Isaia 61:1-11

  • O tloleditswe go rera dikgang tse di molemo (1-11)

    • “Ngwaga wa fa Jehofa a tla bo a amogela batho” (2)

    • “Ditlhare tse dikgolo tsa tshiamo” (3)

    • Batswakwa ba tla thusa (5)

    • “Baperesiti ba ga Jehofa” (6)

61  Moya wa Morena Molaodimogolo Jehofa o mo go nna,+Ka gonne Jehofa o ne a ntlotsa gore ke bolelele ba ba pelonolo dikgang tse di molemo.+ O nthomile gore ke hape ba ba dipelo di phatlogileng,Gore ke bolelele batshwarwa gore ba tla gololwaLe gore ke bule matlho a magolegwa thata,+   Ke itsise ka ngwaga wa fa Jehofa a tla bo a amogela bathoLe ka letsatsi la pusoloso la Modimo wa rona,+Ke gomotse botlhe ba ba hutsafetseng,+   Ke tlhokomele ba ba hutsafaletseng Siona,Ke ba neye serwalo sa tlhogo mo boemong jwa melora,Leokwane la boitumelo mo boemong jwa khutsafalo,Seaparo sa pako mo boemong jwa moya o o hutsafetseng. Mme ba tla bidiwa ditlhare tse dikgolo tsa tshiamo,Tse di jadilweng ke Jehofa, gore di mo galaletse.*+   Ba tla tsosolosa marope a bogologolo;Ba tla tsholetsa mafelo a a kgakgabetseng a metlha ya pele,+E bile ba tla aga sesha metse e e sentsweng,+E leng mafelo a a ntseng a kgakgabetse kokomana morago ga kokomana.+   “Batswakwa ba tla ema ba bo ba disa matsomane a lona,E bile batswakwa+ ba tla nna balemirui ba lona le badiri ba mo masimong a lona a morara.*+   Mme lona, lo tla bidiwa baperesiti ba ga Jehofa;+Ba tla lo bitsa badiredi ba Modimo wa rona. Lo tla ja dikhumo tsa ditšhaba,+E bile lo tla ipelafatsa ka dikhumo* tsa bone.   Mo boemong jwa go tlhabiwa ke ditlhong batho ba me ba tla amogela masego a le mantsi,Mme mo boemong jwa go tlontlololwa ba tla goa ka boitumelo ka gonne ba tla bo ba segofaditswe. Ruri ba tla rua masego a le mantsi mo lefatsheng la bone.+ Ba tla itumela ka bosakhutleng.+   Gonne nna Jehofa, ke rata tshiamiso;+Ke tlhoile bonokwane le tshiamololo.+ Ke tla ba naya dituelo tsa bone ka boikanyegi,E bile ke tla dira kgolagano e e nnelang ruri le bone.+   Bana* ba bone ba tla itsiwe mo ditšhabeng,+Le ditlogolwana tsa bone di tla itsiwe mo merafeng. Botlhe ba ba ba bonang ba tla lemogaGore ke bana* ba Jehofa a ba segofaditseng.”+ 10  Ke tla itumela thata ka ntlha ya ga Jehofa. Ke tla itumela ka pelo ya me yotlhe ka ntlha ya Modimo wa me.+ Gonne o nkapesitse diaparo tsa poloko;+O nthathile ka seaparo se seleele* sa tshiamo,Fela jaaka monyadi yo o rwalang tuku e e kgethegileng e e tshwanang le ya moperesiti,+Le jaaka monyadiwa yo o ikgabisang ka mekgabisa ya gagwe. 11  Gonne fela jaaka lefatshe le ntsha matlhogela a lone,Le jaaka tshingwana e tlhogisa se se jadilweng mo go yone,Ka tsela e e tshwanang, Morena Molaodimogolo JehofaO tla dira gore tshiamo+ le pako di tlhoge+ fa pele ga ditšhaba tsotlhe.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “di mo dire montle.”
Kgotsa “diterebe; moretlwa.”
Seheb., “kgalalelo.”
Seheb., “losika.”
Seheb., “Losika.”
Kgotsa “seaparo se se se nang mabogo.”