Fetela kwa tshedimosetsong

Baebele ya Reng ka go Nyalana ga Batho ba Ditso Tse di Farologaneng?

Baebele ya Reng ka go Nyalana ga Batho ba Ditso Tse di Farologaneng?

Karabo ya Baebele

Modimo o amogela lenyalo la monna le mosadi ba ba tswang mo ditsong tse di farologaneng ka gonne mo go ene ditso tsotlhe di a lekana. Baebele ya re: “Modimo o tshwara batho botlhe ka go lekana . . . , go sa kgathalesege gore ke ba lotso lofe.”—Ditiro 10:34, 35, Good News Translation.

Ela tlhoko mengwe ya melaometheo ya Baebele e e amanang le lenyalo le gore ditso di a lekana.

Ditso tsotlhe di tswa mo motsweding o le mongwe

Batho botlhe ba tswa mo mothong wa ntlha e bong Adame le mosadi wa gagwe, Efa, yo Baebele e mmitsang “mmabatshedi botlhe.” (Genesise 3:20) Ka ntlha ya seno Baebele ya re ka Modimo: “O dirile setšhaba sengwe le sengwe sa batho go tswa mo mothong a le mongwe.” (Ditiro 17:26) Go sa kgathalesege gore ke ba lotso lofe, batho botlhe ke karolo ya lelapa le le lengwe fela. Mme go tweng fa e le gore go tlhaolwa ka ditso kgotsa ka maemo go tlwaelegile thata kwa o nnang gone?

Batho ba ba botlhale ba a ‘gakololana’

Le fa Modimo a amogela lenyalo la batho ba ditso tse di farologaneng, ga se batho botlhe ba ba dumalanang le seno. (Isaia 55:8, 9) Fa o akanyetsa go nyalana le motho wa lotso lo sele, wena le motho yo e tla nnang molekane wa gago lo tshwanetse go tlotla ka dintlha tse di latelang:

  • Lo tla lebana jang le dikgatelelo tse di ka bakiwang ke batho ba lefelo la lona kgotsa ba lelapa?

  • Lo tla thusa bana ba lona jang gore ba fenye tlhaolele?

Go ‘gakololana’ ka tsela eno go tla lo thusa gore lenyalo la lona le atlege.—Diane 13:10; 21:5.