Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

BalanceFormcreative/iStock via Getty Images Plus

Lwantsha go Jewa ke Bodutu ka go Thusa ba Bangwe—Baebele e a Reng ka Kgang Eno?

Lwantsha go Jewa ke Bodutu ka go Thusa ba Bangwe—Baebele e a Reng ka Kgang Eno?

 Batho ba jewa ke bodutu mme ba bona go le thata go dira ditsala. Baitse bangwe ba tsa kalafi ba akanya gore go thusa ba bangwe go ka dira gore o se ka wa jewa ke bodutu thata.

  •    “Go thusa ba bangwe go ka fokotsa maikutlo a go jewa ke bodutu le go itlhaola mo go ba bangwe.”—U.S. National Institutes of Health.

 Baebele e re naya kgakololo ya gore re ka dira eng go thusa ba bangwe. Go dirisa kgakololo eno go ka re thusa go lwantsha maikutlo a go jewa ke bodutu.

Se o ka se dirang

 Abela ba Bangwe. Batla ditsela tsa go fetsa nako le ba bangwe. Iketleeletse go abelana le ba bangwe se o nang le sone. Ba ka lebogela se o se dirang mme lo ka feleletsa lo le ditsala.

  •    Molaomotheo wa Baebele: “Itlwaetseng go aba, mme batho ba tla lo abela.”—Luke 6:38.

 Thusa ba bangwe. Batla ditsela tsa go thusa batho ba ba nang le mathata. Seo se ka akaretsa go ba reetsa kgotsa go ba thusa ka dilo tse di tla ba imololang.

  •    Molaomotheo wa Baebele: “Tsala e gone go go thusa ka dinako tsotlhe.”—Diane 17:17, Contemporary English Version.

 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ya gore o ka dirisana sentle jang le ba bangwe, bala setlhogo se se reng “Go Dirisana le ba Lelapa le Ditsala.”