka Malapa

Malapa a lebana le dikgwetlho di le dintsi mme botlhale jo bo mo Baebeleng jo bo sa felelweng ke nako bo ka thusa malapa go di fenya.

Afrika

Mokgatlho wa Lefatshe Lotlhe wa Boitekanelo wa re bommè ba tshwanetse go simolola go anyisa masea a bone moragonyana fela fa ba sena go tsholwa mme ba tswelele ba ba anyisa ka dikgwedi di le thataro. Le fa go ntse jalo, Mogakolodi wa Kgaolo ya Borwa le Botlhaba Jwa Afrika wa mokgatlho wa UNICEF o ne a re dipapatso tse di seng boammaaruri di tlhalosa gore “mashi a poere a masea a siame fela jaaka a letsele.”

SE BAEBELE E SE BUANG: “Ope fela yo o se nang maitemogelo o dumela lefoko lengwe le lengwe, mme yo o botlhale o akanyetsa dikgato tsa gagwe.”—Diane 14:15.

Canada

Babatlisisi kwa Montreal ba lemogile gore bana ba batsadi ba bone ba ba beelang melao e e thata e bile ba sa ba bontshe lorato, ke bone ba gantsi ba nonang thata, go na le bana ba batsadi ba bone ba ba otlhayang le go ba rata ka tekatekano.

A O NE O ITSE? Tsela e e molemo e batsadi ba ka godisang bana ka yone e ne ya lemogiwa mo Baebeleng dingwaga di le makgolo tse di fetileng.—Bakolosa 3:21.

Netherlands

Mo patlisisong e e dirilweng mo malapeng a Ba-Dutch, go lemogilwe gore batsadi ba ba sa direng gore tiro e kgoreletse maikarabelo a bone a lelapa, ba kgona go dirisana sentle le bana ba bone go na le batsadi ba ba letlang tiro e kgoreletsa maikarabelo a bone a lelapa. Ka sekai, go kopanya dilo tsa tiro le tsa lelapa ka go letsa megala e e amanang le tiro o le kwa gae morago ga tiro, go ka dira gore batsadi ba se ka ba fetsa nako le bana ba bone.

SE O KA AKANYANG KA SONE: “Sengwe le sengwe se na le nako e se e tlhometsweng.”—Moreri 3:1.