Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 BAEBELE YA RENG?

Go Tlhaola Batho ka Lotso

Go Tlhaola Batho ka Lotso

Ditso tsa batho di simologile kae?

“Adame a raya mosadi wa gagwe leina a re Efa, ka gonne o ne a tshwanetse go nna mmabatshedi botlhe.”Genesise 3:20.

SE BAITSE BA SE BUANG

Mokgatlho wa United Nations Educational, Scientific and Cultural Organization (UNESCO) wa re “batho botlhe ke ditshedi tsa mofuta o le mongwe fela mme ba tswa mo mothong a le mongwe fela.”—Kitsiso E e Ka ga Lotso le go Tlhaola Batho ka Lotso, 1978.

SE BAEBELE E SE BUANG

Modimo o ne a bopa batho ba babedi e bong Adame le Efa mme a ba raya a re: “Atang lo ntsifale lo tlatse lefatshe lo bo lo le fenye.” (Genesise 1:28) Ka jalo, Adame le Efa ba ile ba nna rre le mmè wa batho botlhe. Moragonyana fa morwalela o ne o gogola bontsi jwa batho mo lefatsheng, go ne ga falola malapa a le manè—Noa le mosadi wa gagwe mmogo le barwaabone ba bararo le basadi ba bone. Baebele e ruta gore rotlhe re tswa mo go bomorwa Noa.—Genesise 9:18, 19.

 A go na le lotso longwe lo lo fetang lo longwe?

[Modimo] o dirile setšhaba sengwe le sengwe sa batho go tswa mo mothong a le mongwe, gore ba nne mo godimo ga lefatshe lotlhe.”—Ditiro 17:26.

SE BANGWE BA SE BUILENG

Mo lekgolong la bo20 la dingwaga, ditlhopha di le mmalwa di ne tsa simolola go nna le dikgopolo tsa go tlhaola batho ka lotso. Ka sekai, Banasi ba ne ba dumela gore lotso lwa bone lo feta ditso tse dingwe ka ntlha ya dijini tsa bone. Ka fa letlhakoreng le lengwe, UNESCO e e nopotsweng pelenyana e ile ya re ditso tsotlhe di a lekana ka gonne di tswa mo mogologolwaneng a le mongwe.

SE BAEBELE E SE BUANG

Ditiro 10:34, 35 ya re: “Modimo ga a na tlhaolele, mme mo setšhabeng sengwe le sengwe motho yo o mmoifang a ba a dira tshiamo o a amogelesega mo go ene.” Ka ntlha ya seno, ga go na ope yo go ka tshwanelang gore a tseye lotso longwe lo le kwa godimo ga lo longwe.

Jesu o ne a beela Bakeresete molao fa a ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Lona lotlhe lo bakaulengwe.” (Mathaio 23:8) O ne a rapela gore balatedi ba gagwe ba nne seoposengwe le gore “ba itekanedisiwe mo go nneng mongwe,” ba sa kgaoganngwa kgotsa ba sa kgethololwe.—Johane 17:20-23; 1 Bakorintha 1:10.

A go tlhaola batho ka lotso go tla tsamaya go fela?

“Kwa bofelong jwa metlha thaba ya ntlo ya ga Jehofa e [tla tlhomamisiwa] thata . . . , mme ditšhaba tsotlhe di tla ologela kwa go yone.”—Isaia 2:2.

SE BANGWE BA SE AKANYANG

Mathata a a ntseng a tswelela pele a go tlhaola batho ka lotso a dira gore batho kwa dinageng di le dintsi ba ipotse gore a setšhaba se dirile kgatelopele nngwe ya botlhokwa go fedisa go tlhaola batho ka lotso. Bangwe ba swetsa ka gore ba ka se tsamaye ba bona go lekalekana ga ditso.

SE BAEBELE E SE BUANG

Modimo a ka se letlelele go tlhoana ga ditso go ya go ile. Go farologana le moo, mo Bogosing jwa gagwe, banna le basadi ba ba tla bong ba “tswa mo merafeng yotlhe le ditso le ditšhaba le diteme” ba tla mo direla ka kutlwano, ba bontsha beng ka bone lorato lwa mmatota. (Tshenolo 7:9) Bogosi jwa Modimo ga se boemo bongwe fela jwa pelo. Go na le moo, ke puso ya mmatota e e tla dirang dilo tse dikgolo mo lefatsheng la rona—lone lefelo le Modimo a neng a ikaeletse gore batho botlhe ba nne mo go lone go se na dithibelo tsa lotso. *

^ ser. 15 Fa o batla go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bona kgaolo 3 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.