Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Motlotlo wa Lelapa

Motlotlo wa Lelapa

Motlotlo wa Lelapa

Ke Eng se se Tlhaelang mo Setshwantshong Seno?

Bala Baatlhodi 7:15-22. Jaanong leba setshwantsho. Ke dilo dife tse di tlhaelang? Kwala dikarabo tsa gago mo meleng e e kafa tlase.

1. ․․․․․

2. ․․․․․

3. ․․․․․

TSE GO KA TLOTLIWANG KA TSONE:

Ke ka ntlha yang fa Gidione le banna ba gagwe ba ne ba fenya ntwa? Ke eng fa Gidione le banna ba gagwe ba ne ba le pelokgale jaana? Ke leng o ka tshwanelang ke go nna pelokgale jaaka Gidione?

O ITSE ENG KA KGOSI DAFIDE?

4. Dafide o ne a na le bomogoloe ba le ba kae?

NTLHA E E KA THUSANG: Bala 1 Samuele 16:10, 11.

․․․․․

5. Leina la morwarraagwe Dafide yo mogolo e ne e le mang?

NTLHA E E KA THUSANG: Bala 1 Samuele 17:28.

․․․․․

TSE GO KA TLOTLIWANG KA TSONE:

O akanya gore ke ka ntlha yang fa morwarraagwe Dafide yo mogolo a ne a mo tshwara makgwakgwa jaana? Ke eng fa o tshwanetse go nna pelonomi mo go bomorwarrago le bomorwadiarrago?

BANA BATLANG DITSHWANTSHO TSENO

A o ka kgona go bona ditshwantsho tseno mo makasineng ono? Tlhalosa ka mafoko a gago gore go direga eng mo setshwantshong sengwe le sengwe.

TSE DI TSWANG MO MAKASINENG ONO

Araba dipotso tseno o bo o feleletsa ditemana tsa Baebele tse di tlhaelang fano.

TSEBE 4 Lenyalo ke sebofo sa mofuta ofe? Mathaio 19:․․․

TSEBE 9 “Ke bontle” go dira eng? Diane 19:․․․

TSEBE 12 Pelo e ntse jang? Jeremia 17:․․․

TSEBE 22 Tumelo ke eng? Bahebera 11:․․․

● Dikarabo di mo tsebeng ya 15

DIKARABO TSA DIPOTSO TSE DI MO TSEBE 31

1. Dinaka.

2. Dinkgo.

3. Dirumola tsa molelo.

4. Supa.

5. Eliabe.