Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

JW LIBRARY

Boela Kwa Dilong Tse o Setseng o di Badile mo iOS

Boela Kwa Dilong Tse o Setseng o di Badile mo iOS

JW Library e na le rekoto ya ditlhogo le dikgaolo tsa Baebele tse o setseng o di badile. Seno se go thusa gore o kgone go boela kwa temaneng e o kileng wa e bala.

Latela ditaelo tseno fa o dirisa karolo eno:

 Boela Kwa Dilong Tse o Setseng o di Badile

Tobetsa Bible lobakanyana mme go tla tlhaga ditemana tse o setseng o di badile. Tobetsa temana eo fa o batla go boela kwa go yone.

Tobetsa Publications lobakanyana mme go tla tlhaga ditlhogo tsotlhe tse o setseng o di badile. Tobetsa setlhogo se o batlang go boela kwa go sone.

 Ntsha Dilo Tse o Setseng o di Badile

Tobetsa Bible kgotsa Publications lobakanya mme go tla tlhaga dilo tse o setseng o di badile. Tobetsa Clear mme e tla di ntsha tsotlhe.

Diphetogo tseno di ile tsa gololwa ka May 2014 mo JW Library 1.2, mme di bereka mo didirisiweng tsa iOS 6.0 kgotsa tse di tlileng morago ga yone. Fa di sa tlhagelele mo sedirisiweng sa gago, tsweetswee latela ditaelo tse di mo setlhogong se se reng “Simolola go Dirisa JW Library mo Didirisiweng Tsa Apple (iOS)” mo karolong e e reng Get the Latest Features.