Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lorato Lo lo Ka Dirang Gore re Itumele

Lorato Lo lo Ka Dirang Gore re Itumele

“Go itumela setšhaba se Modimo wa sone e leng Jehofa!” —PES. 144:15.

PINA: 75, 73

1. Ke eng fa re ka re re tshela mo dinakong tse di kgatlhang?

RE TSHELA mo dinakong tse di kgatlhang tota. Baebele e tlhalosa gore Jehofa o kopanya ‘boidiidi jo bogolo jo bo tswang mo merafeng yotlhe le ditso le ditšhaba le diteme.’ Batho bano ke “setšhaba se se thata” sa baagi ba ba itumetseng ba le dimilione di feta robedi ba ba ‘direlang Modimo tirelo e e boitshepo motshegare le bosigo.’ (Tshen. 7:9, 15; Isa. 60:22) Eleruri ga go ise go ke go nne le batho ba bantsi jaana ba ba ratang Modimo le batho ba bangwe.

2. Batho ba ba sa rateng Modimo ba na le lorato lo lo ntseng jang? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

2 Baebele e ile ya bolelela pele gore mo motlheng ono, batho e tla nna baithati mme seo se dira gore ba katogele kgakala le Modimo. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Mo metlheng ya bofelo . . .  batho ba tla nna baithati, barati ba madi, . . . barati ba menate go na le go nna barati ba Modimo.” (2 Tim. 3:1-4) Lorato lono lo farologane gotlhelele le lorato lo Bakeresete ba tshwanetseng go nna le lone. Go nna pelotshetlha ga go dire gore batho ba itumele. Lorato lono lo dira gore batho ba le bantsi mo lefatsheng ba ikakanyetse fela ba le bosi mme seo se dira gore botshelo bo nne thata.

3. Re tla sekaseka eng mo setlhogong seno, mme ka ntlha yang?

3 Paulo o ne a itse gore go ka nna motlhofo gore Bakeresete ba nne le lorato lwa bopelotshetlha. Ka jalo, o ne a ba rotloetsa gore ba “fularele” batho ba ba bontshang lorato lono. (2 Tim. 3:5) Mme gone, re ka se kgone go tila go kopana le batho bao gotlhelele. Ka jalo, ke eng se re ka se dirang gore re itshireletse mo mekgweng e e sa siamang ya batho ba re tshelang le bone mme re leke go itumedisa Modimo yo o lorato e bong Jehofa? Mma re bapise lorato lo Modimo a batlang gore re lo bontshe le lorato lo lo tlhalosiwang mo go 2 Timotheo 3:2-4. Go dira seno go tla re thusa gore re tokafatse tsela e re bontshang lorato lo lo siameng ka yone e leng lorato lo lo tla dirang gore re itumele le gore re kgotsofale.

GO RATA MODIMO KGOTSA GO ITHATA?

4. Ke eng fa go se phoso go ithata ka tsela e e siameng?

4 Paulo o ne a kwala jaana: “Batho ba tla nna baithati.” A go phoso go ithata? Nnyaa, go siame e bile go botlhokwa gore re ithate ka tsela e e siameng. Jehofa o re bopile jalo. Jesu o ne a re: “O rate moagelani wa gago jaaka o ithata.” (Mar. 12:31) Re ka se kgone go rata baagelani ba rona fa re sa ithate. Gape Baebele ya re: “Banna ba tshwanetse go rata basadi ba bone jaaka mebele ya bone. Yo o ratang mosadi wa gagwe o a ithata, gonne ga go motho ope yo o kileng a tlhoa nama ya gagwe; mme o a e fepa a ba a e ngomaela.” (Baef. 5:28, 29) Ka jalo, go ithata ka tsela e e siameng ga go phoso.

5. Batho ba ba ithatang ka tsela e e feteletseng ba ntse jang?

5 Lorato lo lo tlhalosiwang mo go 2 Timotheo 3:2 ga se lorato lo lo siameng. Ke lorato lo lo feteletseng, lo lo dirang gore motho a ikakanyetse fela a le nosi. Batho ba ba ithatang ka tsela e e feteletseng ba itseela kwa godimo thata. (Bala Baroma 12:3.) Ba tshwenyega ka dilo tse di amang bone fela. Ga ba na sepe le batho ba bangwe. Fa go nna maswe, ba supa ba bangwe ka menwana go na le go amogela gore ba phoso. Batho ba ba ntseng jalo ba ba pelotshetlha ga ba a itumela.

6. Lorato lo Modimo a batlang gore re nne le lone lo ka re solegela molemo jang?

6 Baithuti bangwe ba Baebele ba tlhalosa gore lorato lwa bopelotshetlha lo umakwa pele mo mekgweng e e sa siamang e Paulo a buang ka yone ka gonne mekgwa e mengwe yotlhe e nna gone ka ntlha ya lone. Go farologana le seo, lorato lo Modimo a batlang gore re nne le lone lo dira gore re nne le dinonofo tse di molemo. Lo dira gore re nne le “boipelo, kagiso, bopelotelele, bopelonomi, molemo, tumelo, bonolo le boikgapo.” (Bagal. 5:22, 23) Mopesalema o ne a re: “Go itumela setšhaba se Modimo wa sone e leng Jehofa!” (Pes. 144:15) Jehofa ke Modimo yo o itumetseng mme batho ba gagwe le bone ba itumetse. Mo godimo ga moo, batho ba e leng baithati ba batla fela go nna ba newa dilo mme batho ba ga Jehofa bone ba itumelela go thusa ba bangwe.—Dit. 20:35.

Re ka tila jang go nna baithati? (Bona serapa 7)

7. Ke dipotso dife tse di ka re thusang go lemoga gore re rata Modimo go le kana kang?

7 Re ka lemoga jang gore re ithata go feta tsela e re ratang Modimo ka yone? Akanya ka kgakololo eno e e mo go Bafilipi 2:3, 4: “Lo sa dire sepe ka ntlha ya manganga kgotsa ka ntlha ya go itseela kwa godimo thata, mme ka mogopolo o o ikokobeditseng lo tsaya ba bangwe ba le kwa godimo ga lona, lo tlhokomela, e seng go kgatlhegela dilo tse di amang lona fela, mme gape go kgatlhegela le dilo tse di amang ba bangwe.” Ipotse jaana: ‘A ke dirisa kgakololo eno mo botshelong jwa me? A ke dira thato ya Modimo ka tlhagafalo? A ke leka ka natla go thusa ba bangwe mo phuthegong le mo bodireding jwa tshimo?’ Gone ga go motlhofo go thusa ba bangwe. O tlhoka go tsaya matsapa le go intsha setlhabelo. Mme gone, a go na le sengwe se se ka dirang gore re itumele go feta go itse gore re amogelwa ke Molaodimogolo wa lobopo?

8. Go rata Modimo go ile ga tlhotlheletsa bangwe gore ba dire eng?

8 Go rata Modimo go ile ga dira gore bangwe ba tlogele ditiro tsa bone tsa maemo a a kwa godimo gore ba kgone go mo direla mo go oketsegileng. Ka sekai, akanya ka Ericka yo o nnang kwa United States yo e leng ngaka. Go na le gore a batle tiro ya maemo a a kwa godimo mo go tsa bongaka, o ne a nna mmulatsela wa ka metlha mme ene le monna wa gagwe ba ile ba direla kwa dinageng di le mmalwa. A re: “Maitemogelo a mantsi a re nnileng le one fa re direla kwa dinageng tse dingwe le ditsala tse re nnileng le tsone di dirile gore re itumele fela thata. Ke sa ntse ke le ngaka, mme gone, go tlhoma mogopolo mo go thuseng batho gore ba nne le kamano e e molemo le Modimo le go thusa phuthego ka dilo tse e di tlhokang go dira gore ke itumele e bile ke kgotsofale.”

MATLOTLO KWA LEGODIMONG KGOTSA MO LEFATSHENG?

9. Ke eng fa go rata madi go ka se ka ga dira gore o itumele?

9 Paulo o ne a re batho ba tla nna “barati ba madi.” Dingwaga di le mmalwa tse di fetileng, mokaulengwe mongwe yo e leng mmulatsela kwa Ireland o ile a bua le monna mongwe ka Modimo. Monna yoo o ne a ntsha madi mo sepatšheng a bo a bua jaana a ikgantsha: “Modimo wa me ke yo!” Le fa gone batho ba le bantsi ba ka se ka ba bua jalo ka tlhamalalo, batho ba le bantsi gompieno ba rata madi le dithoto. Mme gone, Baebele ya re: “Morati wa selefera ga a kitla a kgotsofadiwa ke selefera, le fa e le morati ope wa khumo ga a kitla a kgotsofadiwa ke madi a lotseno.” (Mor. 5:10) Batho bano ba nna fela ba batla madi a a oketsegileng mme ba ipakela “ditlhabi tse dintsi.”—1 Tim. 6:9, 10.

10. Agure o ne a reng ka dikhumo le lehuma?

10 Gone rotlhe re tlhoka madi. Tota e bile, Baebele ya re madi ke tshireletso. (Mor. 7:12) Mme gone, a motho a ka itumela fa a na le madi a a lekaneng dilo tsa botlhokwa fela? Ee, go jalo! (Bala Moreri 5:12.) Agure morwa Jake o ne a kwala jaana: “O se ka wa nnaya lehuma le fa e le dikhumo. Mma ke je dijo tse ke di laoletsweng.” Go a utlwala go bo a ne a sa batle go sotlega. O ne a tlhalosa gore ga a batle go raelesega go utswa ka gonne bogodu bo tlontlolola Modimo. Mme gone, ke eng fa a ne a sa batle go huma? O ne a kwala jaana: “Gore ke se ka ka kgora mme ka go latola ka re: ‘Jehofa ke mang?’” (Dia. 30:8, 9) Ga go pelaelo gore o ka tswa o itse batho ba ba ikanyang dikhumo tsa bone go feta Modimo.

11. Jesu o ne a reng ka madi?

11 Batho ba ba ratang madi ba ka se kgone go itumedisa Modimo. Jesu o ne a re: “Ga go ope yo o ka nnang motlhanka wa beng ba babedi; gonne o tla tlhoa yo mongwe mme a rate yo mongwe, kgotsa o tla ngaparela yo mongwe mme a nyatse yo mongwe. Ga lo ka ke lwa nna batlhanka ba Modimo le ba Dikhumo.” Pelenyana ga moo o ne a re: “Tlogelang go ipolokela matlotlo mo lefatsheng, mo motoutwane le ruse di jang gone, le mo magodu a thubang gone a ba a utswa. Go na le moo, ipolokeleng matlotlo kwa legodimong, kwa motoutwane le fa e le ruse di sa jeng gone, le kwa magodu a sa thubeng gone a ba a utswa.”—Math. 6:19, 20, 24.

12. Ke eng fa go tshela botshelo jo bo motlhofo go ka dira gore re kgone go direla Modimo sentle? Naya sekai.

12 Batho ba le bantsi ba lemogile gore go tshela botshelo jo bo motlhofo go dira gore ba itumele e bile go ba naya nako e e oketsegileng ya go direla Jehofa. Jack, yo o nnang kwa United States, o ne a rekisa ntlo ya gagwe e ntle le kgwebo ka gonne a itse gore go dira jalo go tla mo letla gore a nne mmulatsela. A re: “Go ne go le thata go rekisa ntlo le polasi ya rona. Mme gone, go ne ga feta dingwagangwaga ke ya gae ke ngomogile pelo ka ntlha ya mathata a kwa tirong. Mosadi wa me ke mmulatsela wa ka metlha mme o ne a nna fela a itumetse. O ne a tlhola a re: ‘Ke berekela motho yo o molemo tota!’ E re ka le nna ke le mmulatsela gone jaanong, roobabedi re direla Jehofa.”

Re ka tila jang go nna barati ba madi? (Bona serapa 13)

13. Re ka lemoga jang gore re rata madi go le kana kang?

13 Fa o batla go bona gore o rata madi go le kana kang, go tla bo go le molemo gore o itlhatlhobe ka dipotso tseno: ‘A ke dumela se Baebele e se buang ka madi e bile ke tshela go dumalana le sone? A go dira madi ke selo sa botlhokwa thata mo go nna? A ke rata dithoto thata go feta Jehofa le batho ba bangwe? A ruri ke dumela gore Jehofa o tla ntlhokomela?’ Re ka tlhomamisega gore ga a kitla a swabisa batho ba ba mo ikanyang.—Math. 6:33.

GO RATA JEHOFA KGOTSA MENATE?

14. Re tshwanetse go leba boitlosobodutu ka tsela efe?

14 Batho ba mo metlheng eno ya bofelo ke “barati ba menate.” Fela jaaka go se phoso go ithata ka tsela e e siameng le go nna le madi, ga go na sepe se se phoso ka go itlosa bodutu ka tsela e e siameng. Jehofa ga a batle gore re itshedise botlhoko kgotsa re tile go dira dilo dingwe tse di ka re itumedisang. Baebele e re kgothaletsa jaana: “Tsamaya, o je dijo tsa gago ka boipelo mme o nwe beine ya gago ka pelo e e itumetseng.”—Mor. 9:7.

15. Go nna “barati ba menate” go kaya eng?

15 Temana ya 2 Timotheo 3:4 e bua ka batho ba ba ratang menate mme ba se na sepe le Modimo. Ela tlhoko gore temana eno ga e re batho ba tla rata menate go feta Modimo, mo go rayang gore ba ka tswa ba rata Modimo ka tsela nngwe e e rileng. Go na le moo, ya re ba tla rata menate ‘go na le Modimo.’ Mokwadi mongwe o ne a re: “[Temana] eno ga e reye gore batho bano ba rata Modimo ka tsela nngwe e e rileng. Go na le moo, e raya gore ga ba rate Modimo gotlhelele.” Ruri eno ke tlhagiso go batho ba ba ratang menate ka tsela e e feteletseng! Mafoko a a reng, “barati ba menate” a tlhalosa sentle batho ba ba ‘gapilweng ke menate ya botshelo jono.’—Luke 8:14.

16, 17. Jesu o ne a tlhoma sekao se se molemo jang?

16 Jesu o ne a le tekatekano fa go tla mo menateng. O ne a nna gone kwa ‘moketeng wa lenyalo’ le kwa ‘moketeng o mogolo.’ (Joh. 2:1-10; Luke 5:29) Fa a le kwa lenyalong leo, o ne a dira kgakgamatso ya go fetola metsi go nna beine e re ka beine ya kwa lenyalong leo e ne e fedile. Mme mo lekgetlong le lengwe, o ne a kgala batho ba ba neng ba mo tshwaya phoso ka gonne a ne a ja e bile a nwa.—Luke 7:33-36.

17 Mme gone, Jesu o ne a sa tshelele menate. Go na le moo, go direla Jehofa e ne e le selo sa botlhokwa thata mo go ene e bile o ne a dira ka natla go thusa ba bangwe. O ne a itshokela loso lo lo botlhoko mo koteng ya tlhokofatso gore batho ba le bantsi ba bone botshelo. Jesu o ne a raya balatedi ba gagwe a re: “Go itumela lona fa batho ba lo kgoba ba bo ba lo bogisa e bile ba bua ka lona selo le fa e ka nna sepe fela se se boikepo ka ntlha ya me, e bile ba aka. Ipeleng lo bo lo tlolake ka boipelo, e re ka maduo a lona a le magolo kwa magodimong; gonne ba ne ba bogisa baporofeti pele ga lona ka tsela eo.”—Math. 5:11, 12.

Re ka tila jang go nna barati ba menate? (Bona serapa 18)

18. Ke dipotso dife tse di ka re thusang go bona gore re rata menate go le kana kang?

18 Re ka dira eng go bona gore re rata menate go le kana kang? Ipotse jaana: ‘A dipokano le bodiredi jwa tshimo ga di botlhokwa mo go nna jaaka boitlosobodutu? A ke iketleeleditse go tlogela dilo dingwe tse ke di ratang gore ke kgone go direla Modimo? Fa ke tlhopha boitlosobodutu, a ke akanya pele gore Jehofa o tla ikutlwa jang ka boitlosobodutu jo ke bo tlhophang?’ Fa ruri re rata Modimo, re tla nna kelotlhoko gore re se ka ra tila fela dilo tse di sa mo itumediseng mme gape re tla tila le dilo tse re akanyang gore a ka se di rate.—Bala Mathaio 22:37, 38.

KE ENG SE SE KA DIRANG GORE RE ITUMELE?

19. Ke bomang ba ba se kitlang ba itumela?

19 Lefatshe la ga Satane le baketse batho mahutsana dingwaga di ka nna 6 000, mme gone, le tloga le fedisiwa. Lefatshe le tletse ka baithati, barati ba madi le barati ba menate. Batho bano ba leka ka natla go bona dilo tse ba di ratang mme dilo tseo di nna botlhokwa mo go bone go feta sengwe le sengwe. Batho bano ba ka se ka ba itumela. Go na le moo, Baebele ya re: “Go itumela yo Modimo wa ga Jakobe e leng thuso ya gagwe, yo o solofetseng mo go Jehofa Modimo wa gagwe.”—Pes. 146:5.

20. Go rata Modimo go dirile jang gore o itumele?

20 Batho ba Modimo ba mo rata fela thata mme ngwaga le ngwaga palo ya bone e nna e oketsega. Seno ke bosupi jwa gore Bogosi Jwa Modimo bo a busa le gore go ise go ye kae bo tla leretse batho masego a mantsi. Re tla itumela tota fa re dira thato ya Modimo le fa re itse gore re a mo itumedisa. Botlhe ba ba ratang Jehofa ba tla itumela go ya go ile! Mo setlhogong se se latelang, re tla sekaseka mekgwa ya batho ba ba nang le lorato lwa bopelotshetlha re bo re e bapisa le dinonofo tse di molemo tsa batlhanka ba ga Jehofa.