Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Dirisana le ba Lelapa le Ditsala

Go Dirisana le ba Lelapa le Ditsala

Batho ba le bantsi ba palelwa ke go dira gore go nne le kagiso magareng ga bone le ba malapa a bone le ditsala tsa bone. A re bone melaometheo ya Baebele e e ka re thusang go tokafatsa tsela e re dirisanang le batho ba bangwe ka yone.

O SEKA WA IKAKANYETSA O LE NOSI

MOLAOMOTHEO WA BAEBELE: “Lo tlhokomela, e seng go kgatlhegela dilo tse di amang lona fela, mme gape go kgatlhegela le dilo tse di amang ba bangwe.”—Bafilipi 2:4.

SE MOLAOMOTHEO ONO O SE KAYANG: Fa re batla go dirisana sentle le batho ba bangwe re tshwanetse go ba direla dilo tse di molemo go na le gore re lebelele gore e nne bone ba re direlang. Fa o ikakanyetsa o le nosi o ka utlwisa batho ba ba go ratang botlhoko. Ka sekai, fa molekane wa lenyalo a ikakanyetsa a le nosi a ka simolola go ratana le motho yo mongwe. Kana e bile, batho ga ba rate go tsalana le batho ba ba ratang go ikgantsha ka dilo tse ba nang le tsone kgotsa go bua thata ka dilo tse ba di itseng. Buka nngwe ya re: “Batho ba ikakanyetsang ba le bosi ba tla nna le mathata a mantsi.”

SE O KA SE DIRANG:

  • Thusa ba bangwe. Ditsala tsa nnete di a tshepana e bile di a thusana. Dipatlisiso di a re batho ba ba thusang ba bangwe ga se gantsi ba gatelelwang mo maikutlong.

  • Utlwela ba bangwe botlhoko. Go utlwela ba bangwe botlhoko ke go itsenya mo ditlhakong tsa bone gore o kgone go tlhaloganya gore ba ikutlwa jang. Fa o utlwela ba bangwe botlhoko ga o kitla o dira metlae ka bone gore o ba tsenye matlho kgotsa o ba utlwise botlhoko.

    Fa o utlwela ba bangwe botlhoko o tla kgona go ba akanyetsa. Seo se tla go thusa gore o se ka wa tlhaola ba bangwe le gore o kgone tsalana le bone.

  • Fetsa nako le batho ba bangwe. Fa o ntse o fetsa nako le batho ba bangwe o tla kgona go ba itse botoka. Fa o batla go nna le ditsala tse di molemo o tshwanetse go tlotla le batho ka dilo tse ba tshwenyegileng ka tsone le tse ba di ratang. Ka jalo, ba reetse fa ba bua. Ba bontshe gore o a ba kgathalela. Patlisiso nngwe ya re: “Go tlotla le batho ka dilo tse ba tshwenyegileng ka tsone le tse ba di ratang, go ka dira gore ba itumele.

TLHOPHA DITSALA TSE DI SIAMENG

MOLAOMOTHEO WA BAEBELE: “Go itlwaelanya le ba ba bosula go senya mekgwa e e molemo.”—1 Bakorintha 15:33.

SE MOLAMOTHEO ONO O SE KAYANG: Batho ba o itsalanyang le bone ba ka go tlhotlheletsa go dira dilo tse di siameng kgotsa tse sa siamang. Baitse ba re batho ba o itsalanyang le bone ba ka go tlhotlheletsa fela thata. Fa o itsalanya le motho yo o gogang motsoko kgotsa yo o kileng a tlhala monna kgotsa mosadi wa gagwe le wena o ka feleletsa o batla go dira jalo.

SE O KA SE DIRANG: Itsalanye le batho ba ba nang le mekgwa e e siameng e le wena o ka ratang go nna le yone. Ka sekai, o ka itsalanya le batho ba ba akanyetsang ba bangwe, ba ba tlotlang ba bangwe, ba ba ratang go aba le ba ba ratang go amogela baeng.

MELAOMETHEO E MENGWE YA BAEBELE

Lebelela dibidio tse di theilweng mo Baebeleng tse di thusang banyalani, basha le bana ba bannye gore ba tokafatse tsela e ba dirisanang ka yone mo lapeng

O SEKA WA BUA DILO TSE DI UTLWISANG BA BANGWE BOTLHOKO.

“Go na le yo o buang a sa akanye jaaka e kete ka ditlhabo tsa tšhaka.”—DIANE 12:18.

ABELA BA BANGWE.

“Moya o [kgotsa motho yo] o pelotshweu o tla nontshiwa.”—DIANE 11:25.

DIRISANA LE BA BANGWE KA TSELA E O BATLANG BA DIRISANA LE WENA KA YONE.

“Dilo tsotlhe tse lo batlang batho ba di lo direla, le lona lo tshwanetse go di ba direla.”—MATHAIO 7:12.