Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 21

Bethele ke Eng?

Bethele ke Eng?

Lephata la Botaki, U.S.A.

Jeremane

Kenya

Colombia

Lefoko la Sehebera Bethele, le kaya “Ntlo ya Modimo.” (Genesise 28:17, 19) Ke leina le le tshwanelang sentle meago e Basupi ba ga Jehofa ba e agileng mo lefatsheng lotlhe. Tiro ya go rera e kaelwa le go engwa nokeng gone. Setlhopha se se Laolang se direla kwa ntlokgolong ya lefatshe lotlhe e e kwa New York State, U.S.A. Ke sone se etelelang pele tiro e e dirwang mo diofising tsa makala tse di mo dinageng di le dintsi. Batho ba ba direlang kwa diofising tseno ba bidiwa lelapa la Bethele. Fela jaaka lelapa lengwe le lengwe, ba nna mmogo, ba bereka mmogo, ba ja mmogo e bile ba ithuta Baebele mmogo ka kutlwano.—Pesalema 133:1.

Lefelo le le tlhomologileng le go nnang batho ba ba ithaopang ka go rata. Kwa meagong yotlhe ya Bethele, go na le banna le basadi ba Bakeresete ba ba dirang ka natla go dira thato ya Modimo le go baya dilo tse di direlwang Bogosi kwa pele mo matshelong a bone, ba dira jalo ka nako e e tletseng. (Mathaio 6:33) Ga go ope wa bone yo o duelwang mme botlhe ba fiwa bonno le dijo le madinyana a a ba thusang go duelela ditshenyegelo tsa bone. Mongwe le mongwe kwa Bethele o na le tiro e a e abetsweng, e ka tswa e le mo ofising, kwa boapeelong kgotsa kwa go jelwang gone. Ba bangwe ba bereka kwa go gatisiwang kgotsa kwa go dirwang dibuka gone, ba bangwe ba dira tiro ya go phepafatsa, go tlhatswa diaparo, go baakanya dilo le ditiro tse dingwe.

Ke lefelo le go dirwang ka natla go ema tiro ya go rera ka Bogosi nokeng. Boikaelelo jo bogolo jwa Bethele nngwe le nngwe ke go dira gore boammaaruri jwa Baebele bo fitlhelele batho ba le bantsi ka mo go ka kgonegang ka teng. Boroutšhara jono ke bosupi jwa seo. Bo kwadilwe ka kaelo ya Setlhopha se se Laolang, mme jwa romelwa ka mokgwa wa eleketeroniki kwa ditlhopheng tsa baranodi di le makgolokgolo mo lefatsheng lotlhe. Bo gatisitswe ka metšhini e e gatisang ka lobelo lo lo kwa godimo kwa meagong e go gatisiwang mo go yone mo makaleng a le mmalwa mme jwa romelwa kwa diphuthegong tse di fetang 100 000. Tiro eno yotlhe e maloko a malapa a Bethele a e dirang, a e dira go ema nokeng ka botlalo tiro e e potlakileng go gaisa tsotlhe—go rera dikgang tse di molemo.—Mareko 13:10.

  • Ke bomang ba ba direlang kwa Bethele mme ba tlamelwa jang?

  • Ditiro tse di dirwang kwa meagong ya Bethele di ema nokeng tiro efe e e potlakileng?