Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

TSELA YA GO ITUMELA

Ithute mo go Oketsegileng

Ithute mo go Oketsegileng

A O KILE WA IPOTSA JAANA:

  • Nka dira jang gore lelapa la me le itumele?

  • Nka nna jang tsala e e molemo le go dira ditsala tse di siameng?

  • A ke tla tsamaya ke bona batho ba ke ba ratang ba ba tlhokafetseng?

  • A go boga go tla tsamaya go fela?

  • A batho ba tla senya lefatshe?

  • A madumedi otlhe a thusa batho go itse Modimo wa boammaaruri?

O KA KGONA GO BONA DIKARABO TSA DIPOTSO TSENO LE TSE DINGWE

Tsena mo website ya jw.org e e gone ka dipuo di feta 900. Mo go yone, go buiwa ka dilo tse farologaneng tse di ka go thusang.

O tla bona dibidio tsa batho ba ba farologaneng ba ba ileng ba simolola go itumelela botshelo mme ba sa ikwatlhaele ditshwetso tse ba di dirileng. Bangwe ba bone ba kile ba dirisa diritibatsi kgotsa ba ya kgolegelong. Ba bangwe ke barutegi le baitsesaense.

Mo website ya jw.org o tla kgona go bona kgotsa go itseela Dibaebele tse di farologaneng le dikgatiso tse dintsi mahala. Ditlhogo tsa teng di akaretsa: