Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

NNANG LO DISITSE!

Thubakanyo e e Tshosang ya go Thuntshiwa ga Batho go Ralala Lefatshe—Baebele e a Reng ka Gone?

Thubakanyo e e Tshosang ya go Thuntshiwa ga Batho go Ralala Lefatshe—Baebele e a Reng ka Gone?

 Ka July 2022, go nnile le ditiragalo tse di tshosang tota tse mo go tsone batho ba ileng ba bolawa ka dithunya go ralala lefatshe:

  •   “Go bolawa ga radipolotiki mongwe wa kwa Japane [yo e kileng ya bo e le Tonakgolo e bong Shinzo Abe] go ne ga tsosa tlhakatlhakano kwa nageng eo e bile go ne ga gakgamatsa batho mo lefatsheng lotlhe, segolobolo ka gonne naga ya Japane ga e na thubakanyo e ntsi e bile e na le melao e e gagametseng.”—July 10, 2022, The Japan Times.

  •   “Batho ba kwa Denmark ba tshositswe ke tiragalo e mo go yone monna mongwe a neng a bolaya batho ba le bararo ka sethunya kwa mmolong kwa Copenhagen.”—July 4, 2022, Reuters.

  •   “South Africa: Banna bangwe ba ne ba bolaya batho ba le 15 ka dithunya kwa bareng kwa Soweto.”—July 10, 2022, The Guardian.

  •   “Batho ba feta 220 ba ne ba thuntshiwa ba bo ba bolawa kwa United States ka malatsi a boikhutso a a akaretsang July 4.”—July 5, 2022, CBS News.

 A go na le mabaka a go bo re ka dumela gore thubakanyo eno e tla fela? Baebele e a reng ka gone?

Thubakanyo e Tla Fela

 Baebele e bitsa nako e re tshelang mo go yone e re ke ‘malatsi a bofelo,’ e leng nako e batho ba neng ba tla dira dilo tse di setlhogo tse di bontshang gore ba galefile. (2 Timotheo 3:1, 3) Thubakanyo eo e dira gore batho ba nne ba tshogile. (Luke 21:11) Le fa go ntse jalo, Baebele e solofetsa gore mo nakong e e sa fediseng pelo thubakanyo e tla bo e sa tlhole e le teng, mme ‘batho ba tla nna mo lefelong la bonno le le nang le kagiso, mo mafelong a a sireletsegileng le mo mafelong a boikhutso a a ritibetseng.” (Isaia 32:18) Thubakanyo e tla fedisiwa jang?

 Modimo o tla fedisa batho ba ba bosula e bile o tla senya dibetsa.

  •   “Mme badirabosula bone ba tla kgaolwa mo lefatsheng.”—Diane 2:22.

  •   “[Modimo] o fedisa dintwa mo lefatsheng lotlhe. O roba bora e bile o robaganya lerumo; o fisa dikara tsa ntwa ka molelo.”—Pesalema 46:9.

 Modimo o tla fedisa thubakanyo ka go ruta batho gore ba tshele ka kagiso.

  •   “Ga di kitla di baka kotsi epe e bile ga di kitla di senya mo thabeng ya me yotlhe e e boitshepo, ka gonne ruri lefatshe le tla bo le tletse kitso ya ga Jehofa fela jaaka metsi a khurumeditse lewatle.”—Isaia 11:9.

  •   Tota le gone jaanong, Modimo o ruta batho gore ba tlogele thubakanyo le gore ba se ka ba tlhola ba dirisa dibetsa. O ba ruta go “fetola ditšhaka tsa bone ba di dira megoma le marumo a bone ba a dira dikere tse di pomang.”—Mika 4:3.

 Fa o batla go itse mo go oketsegileng ka tsholofetso ya Baebele ya gore batho ba tla tshela mo lefatsheng ba sa boife, bala setlhogo se se reng, “Go Tshela o sa Boife Sepe—A go Ka Kgonega?

 Fa o batla go itse mo go oketsegileng ka se se tla fedisang thubakanyo, bala setlhogo se se reng, “Kgabagare Lefatshe la Nna mo Kagisong!