Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Intsha Mmogo ka Maikaelelo a go Nyalana

Go Intsha Mmogo ka Maikaelelo a go Nyalana

Baebele ya Reng

Go Intsha Mmogo ka Maikaelelo a go Nyalana

Julie le Lee ba ne ba intsha mmogo mme ba ne ba ikemiseditse gore ba tla nna ba na le boitsholo jo bo phepa. * Mme maitseboa mangwe fa ba ne ba le nosi, maikutlo a bone a tlhakanelodikobo a ne a gola. Ka lesego, ba ne ba itharabologelwa pele ba dira phoso e e masisi.

KOBAMELO ya boammaaruri e akaretsa se se fetang fela go nna teng kwa tirelong ya bodumedi beke le beke. Ke tsela ya botshelo e e tlhotlheletsang boitshwaro jwa motho le melao ya boitsholo jwa gagwe. Jesu Keresete o ne a re ke ba ba “dirang thato” ya Modimo fela ba Modimo a tla ba amogelang. (Mathaio 7:21) Gore re itumedise Modimo, re tshwanetse go dira gore kamano ya rona le batho ba bong bo sele e nne e e tlotlegang mme re intshe mmogo ka boikaelelo jwa go nyalana.

Lo ka boloka jang thatano ya lona e le phepa mo matlhong a Modimo, bogolo jang ka gonne baratani ba na le kgatelelo e kgolo ya go itlhokomolosa melao e e phepa ya boitsholo? Sa ntlha, elang tlhoko gore melao ya Modimo e diretswe go re solegela molemo. Sa bobedi, amogela boammaaruri jwa kafa batho ba ba sa itekanelang ba itshwarang ka teng. Sa boraro, tlhomang melao e e tlhomameng ya kafa lo tla itshwarang ka teng. Mme sa bonè, dirang gore Modimo a nne gone mo kamanong ya lona. Sekaseka dintlha tseno ka bongwe ka bongwe.

Melao e e Diretsweng go re Solegela Molemo

Mo go Isaia 48:17, 18 re bala jaana: “Nna Jehofa, ke Modimo wa gago, yo ke go rutang gore o solegelwe molemo, yo ke dirang gore o gate mo tseleng e o tshwanetseng wa tsamaya mo go yone. Fa fela o ne o ka tlhwaela ditaolo tsa me tsebe! Foo kagiso ya gago e ne e tla nna fela jaaka noka, le tshiamo ya gago jaaka makhubu a lewatle.”

Ee, ditaelo le melaometheo e e kwadilweng mo Lefokong le le tlhotlheleditsweng la Modimo, e leng Baebele e e Boitshepo, di diretswe go solegela rona molemo. (2 Timotheo 3:16, 17) Ke bosupi jwa gore Mmopi wa rona tota o amega ka rona mme o batla gore re itumele mme re atlege mo go sengwe le sengwe se re se dirang mo botshelong. (Pesalema 19:7-10) A ke kafa o ikutlwang ka teng mo pelong ya gago? Fa e le gore go ntse jalo, o bontsha botlhale jwa mmatota.

Amogela Boammaaruri ka ga Gago

Jaaka tsala ya boammaaruri, Jehofa o a ikanyega mo go rona; o re bolelela boammaaruri ka rona. Ka sekai, Lefoko la gagwe le re tlhagisa gore “pelo e boferefere go gaisa sengwe le sengwe mme e gagamalela se e se batlang. Ke mang yo o ka e itseng?” (Jeremia 17:9) Gape Baebele e bolela jaana: “Yo o ikanyang pelo ya gagwe o sematla, mme yo o tsamayang ka botlhale ke ene yo o tla falolang.”—Diane 28:26.

Batho ba ba intshang mmogo ba ka bontsha jang gore ba ikanya dipelo tsa bone? Tsela e nngwe ke ka go itetla gore ba nne mo seemong se ba ka raelesegang mo go sone ka go bontshana lorato ka tsela e e feteletseng, jaaka baratani ba ba umakilweng kwa godimo. Tsela e nngwe ke ka go itlhokomolosa kgakololo e e botlhale ya batsadi ba ba boifang Modimo. Batsadi ba ba ntseng jalo ba itse gore maikutlo a tlhakanelodikobo, bogolo jang ka nako ya bosha, a ka tshwana le enjene e e maatla e e tshwanetseng go laolwa sentle.

Ka jalo, basha ba ba ‘tsamayang mo botlhaleng jwa bomodimo’ ba tsaya kaelo ya batsadi masisi. Ee, ba tsaya tsia kgakololo ya batsadi ba ba ba ratang mo ba ka ba bolelelang dilo tse ba ka se kang ba rata go di utlwa. Gone mme, yo o lo ratang go gaisa ke Rraalona wa kwa legodimong e bong Jehofa Modimo, yo o lo gakololang go ‘tlosa matshwenyego mo dipelong tsa lona, lo bo lo thibose masetlapelo mo nameng ya lona.’ (Moreri 11:9, 10) Lo ka dira seo jang? Ka go se ineele mo dikeletsong tse di sa siamang.

Itlhomeleng Melao e e Tlhomameng ya Kafa lo Tla Itshwarang ka Teng

“Go na le botlhale mo go ba ba gakololanang.” (Diane 13:10) Fa ba simolola go ratana, baratani ba ba botlhale ba dirisa mafoko ao, ba dumalana ka ditsela tse di siameng tsa Dikwalo tsa go bontshana lorato mme ba bo ba ikemisetsa go di latela. Go bontshana lorato ka ditsela tse di sa tshwanelang kgotsa go itshepa ka tsela e e feteletseng go tshwana le go kgweetsa ka tsela e e kotsi. Go tla bo go le thari go dira ditshwetso tsa gore o tla dira eng gore o babalesege mo tseleng fa o setse o ntshiwa mo letlhekgeng la koloi!

Baebele ya re: “Monna [kgotsa mosadi] yo o botlhale ke yo o boneng mathata a tla mme a bo a iphitlha. Dieleele di tsena mo go one mme di bo di boga ditlamorago tsa gone.” (Diane 22:3, The New English Bible) Baratani ba ka tila mathata a mantsi ka go intsha ba le setlhopha kgotsa ka go tsamaya le mongwe yo o ba bayang leitlho. Ditlamorago tsa boeleele fa lo sa ntse lo intsha mmogo di ka akaretsa segakolodi se se utlwileng botlhoko, go se itlotle le go se tlotle motho yo mongwe, le ditlhong tse o di tlisetsang botlhe ba ba amegang, go akaretsa le maloko a lelapa. Ka jalo, nnang botlhale; dumalanang go dirisa melao ya Dikwalo mme lo ikemisetse go e latela!

Dirang Jehofa ‘Mogala wa Boraro’

Lenyalo le tshwana le mogala o o menaganeng seraro mme Modimo ke mogala wa konokono. Moreri 4:12 ya re: “Mogala o o menaganeng seraro ga o ka ke wa kgaoganngwa sebedi ka bonako.” Molaomotheo ono o ka dira le mo bathong ba ba intshang mmogo. Batho ba ba batlang tshegofatso ya Modimo mo kamanong ya bone ba amogela tshegofatso eo, fa mongwe le mongwe wa bone a nna gaufi le Modimo. Pesalema 1:1-3 ya re: “Go itumela motho yo o sa tsamayang mo kgakololong ya baikepi, . . . Mme o natefelelwa ke molao wa ga Jehofa, o balela molao wa gagwe kwa tlase motshegare le bosigo . . . , mme sengwe le sengwe se a se dirang se tla atlega.”

Ee, katlego ya mmatota mo botshelong, go akaretsa go atlega mo thatanong le mo lenyalong, go nna gone fa re dira dilo ka tsela ya ga Jehofa. Tota e bile, ke Mmopi wa rona, mme maikutlo a lorato le lenyalo ke dimpho tse di tswang kwa go ene. Ka jalo, re tshwanetse go di tlotla thata.—Jakobe 1:17.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 Maina mangwe a fetotswe.

A O KILE WA IPOTSA GORE. . .

● Re itse jang gore Modimo o re batlela se se molemo?—Isaia 48:17, 18.

● Re tshwanetse go amogela boammaaruri bofe ka rona?—Jeremia 17:9.

● Sephiri sa go atlega ke sefe fa lo ntse lo intsha mmogo mme moragonyana le mo lenyalong?—Pesalema 1:1-3.

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Fa ba simolola go ratana, baratani ba ba botlhale ba dirisa mafoko ao, ba dumalana ka ditsela tse di siameng tsa Dikwalo tsa go bontshana lorato mme ba bo ba ikemisetsa go di latela