Isaia 28:1-29

  • Masetlapelo a wela matagwa a Eferaime (1-6)

  • Baperesiti le baporofeti ba Juda ba a thetheekela (7-13)

  • “Kgolagano le Loso” (14-22)

    • Leje la sekhutlo le le tlhwatlhwakgolo mo Siona (16)

    • Tiro ya ga Jehofa e e sa tlwaelegang (21)

  • Tsela e e botlhale e Jehofa a kgalemelang ka yone e a tlhalosiwa (23-29)

28  Ruri masetlapelo a tla tlela serwalo* se matagwa a Eferaime+ a ikgantshang* ka sone. Ke mokgabisa o montle o o tshwanang le lelômô* le le swabang,Le le mo motseng o o kwa godimo mo mokgatšheng o o nonneng, kwa batho ba ba fekeediwang ke beine ba nnang gone.   Jehofa o na le mongwe yo o nonofileng le yo o maatla. O tla latlhela serwalo seo fa fatshe mo lefatsheng ka maatla,Jaaka sefako se se nang ka dikgadima, e leng phefo ya matsubutsubu e e senyang,Jaaka pula ya matlakadibe ya metsi a morwalela a a maatla.   Dirwalo tse matagwa a Eferaime a ikgantshang* ka tsoneDi tla gatakwa ka dinao.+   Mme lelômô le le swabang la bontle jwa gagwe jo bo galalelang,Le le mo motseng o o kwa godimo mo mokgatšheng wa mmu o o nonneng,Le tla nna jaaka mofeige wa ntlha go butswa pele ga selemo. Fa mongwe a o bona, o o kgetla ka bonako a bo a o kometsa.  Mo letsatsing leo, Jehofa wa masomosomo o tla nna serwalo se se galalelang le kgare e ntle ya malômô mo bathong ba gagwe ba ba setseng.+  O tla dira gore baatlhodi ba atlhole ka tshiamiso e bile o tla naya ba ba thibelang batlhasedi kwa kgorong maatla.+   Bano le bone ba a fapoga ka ntlha ya beine;Dinô tsa bone tse di tagang di dira gore ba thetheekele. Moperesiti le moporofeti ba faposiwa ke bojalwa;Beine e ba tlhakanya tlhogo,E bile bojalwa jwa bone bo dira gore ba thetheekele;Ba a fapoga ka gonne ga ba bone sentle,E bile ga ba atlhole sentle.+   Gonne ditafole tsa bone di tletse matlhatsa a a leswe,Ga go na gope fa a seyong teng.   Motho o tla naya mang kitso,Le gone motho o tla tlhalosetsa mang molaetsa? A o tla tlhalosetsa ba ba sa tswang go kgwisiwa mashi,Ba ba sa tswang go kgwisiwa lebele? 10  Gonne ba re ke “taelo morago ga taelo, taelo morago ga taelo,Thapo morago ga thapo, thapo morago ga thapo,*+Bonnye fano, bonnye fale.” 11  Ka jalo, o tla bua le batho bano a dirisa ba ba kwakwaetsang* le ba ba buang puo e sele.+ 12  O kile a ba raya a re: “Leno ke lefelo la boikhutso. A yo o lapileng a ikhutse; leno ke lefelo la go itapolosa,” mme ba ne ba gana go reetsa.+ 13  Ka jalo, mo go bone lefoko la ga Jehofa e tla nna: “Taelo morago ga taelo, taelo morago ga taelo,Thapo morago ga thapo, thapo morago ga thapo,*+Bonnye fano, bonnye fale,”Gore fa ba tsamayaBa tle ba kgopiwe ba bo ba wela kwa moragoMme ba tla robaganngwa, ba beelwa serai ba bo ba tshwarwa.+ 14  Ka jalo utlwang lefoko la ga Jehofa, lona baikgantshi,Lona babusi ba batho bano mo Jerusalema, 15  Gonne lwa re: “Re dirile kgolagano le Loso,+E bile re dirile tumalano* le Lebitla.* Fa morwalela wa tshoganyetso o o galefileng o kgabaganya,Ga o kitla o fitlha kwa go rona,Gonne re dirile maaka botshabelo jwa ronaE bile re iphitlhile ka maaka.”+ 16  Ka jalo, seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: “Jaanong ke baya leje le le lekilweng e le motheo+ mo Siona,Leje la sekhutlo*+ le le tlhwatlhwakgolo la motheo o o tlhomameng.+ Ga go na ope yo o nang le tumelo yo o tla tshogang.+ 17  Mme ke tla dira gore tshiamiso e nne thapo e e lekanyang+Le tshiamo e nne sedirisiwa se se tlhamalatsang.*+ Sefako se tla senya botshabelo jwa maaka,Le metsi a tla gogola lefelo la go iphitlha. 18  Kgolagano ya lona le Loso e tla senyega,E bile tumalano ya lona le Lebitla* ga e kitla e nnela ruri.+ Fa morwalela wa tshoganyego o o galefileng o kgabaganya,O tla lo gogola. 19  Nako le nako fa morwalela oo o kgabaganya,O tla lo gogola;+Gonne o tla kgabaganya moso mongwe le mongwe,Bosigo le motshegare. Letshogo ke lone fela le tla dirang gore ba tlhaloganye se ba neng ba se utlwa.”* 20  Gonne bolao bo bokhutshwane thata gore motho a ka namalala mo go jone,E bile shiti e tshesane thata gore motho a ka iphutha ka yone. 21  Gonne Jehofa o tla ema fela jaaka kwa Thabeng ya Perasime;O tla fuduega jaaka kwa mokgatšheng* o o gaufi le Gibeone,+Gore a tle a dire tiro ya gagwe, e leng tiro e e sa tlwaelegangLe gore a tle a dire mmereko wa gagwe, e leng mmereko o o sa tlwaelegang.+ 22  Jaanong lo se ka lwa sotla,+Gore dikgole tse lo bofilweng ka tsone di se ka tsa gagamadiwa le go feta,Gonne ke utlwile Morena Molaodimogolo, Jehofa wa masomosomo,A bolela gore go dirilwe tshwetso ya gore naga* yotlhe e fedisiwe.+ 23  Sekegang tsebe mme lo reetse lentswe la me;Tlhwayang tsebe mme lo reetse se ke se buang. 24  A molemi o tlhola a lema letsatsi lotlhe pele ga a jala peo? A o nnela go thuba makwete le go lekalekanya mmu wa tshimo ya gagwe?+ 25  Fa a sena go o lekalekanya,A ga a gase kumina yo montsho a bo a jala kumina yo mongwe,E bile a ga a leme korong, lebêlêbêlê* le barele mo mafelong a tsoneLe korong+ e e tlhabang mo matlhakoreng? 26  Gonne Modimo o mo ruta* tsela e e siameng. O a mo kaela.+ 27  Gonne kumina yo montsho ga a thubiwe ka selei sa go photha,+E bile leotwana la kara ga le tsamaisiwe mo godimo ga kumina yo mongwe. Go na le moo, kumina yo montsho o phothiwa ka thobane,Mme kumina yo mongwe o phothiwa ka thobane. 28  Ka nako ya go photha, a motho o thuga korong gore e nne bupi jwa go dira senkgwe? Nnyaa, ga a e phothe a sa kgaotse;+Mme fa a tsamaisa leotwana la kara ya gagwe mo godimo ga yone ka dipitse tsa gagwe,Ga a e thuge.+ 29  Seno le sone se tswa kwa go Jehofa wa masomosomo,Yo kgakololo* ya gagwe e leng molemoLe yo o fitlheletseng dilo tse dikgolo.*+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “sethunya.”
Go ka tswa go tewa motsemogolo, e leng Samarea.
Kgotsa “ipelafatsang; ikgogomosang.”
Kgotsa “ipelafatsang; ikgogomosang.”
Kgotsa “Thapo e e lekanyang mo godimo ga thapo e e lekanyang, thapo e e lekanyang mo godimo ga thapo e e lekanyang.”
Seheb., “ba ba melomo e e kwakwaetsang.”
Kgotsa “Thapo e e lekanyang mo godimo ga thapo e e lekanyang, thapo e e lekanyang mo godimo ga thapo e e lekanyang.”
Kgotsa gongwe “re diragaditse ponatshegelo.”
Kgotsa “Sheole.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Kgotsa “mogala o o tlhamalatsang.”
Kgotsa “Sheole.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Kgotsa gongwe “Fa ba tlhaloganya, ba tla welwa ke poifo e kgolo.”
Kgotsa “kwa lebaleng le le kwa tlase.”
Kgotsa “lefatshe.”
Semela se se tshwanang le korong se se nang le ditlhaka tse dinnye.
Kgotsa “kgalemela ka; otlhaya ka.”
Kgotsa “boikaelelo.”
Kgotsa “Le yo botlhale jwa gagwe jo bo mosola bo leng bogolo.”