Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Fa Mongwe Yo o Mo Ratang a Lwala

Fa Mongwe Yo o Mo Ratang a Lwala

“Fa Papa a ne a tloga a ntshiwa kwa bookelong, re ne ra kopa ngaka gore e dire diteko tsa madi a ga Papa gape. Ka bonolo o ne a dira jalo le fa a ne a re tlhomamiseditse gore Papa o siame. Se se gakgamatsang ke gore diteko tse pedi tse di dirilweng di ne di tlhatlogile. O ne a kopa maitshwarelo a bo a bitsa ngaka nngwe e e nang le maitemogelo. Gone jaanong Papa o siame, mme re itumelela go bo re boditse dipotso.”—Maribel.

Pele lo ya go bona ngaka, kwala matshwao a a nang le one le melemo e a e dirisang

Go ya go bona ngaka le go ladiwa kwa bookelong go ka ngomola pelo. Se se diragaletseng Maribel se bontsha gore go thusa tsala kgotsa wa losika go ka solegela molemo, gongwe le go boloka botshelo jwa gagwe. O ka thusa jang mongwe yo o mo ratang?

Pele lo ya go bona ngaka. Thusa molwetse go kwala matshwao a a nang le one le melemo e a e dirisang. Gape kwala dipotso tse lo ka di botsang ngaka. Thusa tsala ya gago go gakologelwa dintlha ka bolwetse jwa gagwe kgotsa gore ke malwetse afe a ba lelapa ba kileng ba nna le one. O se ka wa akanya gore ngaka e itse dilo tseno kgotsa e tla botsa ka tsone.

Reetsa ka tlhoafalo, botsa dipotso o bo o kwale dintlha

Fa lo le kwa ngakeng. Tlhomamisa gore wena le molwetse lo tlhaloganya se ngaka e se buang. Botsa dipotso mme o se ka wa ntsha ditaelo. Letla molwetse a botse dipotso le gore a ipuelele. Reetsa ka tlhoafalo o bo kwale dintlha. Botsa ka mefuta ya kalafi e a ka e dirisang. Mo maemong mangwe go botlhale gore molwetse a kope kakantsho ya ngaka e nngwe.

Sekaseka ditaelo tsa ngaka gape le gore melemo e tshwanetse go nowa jang

Fa lo tswa ngakeng. Leba le molwetse letlha le a tshwanetseng go boela ngakeng ka lone. Tlhomamisa gore o bona melemo e e siameng. Mo kgothaletse go nwa melemo jaaka a laetswe le gore a itsise ngaka ka bonako fa melemo eo e sa mo tshware sentle. Kgothaletsa molwetse go leba dilo sentle le gore a latele ditaelo tsa ngaka tse di jaaka gore a tle go bona ngaka gape. Mo thuse gore a ithute mo go oketsegileng ka bolwetse jwa gagwe.

Kwa Bookelong

Tlhomamisa gore diforomo tsotlhe di tladitswe sentle

Ritibala o bo o ntshe matlho dinameng. Molwetse yo o yang kwa bookelong a ka nna a ikutlwa a tshwenyegile thata e bile a kgobegile marapo. Fa o ritibetse e bile o le kelotlhoko, o ka thusa ba bangwe gore le bone ba ritibale le gore ba se ka ba dira diphoso. Tlhomamisa gore diforomo tsa go robadiwa mo bookelong di tladitswe sentle. Tlotla tshwanelo ya molwetse ya go itirela ditshwetso ka tsa kalafi. Fa a gateletswe thata, tlotla sepe fela se a se kwadileng le tshwetso e a e dirileng ya gore a buelelwe ke mongwe wa losika kgotsa moemedi wa gagwe wa tsa kalafi. *

Bolelela dingaka se o se lemogileng ka molwetse

Tsaya kgato. O se ka wa tshaba go bua. Tsela e e tlotlegang e o lebegang ka yone le maitseo a gago di ka dira gore dingaka di kgatlhegele go thusa molwetse le go mo tlhokomela ka tsela e e botoka. Mo maokelong a le mantsi, balwetse ba bonwa ke dingaka tse di farologaneng. O ka di thusa ka go di bolelela se dingaka tse dingwe di se buileng. E re ka o itse motho yo o lwalang botoka, umaka diphetogo dipe fela tse o di lemogang mo go ene.

Leka go se kgoreletse baoki fa ba dira tiro ya bone

Bontsha tlotlo le go leboga. Gantsi badiri ba kwa maokelong ba dira mo maemong a a ngomolang pelo. Ba tshware ka tsela e o neng o ka batla go tshwarwa ka yone. (Mathaio 7:12) Ba bontshe gore o tlotla maitemogelo le thapiso e ba nang le yone, o tshepa bokgoni jwa bone le gore o lebogela matsapa a bone. Seo se tla ba kgothatsa gore ba ntshe ga tshwene.

Ga go ope yo o ka tilang go lwala. Mme o ka thusa tsala ya gago kgotsa wa losika ka go akanyetsa dilo go sa le gale le go mo naya thuso e e maleba ka dinako tsa mathata.—Diane 17:17.

^ ser. 8 Ditlwaelo le melao e e amanang le ditshwanelo tsa balwetse e farologana go ya ka mafelo. Tlhomamisa gore ditlankana tsa kalafi tse molwetse a di kwadileng di tladitswe sentle e bile di na le tshedimosetso e e mo nakong.