Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Tla Dira Thato ya ga Jehofa?

A o Tla Dira Thato ya ga Jehofa?

Re lebogela go bo o ile wa ipha nako ya go bala boroutšhara jono gore o kgone go itse Basupi ba ga Jehofa, go ithuta ka ditiro tsa rona le go bona kafa phuthego ya rona e rulagantsweng ka gone. Re solofela gore bo go thusitse gore o kgone go lemoga gore ke rona ba re dirang thato ya ga Jehofa gompieno. Re go kgothaletsa gore o tswelele o ithuta ka Modimo, o bolelela ba lelapa la gago botlhe le ditsala tsa gago ka se o se ithutang le go kopanela mmogo le rona ka metlha kwa dipokanong tsa Bokeresete.—Bahebera 10:23-25.

Fa o ntse o ithuta mo go oketsegileng ka Jehofa, o tla lemoga kafa a go ratang thata ka gone. Le wena o tla tlhotlheletsega go dira sotlhe se o ka se kgonang go bontsha gore o a mo rata. (1 Johane 4:8-10, 19) Mme gone, o ka bontsha jang gore o batla go dira seo mo botshelong jwa gago jwa letsatsi le letsatsi? Ke ka ntlha yang fa o batla go ikobela melao ya gagwe ya boitsholo? Mme ke eng se se tla go thusang gore o batle go dira thato ya Modimo mmogo le rona? Motho yo o go rutang Baebele o tla itumelela go go thusa go bona dikarabo gore wena le ba lelapa la gago lo kgone go ‘ipoloka mo loratong lwa Modimo, lo solofetse botshelo jo bo sa khutleng.’—Jude 21.

Re go laletsa ka lorato gore o tswelele o gatela pele mo boammaaruring ka gore o ithute kgatiso ya “Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo.”