Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

LEFATSHE LE TLHAKATLHAKANE

2 | Tlhokomela se o Itshedisang ka Sone

2 | Tlhokomela se o Itshedisang ka Sone

GORENG GO LE BOTLHOKWA?

Letsatsi le letsatsi batho ba le bantsi ba a sokola ka gonne ga ba na dilo tse ba di tlhokang. Se se utlwisang botlhoko ke gore mathata a a mo lefa-tsheng a ka dira gore botshelo bo nne bokete le go feta. Goreng re rialo?

  • Fa go na le mathata mangwe mo lefelong lengwe dijo le rente di tura thata.

  • Mathata a ka dira gore batho ba senyegelwe ke ditiro le gore go nne thata go bona tiro kana a dira gore ba se ka ba amogela madi a ba neng ba a amogela pele.

  • Masetlapelo a ka senya dikhampani tsa batho, matlo a bone kgotsa dilo tse dingwe tse ba nang le tsone. Seno se ka dira gore ba humanege.

Se o Tlhokang go se Itse

  • Fa o dirisa madi a gago sentle a ka go thusa ka nako ya fa o na le mathata.

  • O se ka wa lebala gore madi a o a amogelang, madi a o a bayang le dilo tse o nang le tsone ga di nnele ruri.

  • Madi ga a ka ke a dira gore motho a itumele kgotsa a dira gore go nne le kutlwano mo lelapeng.

Se o Ka se Dirang Gone Jaanong

Se Baebele e se buang: “E re ka re na le dijo le diaparo, re tla kgotsofalela dilo tseno.” —1 Timotheo 6:8.

Fa re kgotsofalela se re nang le sone re tla itumela. Seno se botlhokwa le go feta fa re sa tlhole re na le madi a re neng re na le one pele.

Gore o kgone go kgotsofala mo botshelong, o tshwanetse go ithuta go se dirise madi a mantsi. Fa o nnela go reka dilo tse o se nang madi a tsone, o a go nna le mathata a mantsi le go feta.