Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 23

Dikgatiso Tsa Rona di Kwalwa le go Ranolwa Jang?

Dikgatiso Tsa Rona di Kwalwa le go Ranolwa Jang?

Lephata la Bokwaledi, U.S.A.

Korea Borwa

Armenia

Burundi

Sri Lanka

Gore re kgone go bolela “dikgang tse di molemo” mo “setšhabeng sengwe le sengwe le lotso le teme le batho,” re dira dikgatiso ka dipuo di feta 750. (Tshenolo 14:6) Re kgona jang go fitlhelela tiro eno e kgolo? Re thusiwa ke ditlhopha tsa bakwadi ba ba mo lefatsheng lotlhe le setlhopha sa baranodi ba ba dirang ka natla—botlhe ke Basupi ba ga Jehofa.

Tshedimosetso e kwalwa pele ka Seesemane. Setlhopha se se Laolang se okamela tiro e e dirwang ke Lephata la Bokwaledi le le kwa ntlokgolo ya lefatshe lotlhe. Lephata leno le rulaganya dikabelo tsa bakwadi ba ba direlang kwa ntlokgolo le kwa diofising tse dingwe tsa makala. Go nna le ditlhopha tsa bakwadi ba ba tswang mo dinageng tse di farologaneng go re thusa gore re kwale ka ditlhogo tse di amang batho ba ba tswang mo ditsong tse di farologaneng.

Tshedimosetso e romelwa kwa baranoding. Fa tshedimosetso e sena go tlhatlhobiwa le go tlhomamisiwa gore e siametse go gatisiwa, e romelwa ka mokgwa wa eleketeroniki kwa baranoding ba ba mo lefatsheng lotlhe, ba ba dirang tiro ya go ranola, go tlhatlhoba gore a dikgopolo tsotlhe tsa Seesemane di ranotswe sentle le go bala tshedimosetso eo gape go utlwa gore a e balega sentle. Ba leka ka natla go tlhopha “mafoko a a nepileng a boammaaruri,” a a tla kgonang go tlhalosa bokao jwa Seesemane sentle ka puo ya bone.—Moreri 12:10.

Dikhomputara di akofisa tiro. Khomputara e ka se kgone go dira tiro e e dirwang ke bakwadi le baranodi. Le fa go ntse jalo, ba ka kgona go dira tiro ya bone ka bonako ba dirisa didikishinare tse di mo khomputareng le didirisiwa tse dingwe tsa go dira dipatlisiso. Basupi ba ga Jehofa ba dirile thulaganyo ya khomputara e e bidiwang Multilanguage Electronic Publishing System (MEPS) e e kgonang go tsenya tshedimosetso ka dipuo di le makgolokgolo le go e kopanya le ditshwantsho gore e baakanyediwe go ya go gatisiwa.

Ke ka ntlha yang fa re dira maiteko a a kanakana a go ranola dikgatiso le ka dipuo tse di buiwang ke batho ba le mmalwa fela? Ke ka gonne thato ya ga Jehofa ke gore “batho ba mefuta yotlhe ba bolokwe mme ba tle mo kitsong e e leng yone, ya boammaaruri.”—1 Timotheo 2:3, 4.

  • Ke tiro efe e e akarediwang fa go kwalwa dikgatiso tsa rona?

  • Ke ka ntlha yang fa re ranola dikgatiso tsa rona ka dipuo di le dintsi jaana?