Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

PINA 125

“Go Itumela ba ba Kutlwelobotlhoko!”

“Go Itumela ba ba Kutlwelobotlhoko!”

(Mathaio 5:7)

  1. 1. Jah o kutlwelobotlhoko

    O re tlhomogela pelo!

    O’itumelela go aba.

    Gape o a re tlamela.

    Fa batho ba ikwatlhaya,

    Jah o tla ba itshwarela.

    Gonne a re tlhaloganya,

    O tla re’utlwela botlhoko.

  2. 2. Fa re dirile boleo,

    Mme re batla go’itshwarelwa,

    Re tshwanetse go rapela.

    Jesu o ne a re re re:

    “Re itshwarele melato;

    Ka re’itshwaretse ba bangwe.”

    Ruri re tla imologa,

    Mme re tla nna le kagiso.

  3. 3. Fa re abela ba bangwe,

    Ga re tlhoke go itshupa.

    Ga re batle tlotlomalo,

    Re tla aba ka lorato.

    Jehofa o tla re duela,

    Ka gonne o bona tsotlhe.

    Ba ba kutlwelobotlhoko,

    Ba’itumedisa Modimo.

(Bona le Math. 6:2-4, 12-14.)