Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Atamalana le Modimo

Fa Modimo a Itshwarela, A o A Lebala?

Fa Modimo a Itshwarela, A o A Lebala?

KARABO e khutshwane ke, ee. Jehofa o solofetsa jaana malebana le batho ba a ba amogelang: “Ke tla itshwarela tlolo ya bone, le boleo jwa bone ga nkitla ke tlhola ke bo gakologelwa.” (Jeremia 31:34) Ka jalo, Jehofa o re tlhomamisetsa gore fa a itshwarela baleofi ba ba ikwatlhayang ga a tlhole a gopola maleo a bone. Le fa go ntse jalo, a seo se raya gore Mmopi wa lobopo ga a gakologelwe maleo a a itshwaretseng? Mafoko a Esekiele a re tlhalosetsa gore Modimo o itshwarela jang le gore o lebala jang.—Bala Esekiele 18:19-22.

Jehofa o ne a dirisa moporofeti Esekiele e le mmueledi wa gagwe gore a bolele dikatlholo tsa gagwe kgatlhanong le Juda le Jerusalema tse di sa ikanyegeng. Setšhaba sotlhe se ne sa tlogela kobamelo ya ga Jehofa mme sa tlatsa lefatshe ka thubakanyo. Jehofa o ne a bolelela pele gore Jerusalema e ne e tla senngwa ke Bababelona. Le fa Jehofa a ne a ba bolelela molaetsa wa katlholo o ne a ba naya le molaetsa o o nayang tsholofelo. Mongwe le mongwe o ne a ka itirela tshwetso; mongwe le mongwe o ne a ikarabelela ka se a se dirang.—Temana 19, 20.

Le fa go ntse jalo, go tweng fa mongwe a ne a ka tlogela go dira bosula mme a dira se se siameng? Jehofa o ne a re: “Fa e le ka motho yo o boikepo, fa a ka boa ka morago mo maleong otlhe a gagwe ao a a dirileng a bo a boloka melao ya me yotlhe le go diragatsa tshiamiso le tshiamo, ruri o tla nna a tshela. Ga a kitla a swa.” (Temana 21) Ee, Jehofa o ne a “iketleeleditse go itshwarela” moleofi yo o neng a tlogela ditsela tsa gagwe tse di bosula a bo a ikwatlhaya tota.—Pesalema 86:5.

Mme go tweng ka maleo a a a dirileng? Jehofa a re: “Ditlolo tsa gagwe tsotlhe tse a di dirileng—ga di kitla di gakologelwa kgatlhanong le ene.” (Temana 22) Ela tlhoko gore ditlolo tsa motho yo o ikwatlhayang “ga di kitla di gakologelwa kgatlhanong le ene.” Ke ka ntlha yang fa seo se le botlhokwa?

Mo Baebeleng, lefoko la Sehebera le le ranotsweng e le “gakologelwa” le ka kaya se se fetang go gopola dilo tse di fetileng. Buka nngwe e bolela jaana ka lefoko leno: “Tota e bile gantsi [le] kaya go dira tiro kgotsa le dirisiwa le madiri a a kayang go tsaya kgato.” Ka jalo “go gakologelwa” go ka kaya “go tsaya kgato.” Mme gone, Jehofa a re ditlolo tsa moleofi yo o ikwatlhayang “ga di kitla di gakologelwa kgatlhanong le ene,” ka jalo o raya gore ga a kitla a tsaya kgato kgatlhanong le motho yoo ka ntlha ya maleo ao, jaaka go mo latofatsa kgotsa go mo otlhaya. *

Mafoko a Esekiele 18:21, 22 a tlhalosa ka tsela e e amang pelo kafa Modimo a itshwarelang ka botlalo ka gone. Fa Jehofa a re itshwarela maleo a rona ga a ka ke a re gopotsa one mo isagweng. Go na le moo, o latlhela maleo a batho ba ba ikwatlhayang ka fa morago ga gagwe. (Isaia 38:17) E nna jaaka e kete o phimola maleo ao mo a kwadilweng teng.—Ditiro 3:19.

E re ka re le batho ba ba sa itekanelang, re tlhoka kutlwelobotlhoko ya Modimo. Mo godimo ga moo, re leofa gantsi. (Baroma 3:23) Mme Jehofa o batla gore re itse gore fa re ikwatlhaya go tswa pelong o tla re itshwarela. Mme fa a itshwarela o a lebala—ke gore, ga a re latofatse kgotsa go re atlholela maleo a re a dirileng. Ruri seno se a gomotsa! A kutlwelobotlhoko ya Modimo e go tlhotlheletsa gore o batle go atamalana le ene?

Dikgaolo tsa Baebele tse di ka balwang ka July:

Esekiele 6-20

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 7 Ka tsela e e tshwanang, “go gakologelwa maleo” go ka kaya “go tsaya kgato kgatlhanong le baleofi.”—Jeremia 14:10.