Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Thuto ka Boutlwelobotlhoko Jwa Modimo

Thuto ka Boutlwelobotlhoko Jwa Modimo

Tsa Basha

Thuto ka Boutlwelobotlhoko Jwa Modimo

JONA—KAROLO 2

Ditaelo: Direla porojeke eno mo lefelong le le didimetseng. Fa o ntse o bala ditemana, akanya o na le seabe mo go se se diregang. Bona tiragalo eo ka leitlho la mogopolo. Utlwa mantswe. Ikutlwe kafa batsayakarolo ba ikutlwang ka gone. Dira gore pego eno e nne le botshelo.

1 AKANYA KA KELOTLHOKO KA LEFELO LE TIRAGALO EO E DIRAGALANG MO GO LONE.—BALA JONA 3:1–4:11.

O akanya gore Jona o ne a ikutlwa jang fa a tsena mo motseng wa Ninife?

․․․․․

O akanya gore lentswe la ga Jona le ne le utlwala jang fa a ne a bolela molaetsa wa ga Jehofa wa katlholo?

․․․․․

Jona o tshwanetse a bo a ne a tshwenyegile ka eng fa a ne a le kwa ntle ga motse? (Bona Jona 4:5-8.)

․․․․․

2 DIRA DIPATLISISO TSE DI OKETSEGILENG.

Ke eng fa Jona a ka tswa a ne a batla gore Jehofa a senye Ninife jaaka Modimo a ne a boleletse pele?

․․․․․

O dirisa didirisiwa tsa go dira dipatlisiso tse o nang le tsone, batlisisa gore (1) semela sa segwana se ne se ntse jang le (2) se se kaiwang ke go bo kgosi ya Ninife e ne e apare letsela la kgetsi le go nna mo meloreng.

․․․․․

Le fa Jona kwa tshimologong a ne a itsemeletsa go porofeta kwa Ninife, ke eng fa a ka bidiwa moporofeti yo o ikanyegang le yo o pelokgale? (Mathaio 21:28-31)

․․․․․

3 DIRISA SE O SE ITHUTILENG. KWALA SE O SE ITHUTILENG KA . . .

Gore batho ba ka kgona go tlogela go tshela botshelo jo bo sa siamang.

․․․․․

Boutlwelobotlhoko jwa ga Jehofa.

․․․․․

Lebaka la go bo go tlhokega gore re nne kutlwelobotlhoko.

․․․․․

4 KE KAROLO EFE YA PEGO ENO E E LENG BOTLHOKWA MO GO WENA, MME KA NTLHA YANG?

․․․․․

Go dira dipatlisiso tse di oketsegileng, bona Tora ya Tebelo, April 1, 2009, tsebe 14-18.

BALA DIKGATISO TSE DINGWE TSA BAEBELE MO ATERESENG ENO YA INTERNET www.watchtower.org