Isaia 32:1-20

  • Kgosi le dikgosana di tla busa gore go nne le tshiamiso (1-8)

  • Basadi ba ba sa tshwenyegeng ka sepe ba a tlhagisiwa (9-14)

  • Ba tla segofadiwa fa Modimo a ba tshololela moya wa gagwe (15-20)

32  Kgosi+ e tla busa gore go nne le tshiamo,+Le dikgosana di tla busa gore go nne le tshiamiso.   Mme mongwe le mongwe o tla nna jaaka lefelo la go iphitlhela* phefo,Lefelo la go iphitlhela* pula ya matsubutsubu,O tla nna jaaka melatswana ya metsi mo nageng e e se nang metsi,+Le jaaka moriti wa lefika le legolo thata mo lefatsheng le le omeletseng.   Foo matlho a ba ba bonang ga a kitla a tlhola a ngaparagana,E bile ditsebe tsa ba ba utlwang di tla reetsa ka kelotlhoko.   Pelo ya batho ba ba mafega e tla akanyetsa kwa teng ka kitso,Le loleme lo lo kwakwaetsang lo tla bua ka thelelo le ka tsela e e utlwalang sentle.+   Motho yo o bosula ga a kitla a tlhola a bidiwa yo o pelotshweu,Le motho yo o se nang maitseo ga a kitla a bidiwa motlotlegi;   Gonne yo o se nang tlhaloganyo o tla bua se se se nang tlhaloganyo,Le pelo ya gagwe e tla loga maano a a utlwisang botlhoko,+Gore a kgothaletse botlhanogi* le go bua se se sa siamang kgatlhanong le Jehofa,Gore a tsamaise yo o tshwerweng ke tlala a sa fiwa dijoA bo a time yo o tshwerweng ke lenyora sengwe sa go nwa.   Maano a motho yo o se nang maitseo a bosula;+O kgothaletsa boitshwaro jo bo sa siamangGore a senye yo o bogisiwang a dirisa maaka,+Tota le fa mohumanegi a bua se se siameng.   Le fa go ntse jalo, motho yo o pelotshweu o rata go aba,Mme o nna a ntse a aba ka bopelotshweu.   “Lona basadi ba lo sa tshwenyegeng ka sepe, emang mme lo reetse lentswe la me. Lona basetsana ba lo sa kgathaleng,+ tlhwaelang tsebe se ke se buang. 10  Mo lobakeng lo lo fetang ngwaga, lona ba lo sa kgathaleng lo tla tshoga,Ka gonne go tla bo go se na maungo ape a a phuthilweng fa thobo ya morara* e khutla.+ 11  Roromang, lona basadi ba lo sa tshwenyegeng ka sepe! Tshogang, lona ba lo sa kgathaleng! Apolang diaparo tsa lona,Mme lo ikgatlhe ka letsela la kgetsi mo dinôkeng.+ 12  Ititeyeng dihuba lo lele selelo sa khutsafaloKa ntlha ya masimo a a eletsegang le setlhare sa morara se se ungwang. 13  Gonne masimo a batho ba me a tla tlhoga mmitlwa le mengana gotlhe fela;Mme e tla khurumetsa matlo otlhe a boitumelo,One motse o o tletseng boitumelo.+ 14  Gonne tora e e sireleditsweng e tlogetswe fela;Motse o o modumo o tlogetswe fela.+ Ofele+ le tora ya go lebelela di fetogile naga e e kgakgabetseng ka bosakhutleng,E e itumelelwang ke ditonki tsa naga,Le mafulo a matsomane,+ 15  Go fitlha Modimo a re tshololela moya wa gagwe,+Le naga e fetoga tshingwana ya maungo,Le tshingwana ya maungo e kaiwa e le sekgwa.+ 16  Foo tshiamiso e tla aga mo nageng,Le tshiamo e tla nna mo tshingwaneng ya maungo.+ 17  Diphelelo tsa tshiamo ya boammaaruri e tla nna kagiso,+E bile tuelo ya tshiamo ya boammaaruri e tla nna maemo a a ritibetseng le polokesego tse di nnelang ruri.+ 18  Batho ba me ba tla nna mo lefelong la bonno le le nang le kagiso,Mo mafelong a a sireletsegileng le mo mafelong a boikhutso a a ritibetseng.+ 19  Le fa go ntse jalo, sefako se tla digela sekgwa fa fatshe,E bile motse o tla ripitliwa gotlhelele. 20  Go itumela lona ba lo jalang peo gongwe le gongwe kwa go nang le metsi,Ba lo tsamaisang* poo le tonki.”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “lefelo le le sireletsegileng fa go le.”
Kgotsa “Botshabelo fa go le.”
Kgotsa “a dire dilo ka tsela e e sa bontsheng tlotlo.”
Kgotsa “diterebe; moretlwa.”
Kgotsa “gololang.”