Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

PINA 124

Re Ikanyege ka Metlha

Re Ikanyege ka Metlha

(Pesalema 18:25)

  1. 1. Re’ikanyege go Jehofa,

    Re’ikanyegeng ka metlha.

    Rona batho ba ba’ineetseng,

    Re batla go mo utlwa.

    Re reetsa kaelo ya gagwe,

    Ka gale e’a re thusa.

    Wa’ikanyega; re mo tshepe;

    Mme re se mo tlogele.

  2. 2. Re’ikanyege fa re lekwa,

    Mme re nneng seoposengwe.

    Re rataneng, re tshepaneng,

    Re bontsheng ka ditiro.

    Re tlotla bakaulengwe

    Go tswa ’pelong tsa rona.

    A ka metlha re rataneng;

    Re se ka ra latlhana.

  3. 3. Re’ikanyege fa re kaelwa

    Ke badisa ba rona.

    Fa ba kaela ka lorato,

    A re ba ikobeleng.

    Jah o tla re segofatsa

    Le go re naya maatla.

    Fa ka metlha re’ikanyega,

    Modimo’o tla re rata.