Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

Ke ka ntlha yang fa batho ba mo metlheng ya ditiragalo tsa Baebele ba ne ba dirisa bitumena e le seretse sa go aga?

Fa Baebele e bua ka baagi ba tora ya Babele ya re “setena e ne e le leje la bone, mme bitumena e ne e le seretse sa bone.”—Genesise 11:3.

Bitumena ke setlhagiswa sa tlholego. E tswa mo lookwaneng lo lo sa tlhotlhiwang e bile e fitlhelwa kwa mafelong a le mantsi a kwa Mesopotamia, kwa e pumpunyegang mo mmung gone e bo e nna thatanyana jaaka seretse. Mo metlheng ya ditiragalo tsa Baebele e ne e ratiwa ka gonne e kgona go kgomaretsa. Buka nngwe ya re bitumena e ne e le “molemo mo go ageng meago ya ditena tse di omisitsweng ka molelo.”

Setlhogo sa makasine wa Archaeology se tlhalosa loeto lo lo tserweng bosheng jaana go ya kwa maropeng a tora ya tempele e e bidiwang ziggurat kwa motseng wa bogologolo wa Ure, kwa Mesopotamia. Mokwadi wa setlhogo seo a re “seretse sa bitumena—nngwe ya ditsela di le dintsi tsa ntlha tse leokwane la kwa borwa jwa Iraq le neng le dirisiwa ka yone—se sa ntse se bonala mo gare ga ditena tse di sheleng. Mofuta ono wa leokwane lo lontsho lo lo kgomarelang, o gompieno o bakang dikgogakgogano le thubakanyo mo lefelong leno, o kile wa bo o dira gore batho ba ba nnang mo lefelong leno ba nne seoposengwe. Go dirisa bitumena e le seretse sa go aga le go e dirisa go aga bophaphatho jwa ditsela go ne go sireletsa ditena tsa mmu tse di thubegang motlhofo tsa kwa Sumer mo metsing, go dira gore meago eo e tseye diketekete tsa dingwaga e sa senyege.”

Go ne go dirisiwa “pampiri” ya mofuta ofe mo metlheng ya ditiragalo tsa Baebele?

Gantsi potso eno e bodiwa ka ntlha ya se mokwadi wa Baebele e bong Johane a neng a se bua: “Le mororo ke na le dilo di le dintsi go di lo kwalela, ga ke eletse go dira jalo ka pampiri le enke.”—2 Johane 12.

Lefoko la Segerika e leng kharʹtes le fano le ranotsweng e le “pampiri” le kaya pampiri e e dirilweng ka papirase e leng semela sa mo metsing. Buka nngwe e tlhalosa mokgwa wa go dira dilo tse go neng go kwalelwa mo go tsone tse di dirilweng ka dithupana tsa semela seno jaana: “Dithupana tse ka dinako dingwe di neng di le boleele jwa dimetara di le tharo, di ne di obolwa di bo di segiwa gore e nne maodi a masesane a a neng a kopanngwa go nna selo se le sengwe a bo a tlhatlaganngwa; maodi ano a a tlhatlagantsweng a ne a itewa ka hamore ya logong mme a bo a gotlhiwa ka sefadi go a dira borethe.”

Baithutamarope ba ne ba ribolola ditlankana tse dintsi tsa bogologolo tsa papirase kwa Egepeto le mo lefelong le le gaufi le Lewatle le le Suleng. Dikwalo dingwe tsa papirase tse di fitlhetsweng mo mafelong ano ke tsa mo motlheng wa ga Jesu kgotsa le e leng pele ga moo. Go ka direga gore makwalo a Baebele a a jaaka a baaposetoloi a ne a kwalelwa la ntlha mo papiraseng.

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 11]

Spectrumphotofile/​photographersdirect.com

© FLPA/​David Hosking/​age fotostock