Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

JW LIBRARY

Go Tshwaya Dintlha Le go Di Rulaganya mo Windows

Go Tshwaya Dintlha Le go Di Rulaganya mo Windows

Karolo eno ya JW Library e go thusa go tshwaya fa o badileng gone. Kgatiso nngwe le nngwe e e mo JW Library e na le matshwao a le 10.

Latela ditaelo tseno fa o a dirisa:

 Tsenya Letshwao le Lesha

O kgona go tshwaya setlhogo, kgaolo, serapa kgotsa temana nngwe ya Baebele.

Fa o bala setlhogo kgotsa kgaolo nngwe mme o batla go e tshwaya, tobetsa letshwao leno le le tlhagang ka fa mojeng kwa godimo mo sekirining. Go tla tlhaga dikgatiso tse o setseng o di tshwaile. Fa o batla go tsenya letshwao mo kgatisong e o e butseng, tobetsa letshwao le go se nang kgatiso epe mo go lone mme setlhogo se o se balang se tla tsena mo letshwaong leo.

Fa o batla go tshwaya serapa kgotsa temana nngwe ya Baebele, simolola ka go tobetsa mafoko, go tswa foo go tla tlhaga lebokoso o bo o tobetsa letshwao la Bookmark.

 Ya Kwa Dilong Tse o di Tshwaileng

Fa o batla go ya kwa dilong tse o di tshwaileng, bula kgatiso eo o bo o tobetsa letshwao la Bookmark. Tobetsa ntlha e o batlang go e bona.

 Rulaganya Dilo Tse o di Tshwaileng

O kgona go ntsha ntlha e o setseng o e tshwaile kgotsa o kgona go tsenya e nngwe mo boemong jwa yone.

  • Fa o batla go ntsha ntlha e o e tshwaileng, ya kwa kgatisong eo o bo o tobetsa letshwao la Bookmark. Tobetsa didoto tse tharo tse di fa thoko ga ntlha e o batlang go e ntsha o bo o tobetsa Delete.

  • Fa o batla go ntsha ntlha o bo o tsenya e nngwe, ya kwa dintlheng tsotlhe tse o di tshwaileng o bo o tobetsa didoto tse tharo tse di fa thoko ga ntlha e o batlang go e ntsha. Go tswa foo, tobetsa Replace. O kgona go dira seno fa o ntse o bala. Ka sekai, o kgona go bona gore o tsamaya kae ka mmalo wa Baebele.

Diphetogo tseno di ile tsa gololwa ka August 2014 mo JW Library 1.3, mme di bereka mo didirisiweng tsa Windows 8.0 kgotsa tse di tlileng morago ga yone. Fa di sa tlhagelele mo sedirisiweng sa gago, tsweetswee latela ditaelo tse di mo setlhogong se se reng “Simolola go Dirisa JW Library mo Windows,” mo karolong e e reng Get the Latest Features.