Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Laola Maikutlo

Go Laola Maikutlo

Baebele e re bolelela gore ke maikutlo afe a re tshwanetseng go nna le one le a re sa tshwanelang go nna le one.

GO GALEFA

MOLAOMOTHEO WA BAEBELE: “Yo o bonya go galefa o botoka go gaisa monna yo o thata.”—Diane 16:32.

SE MOLAOMOTHEO ONO O SE KAYANG: Fa re ithuta go laola maikutlo a rona re ka kgona go itumelela botshelo. Gone go ka tswa go na le lebaka le le utlwalang la go bo re galefa, le fa go ntse jalo, go sa laole maikutlo a rona go ka re bakela mathata. Babatlisisi ba re fa motho a galefile ga a kgone go akanya sentle, e bile o feleletsa a bua kgotsa a dira dilo tse a tla di ikwatlhaelang morago.

SE O KA SE DIRANG: Ithute go laola maikutlo a gago pele o ka dira sepe fela se o tla se ikwatlhaelang. Batho ba le bantsi ba akanya gore fa o le bogale ke gone fa o siame, mme gone, ga go a nna jalo. Baebele ya re: “Motho yo o sa thibeng moya wa gagwe, o tshwana le motse o o thubilweng, o o se nang lobota.” (Diane 25:28) Sengwe gape se se ka go thusang go laola maikutlo a gago ke go batla dintlha tsotlhe ka kgang eo e e go utlwisitseng botlhoko pele o tseega maikutlo. Baebele ya re: “Temogo ya motho ruri e fokotsa bogale jwa gagwe.” (Diane 19:11) Ka jalo, go reetsa kgakololo eno ya Baebele go tla re thusa gore re se ka ra galefisiwa ke sengwe le sengwe.

GO LEBOGA

MOLAOMOTHEO WA BAEBELE: “Itshupeng lo na le tebogo.”—Bakolosa 3:15.

SE MOLAOMOTHEO ONO O SE KAYANG: Batho ba ba itumelang mo botshelong ke ba ba itlwaeditseng go leboga. Tota le batho ba ba kileng ba tlhokafalelwa kgotsa ba latlhegelwa ke sengwe se ba se ratang ba dumalana le molaomotheo ono. Ba re selo se se ba thusang go itshokela mathata a bone ke go lebogela le go itumelela dilo tse ba santseng ba na le tsone, go na le gore ba nnele go utlwisiwa botlhoko ke dilo tse di ba latlhegetseng.

SE O KA SE DIRANG: Letsatsi le letsatsi dira lenaane la dilo tse o di lebogelang. Ga go reye gore e tshwanetse go nna dilo tse di tona fela. O ka lebogela le dilo tse dinnye fela tse di jaaka tlhabo ya letsatsi, go bua le mongwe yo o mo ratang thata kgotsa go lebogela gore o santse o tshela. Dilo tseno di ka dira gore o itumele fa fela o ipha nako ya go akanya ka tsone e bile o di lebogela.

Sengwe gape se o ka se lebogelang ke go bo o na le batho ba ba go ratang ba ba jaaka ba lelapa la gago kgotsa ditsala tsa gago. Ba bolelele gore ke eng se o se ratang ka bone, seno se tla dira gore le bone ba go rate thata e bile le wena o tla itumela ka gonne o ba direla dilo tse di molemo.—Ditiro 20:35.

MELAOMETHEO E MENGWE YA BAEBELE

O ka itseela Baebele e e rekotilweng mo jw.org. E gone ka dipuo di ka nna 40

TILA GO NGANGISANA LE BA BANGWE.

“Tshimologo ya manganga e tshwana le yo o bulelang metsi; ka jalo pele ga komano e tsoga, tswa o tsamaye.”—DIANE 17:14.

TLOGELA GO TSHWENYEGA KA DILO TSE DI ISENG DI DIREGE.

“Lo se ka le ka motlha lwa tlhobaela kaga letsatsi le le latelang, gonne letsatsi le le latelang le tla nna le ditlhobaelo tsa lone. Letsatsi lengwe le lengwe le lekanwe ke bosula jwa lone.”—MATHAIO 6:34.

AKANYA PELE O DIRA SEPE FELA SE O TLA SE IKWATLHAELANG.

“Bokgoni jwa go akanya bo tla nna bo go lebeletse, temogo e tla go dibela.”—DIANE 2:11.