Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Etela Bakaulengwe ba Rona mo Lefelong le Lentle

Go Etela Bakaulengwe ba Rona mo Lefelong le Lentle

Lekwalo le le Tswang Kwa Papua New Guinea

Go Etela Bakaulengwe ba Rona mo Lefelong le Lentle

KE URA ya botlhano mo mosong o o mogote wa Labobedi kwa Lae, Papua New Guinea (PNG). Nna le mogatsake re ipaakanyetsa go tsaya loeto go ya kwa Lengbati e e kwa Thabeng ya Rawlinson kwa Porofenseng ya Morobe go etela setlhopha sa Basupi ba ga Jehofa koo.

Loeto lwa rona lo tsaya metsotso e le 30 ka sefofane se se nang le enjene e le nngwe se go palamang batho ba le banè mo go sone. Gantsi ke nna go bapa le mokgweetsi wa sefofane mo maetong ano, le fa enjene e dira modumo o o seng kana ka sepe, re buisana ka go dirisa di-headset. Fa a ntse a ntshupetsa di-gauge le didirisiwa tse dingwe tse di fa pele ga rona, o tlhalosa tiro ya tsone e bile o dira motlae ka gore fa a ka diragalelwa ke sengwe, ke tla tshwanelwa ke go kgweetsa sefofane. Ka yone nako eo, ke ne ka gopola kgang nngwe ka ga modiredi yo o etang wa Basupi ba ga Jehofa mono mo PNG. Fa mokgweetsi wa sefofane a sena go idibala, modiredi yono le mosadi wa gagwe ba ne ba dikologa mo lefaufaung go fitlha mokgweetsi a thanya mme a kgona go emisa sefofane. Se se itumedisang ke gore sefofane sa rona se ne sa ema sentle kwa ntle ga kotsi epe.

Sefofane se ne se fofa go bapa le dithaba fa ka tshoganyetso se tsena mo marung se bo se feta kwa godimo ga setlhoa sa thaba ka dimetara di ka nna 100 kgotsa go feta. Fa pele ga rona go ikadile motse wa Lengbati o o nang le matlo a a bapileng a a agilweng ka dikota tsa ditlhatshana mme a ruletswe ka bojang jo bokima. Fa re ntse re le kwa godimo mokgweetsi wa sefofane o leba lebala le difofane di kotamang mo go lone, gore a le mo maemong a a siameng le go tlhomamisa gore bana ga ba tshamekele kgwele ya dinao mo go lone. Gape o leba gore a ga go na mesima e e ileng ya epiwa ke dikolobe fa a sena go tsamaya. Fa a sena go le leba a re, “Go lebega le SIAME; re ka leka go kotama.” Fa re sena go dikologa, mokgweetsi wa sefofane o ne a se kotamisa mo lebaleng la difofane le baagi ba motse ba neng ba le dira fa thoko ga thaba mme ba sa tswa go le ala maje a a thubilweng a a tswang mo thabeng e e fa gaufi.

Fa ke ne ke etetse lefelo leno mo nakong e e fetileng, ke ne ka leba maje ano a a thubegileng mme ka ipotsa gore thaba eno e na le lobaka lo lokae e le gone. Akanya fela gore go ne go tlhokega maatla a kana kang go ntshetsa maje ano sekgala sa dikilometara di le makgolo kwantle ga lewatle mme a bo a tlhatlagana go nna dikilometara di le nnè go ya kwa godimo! Fa re fologa mo sefofaneng re ne ra ema mo lefelong le lentle le le adilweng ka maje a a tswang mo boalong jwa lewatle.

Jaaka gale, baagi ba motse ba tla ba taboga go tswa kwa dintlheng tsotlhe fa ba utlwa modumo wa sefofane fa se tla go kotama. Fa mokgweetsi a tima enjene ya sefofane, ke ne ka bona monna a tswa mo boidiiding mme a tla mo sefofaneng. E ne e le Zung. Ke mongwe wa banna ba ba abetsweng go tlhokomela dithulaganyo tsa beke le beke tsa go ruta tse di tshwarwang ke Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe. O itsiwe e le motho yo o nang le boitsholo jo bo siameng e bile a ikanyega. O dumela gore o thusitswe ke go dirisa melaometheo ya Baebele mo botshelong jwa gagwe. Fa re sena go dumedisana, rona, Zung le Basupi ba bangwe re ne ra fologa thaba re tsamaya mo tselaneng e tshesane. Bana ba ne ba tla ba re setse morago ba ntse ba ngangisana ka gore ke mang yo o tla tshwarang merwalo ya rona.

Re ne ra goroga mo ntlong e nnye ya mapolanka e Basupi ba lefelo leo ba neng ba e agela modiredi yo o ba etelang dikgwedi dingwe le dingwe di le thataro. Le fa PNG e le naga ya boboatsatsi, go tle go nne tsiditsana ka gonne e le naga e e mo lefelong le le kwa godimo. Bosigo fa re tshuba dipone tsa rona tsa parafini, gantsi ke bona maru—a a tsamayang ka iketlo mo godimo ga thaba a tswa mo mokgatšheng o o kwa tlase—a tsena mo ntlong ka diphatlha tse di leng teng. Go ne go gakgamatsa go bo ke apere selamba le bokate gore ke thuthafale mme mo diureng di le mmalwa tse di fetileng re ne re tshologa sethito ka ntlha ya mogote wa boboatsatsi kwa lotshitshing.

Mo magareng a bo1980 monna mongwe o ne a ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa kwa Lae. Fa a ne a boela kwa motseng wa gaabo, ene le batho ba bangwe ba le mmalwa ba ne ba aga lefelo le lennye la dipokano, le ba neng ba le motlotlo ka lone. Ka jalo, moruti wa kereke ya Lutere ya mo lefelong leo le batshegetsi ba gagwe ba ne ba fisa lefelo leno. Batho bano ba ba neng ba itumeletse go fisa lefelo leno ba ne ba re lefelo leo ke la Balutere fela. Fa e sa le ka nako eo le fa Basupi ba ne ba ganediwa, ba ne ba aga lefelo le lengwe la dipokano mme ba ne ba oketsega ka iketlo go fitlha ba nna baboledi ba ba tlhoafetseng ba dikgang tse di molemo ba ka nna 50. Bangwe ba batho ba ba neng ba ganetsa tiro eno ya Basupi, gone jaanong ke bone ba ba e dirang ka tlhagafalo.

Gone jaanong baagi ba mo motseng ono ba amogela Basupi ba ga Jehofa gore ba ba rute Baebele. Le fa e le batho ba le mmalwa fela ba ba kgonang go bala mo motseng ono, bontsi jwa Basupi ba ne ba ithuta go bala gore ba kgone go rerela batho ba bangwe molaetsa o o mo Baebeleng. Batho ba le 200 ba tla dipokanong tse di tshwarelwang mo Holong ya bone ya Bogosi beke le beke.

Ga go na motlakase. Mo maitseboeng re kgobokana go dikologa molelo mo ntlong e go apeelwang mo go yone. Re ja mmogo, re a tlotla le go tshega. Boitumelo jwa go direla Jehofa bo bonala mo difatlhegong tse di itumetseng tsa ditsala tsa rona tse di bonesitsweng ke lesedi la molelo. Fa go ntse go nna bosigo, bangwe ba ntsha lekakaba le le tukang la mokolane mo molelong kgotsa bombom ba akanya gore le tla tuka ka iketlo gore le ba bonesetse tsela fa ba ntse ba tsamaya mo ditselaneng tse di tshesane mo sekgweng go fitlha ba goroga kwa matlong a bone.

Fa re boela kwa ntlong re ne ra utlwa kafa go didimetseng ka teng mo lefelong leno. Re utlwa medumo ya tlholego. Pele re robala, re ile ra leba la bofelo kwa loaping le le neng le apogile le go jesiwa kgakge ke go bona dinaledi tse dintsi.

Beke e ne ya fela ka bonako mme re ne re lebeletse pele go boela morago ka sefofane mo letsatsing le le latelang. E ne e le bosigo jwa rona jwa bofelo jo bo tsiditsana ka ntlha ya maru a Lengbati, mme rona re ne re tsoga re boela kwa lotshitshing lo lo mogote.