Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lekwalo le le Tswang Kwa Benin

Tota ke Itsentse mo go Eng?

Tota ke Itsentse mo go Eng?

E NE e le moso o o tlwaelegileng mo bathong ba kwa karolong e e kwa Bophirima jwa Afrika. Go utlwala monko o o monate wa sopo le raese mo moyeng. Basadi ba ne ba tsamaya ba rwele merwalo e megolo mo tlhogong mme e sa we. Go ne go utlwala setshego se se monate e bile go utlwala modumo wa dipuisano tsa kgwebo. Le fa go ne go sa ntse go le mo mosong, mogote wa letsatsi o ne o setse o utlwala.

Bana ba ne ba simolola go opela le go bina ka tsela e ba tlwaetseng go dira ka yone fa ba bona Yovo kgotsa motho yo mosweu. Pina e ne e simolola ka mafoko a a reng “Yovo, Yovo, bon soir” mme ba bo feleletsa ka gore “A ga o re neye mpho ka ntlha ya go go opelela?” Go ne go na le mosimane mongwe yo o neng a sa opele. Fa ke ntse ke tsamaya, o ne a ntshala morago mme a bo a simolola go dirisa diatla. Go ne go bonala e kete ke puo ya diatla. Fa ke ne ke le kwa United States, ke ne ka ithuta puo ya diatla ya American Sign Language (ASL), mme mo Benin go buiwa Sefora.

Go ne go le thata go supa ditlhaka tse robedi tsa leina la me ka puo ya diatla. Mosimane yoo, o ne a simolola go nyenya ka boitumelo. O ne a ntshwara ka seatla a bo a tsamaya le nna mo ditselaneng tse di tshesane tse di yang kwa gaabo, ntlo ya diphaposi tse pedi e e agilweng ka ditena tsa samente. Ke ne ka dikologiwa ke batho ba lelapa la gaabo. Mongwe le mongwe o ne dirisa puo ya diatla. Jaanong ke dire eng? Ke ne ka ba bolela leina la me ke dirisa puo ya diatla ka bo ka kwala lekwalonyana go ba bolelela gore ke morongwa yo o rutang batho Baebele mme ke tla boa gape. Baagelani bangwe ba ba utlwang mo ditsebeng ba ne ba le teng mme botlhe ba ne ba dumela ka tlhogo. Ke ne ka ipotsa jaana: ‘Tota ke itsentse mo go eng?’

Fa ke le kwa gae ke ne ke akanya gore ‘Go tshwanetse ga bo go na le mongwe yo o ka thusang batho bano go ithuta ka tsholofetso eno ya Modimo: “Ditsebe tsa bosusu di tla thibololwa.”’ (Isaia 35:5) Ke ne ka dira dipatlisiso. Go balwa ga batho ga bosheng go ne ga bontsha gore go na le ba le 12 000 mo Benin ba ba sa utlweng mo ditsebeng le ba ba sa utlweng sentle. Ke ne ka gakgamala fa ke lemoga gore go ne go dirisiwa ASL mo dikolong tsa batho ba ba sa utlweng mo ditsebeng, e seng Puo ya Diatla ya Sefora. Mme go ne go utlwisa botlhoko go lemoga gore ga go ope wa Basupi ba ga Jehofa mo lefelong leno yo o neng a itse ASL. Ke hemela kwa godimo, ke ne ka raya Mosupi mongwe ka re: “E kete mongwe yo o itseng puo ya diatla a ka tla go thusa.” O ne a re, “Wena o teng, gakere.” O ne a nepile! Ke ne ka otara buka e e ka nthusang le di-DVD tsa ASL tse di gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa. Dithapelo tsa me di ne tsa arabiwa fa Mosupi mongwe yo o itseng ASL sentle yo o tswang kwa Cameroon a ne a fudugela mo Benin.

Batho ba le bantsi ba ne ba utlwa gore ke ithuta puo ya diatla. Ke ne ka bolelelwa gore ke etele Brice, yo e leng motaki yo o dirisang puo ya diatla. Lefelo le a berekelang mo go lone, le le dirilweng ka dikala tsa mokolane tse di rokagantsweng le ne le tsenya phefo e e monate mo tlelaemeteng e e mogote le e e bongola. Go nna a ntse a phimola diborashe tsa gagwe mo leboteng la phaposi ya gagwe, go ne ga dira gore go nne le mebala e mentsi e e farologaneng. O ne a phimola ditulo di le mmalwa mme a nteba, a emetse gore ke simolole. Ke ne ka tsenya DVD mo motšhineng wa me o monnye. O ne a gogela setulo sa gagwe gaufi le sekirini se sennye. A dirisa puo ya diatla o ne a re: “Ke a tlhaloganya! Ke a tlhaloganya!” Bana ba mo motseng oo ba ne ba kokoana mme ba ikgoletsa gore ba bone. Mongwe wa bone o ne a re, “Ke ka ntlha yang fa ba lebeletse filimi e e se nang modumo?”

Nako le nako fa ke boela kwa go Brice, go ne go nna le batho ba ba oketsegileng ba ba tlileng go bona DVD. Go ise go ye kae, Brice le ba bangwe ba ne ba simolola go tla kwa dipokanong tsa Bokeresete. Go leka go ba ranolela go ne ga nthusa gore ke ithute puo ya diatla ka bonako. Fa setlhopha se ntse se gola, bangwe ba ne ba tla go mpatla. Ka sekai, letsatsi lengwe koloi ya me e kgologolo e ne e ya simolola go kgotlokgotsega le go dira modumo o mogolo fa e ntse e tsena mo dikhuting ka go bo ke ne ke leka go fapogela dipodi le dikolobe tse di neng di tsena mo tseleng. Go tswa foo, ke ne ka utlwa modumo wa go itaagana ga sengwe kwa morago. Ke ne ka re: ‘Ijoo, e se ka ya bo e senyegile gape!’ E ne e sa senyega, e ne e le monna mongwe yo o sa utlweng mo ditsebeng yo o neng a taboga kafa morago ga koloi a leka go dira gore ke mmone—ka go itaya koloi ya me!

Go ne ga nna le ditlhopha tse di dirisang ASL mo ditoropong tse dingwe. Fa dithulaganyo tsa puo ya diatla di ne di rulagangwa mo kopanong ya rona ya ngwaga le ngwaga, ke ne ke le mongwe wa ba ba neng ba kopiwa go ranola. Fa ke ntse ke palama serala e bile ke letetse sebui go simolola, ka motsotswana ke ne ka gopola nako e e fetileng fa ke ne ke simolola kabelo ya me. Ke ne ke a tle ke akanye jaana, ‘Ke eng gape se nka se dirang ke le morongwa mo Afrika?’ Fa ke ntse ke lebile bareetsi, ke ne ke itse gore ke bone karabo—go nna morongwa yo o thusang batho ba ba sa utlweng mo ditsebeng. Ga ke tlhole ke ipotsa gore, ‘Tota ke itsentse mo go eng?’