Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Fetsa Nako Mmogo lo le Lelapa

Go Fetsa Nako Mmogo lo le Lelapa

“Bona! Abo go le molemo jang e bile go itumedisa jang ne fa barwarramotho ba nna mmogo ka kutlwano!”—PESALEMA 133:1.

Lebaka la go bo bangwe ba keteka Keresemose.

E re ka Baiseraele botlhe e ne e le bana ba monna a le mongwe e bong Jakobe kgotsa Iseraele, e ne e le “barwarramotho,” botlhe e le ba lelapa le le lengwe. Fa ba ne ba kopane ka nako ya meletlo kwa Jerusalema, go ne go le “molemo” e bile “go itumedisa.” Jaaka bone, malapa a le mantsi gompieno a lebelela pele go kopana le go itumelela nako e e “molemo” le e e ‘itumedisang’ ka Keresemose.

Ke ka ntlha yang fa e le kgwetlho?

Encyclopedia of Christmas and New Year’s Celebration ya re: “Gantsi dikgogakgogano tsa ba malapa tse di nnang teng mo ngwageng e nna mathata a magolo fa malapa a kopana ka nako ya malatsi a boikhutso.”

Ke melaometheo efe ya Baebele e e ka thusang?

‘Nnang lo duele batsadi ba lona le batsadi ba batsadi tuelo e e tshwanetseng.’ (1 Timotheo 5:4) Fa go kgonega, rulaganya go etela ba lelapa ka metlha. Fa e le gore ba losika ba nna kgakala, o sa ntse o ka kgona go buisana le bone ka metlha. Ke eng o sa ba kwalele lekwalo, o bue le bone ka founo, o ba romelele e-mail kgotsa o bue le bone mo Internet? Go buisana ka metlha go dira gore go se ka ga nna le dikgotlhang tse dintsi.

“Lo pitlagane mo lo se nang sebaka mo loratong lwa lona lwa bopelonomi. . . . Pitlologang.” (2 Bakorintha 6:12, 13) Ba losika ba ba bonwang gangwe ka ngwaga ba ka fetoga go nna batho ba ba sa itsegeng—segolobogolo mo baneng. Bana bangwe ba akanya gore ga ba kgatlhegele dilo tse di tshwanang le tse bommèmogolo le borremogoloabone kgotsa ba masika ba ba kgakala ba di ratang. Ka jalo, rotloetsa bana ba gago gore ba ‘pitlologe’ mo loratong lwa bone ka go rata ba losika ba ba godileng. * Bana ba ka metlha ba fetsang nako le batho ba ba godileng, ba amega thata le go anaanela batho ba bagolo mo go bone.

“Go bua lefoko le le siameng ka nako e e siameng go a itumedisa.” (Diane 15:23, New Century Version) O ka tila jang dikgotlhang kgotsa dilo tse di ka bakang mathata a magolo mo gare ga ba lelapa? Tsela e nngwe ke ka go tlhopha “nako e e siameng” ya go tlotla ka dilo tse di lo tshwenyang. Fa lo buisana ka metlha, lo tla fitlhela go le motlhofo go bua le ba lelapa ba le nosi go rarabolola mathata a a ka tswang a le teng le go itumelela dinako tse di “molemo” le tse di ‘itumedisang’ fa lo kopane.

^ ser. 9 Bona setlhogo se se reng “Ke Eng fa ke Tshwanetse go Tlwaelana le Rremogolo le Mmèmogolo?” le se se reng “Nka Tlwaelana Jang le Mmèmogolo le Rremogolo?” mo makasineng wa Tsogang! wa May 8 le wa June 8, 2001, tse di gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.