Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SA KA FA NTLE | A O KA RATA GO ITHUTA BAEBELE?

Thuto ya Baebele ya Batho Botlhe

Thuto ya Baebele ya Batho Botlhe

Basupi ba ga Jehofa ba itsege thata ka tiro ya bone ya go rera phatlalatsa. Mme gone, a o a itse gore re na le thulaganyo ya go ithuta Baebele le batho mo lefatsheng lotlhe?

Ka 2014, Basupi ba feta 8 000 000 mo dinageng tse 240 ba ile ba ithuta Baebele le batho ba ka nna 9 500 000 kgwedi le kgwedi. * Boammaaruri ke gore, palo ya batho ba re ithutang Baebele le bone e feta palo ya baagi ba dinaga di ka nna 140!

E le gore Basupi ba ga Jehofa ba kgone go dira tiro eno ya go ruta, ba ile ba gatisa Dibaebele, dibuka, dimakasine le dikgatiso tse dingwe tsa go ithuta Baebele di ka nna bilione le halofo ngwaga le ngwaga ka dipuo di feta 700! Dikgatiso tseno di thusitse batho go ithuta Baebele ka dipuo tsa bone.

DIKARABO TSA DIPOTSO TSE GANTSI DI BODIWANG KA THUTO YA BAEBELE

Thuto ya Baebele e tshwarwa jang?

Re tlhopha ditlhogo tse di farologaneng tsa Baebele re bo re leba ditemana tse di tsamaisanang le dikgang tseo. Ka sekai, Baebele e araba dipotso tse di jaaka tseno: Modimo ke mang? O ntse jang? A o na le leina? O nna kae? A re ka atamalana le ene? Go ka nna thata go bona dikarabo tsa dipotso tseno mo Baebeleng.

Gantsi re dirisa buka ya ditsebe tse 224 e e reng Totatota Baebele e Ruta Eng? go thusa batho go bona dikarabo. * Buka eno e diretswe go thusa batho go tlhaloganya dithuto tsa motheo tsa Baebele. E na le ditlhogo tse di buang ka Modimo, Jesu Keresete, lebaka la go bo re boga, tsogo, thapelo le tse dingwe tse dintsi.

Thuto e ka tshwarwa leng le gone kae?

Thuto eno e ka tshwarwa ka nako le kwa lefelong le le go siametseng.

Thuto e tsaya nako e kae?

Beke nngwe le nngwe batho ba le bantsi ba dirisa ura kgotsa go feta ba ithuta Baebele. Mme gone, go ikaegile ka wena gore o batla e tshwarwe nako e kae. E ka tshwarwa ka nako e e go siametseng. Bangwe ba ithuta ka metsotso e le 10 kgotsa 15 beke nngwe le nngwe.

E ja bokae?

Thuto eno le dibuka tse di dirisiwang ke mahala. Seno se dumalana le se Jesu a se laetseng barutwa ba gagwe: “Lo amogetse mahala, nayang mahala.” —Mathaio 10:8.

Motho a ka ithuta go fitlha leng?

Seo se ikaegile ka wena. Buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e na le ditlhogo di le 19. Go ikaegile ka wena gore o tla ithuta setlhogo sengwe kgotsa ditlhogo tsotlhe ka lobaka lo lo kae.

A fa ke ithuta ke tshwanetse go nna Mosupi wa ga Jehofa?

Nnyaa. Re tlotla tshwanelo ya mongwe le mongwe ya go itlhophela dilo tse a batlang go di dumela. Mme gone, kitso e motho a nnang le yone fa a ithuta Baebele e ka mo thusa go dira tshwetso e e botlhale.

Nka bona kae tshedimosetso e e oketsegileng?

Website ya jw.org/tn e na le tshedimosetso e e tlhalosang dilo tse Basupi ba ga Jehofa ba di dumelang le ditiro tsa bone.

Nka kopa jang thuto ya Baebele?

  • E kope mo www.ps8318.com/tn.

  •  
  • Ikgolaganye le Basupi ba ga Jehofa ba ba gaufi le wena. O ka leba “Basupi ba ga Jehofa” mo bukeng ya dinomoro tsa mogala ya lefelo la lona.

^ ser. 4 Gantsi thuto ya Baebele e tshwarelwa motho a le mongwe kgotsa setlhopha.

^ ser. 9 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa. Go setse go gatisitswe dikhopi tsa buka eno di le dimilione di feta 230 ka dipuo di feta 260.