Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tsogang! e Thusa go Boloka Ngwana yo o Iseng a Tsholwe

Tsogang! e Thusa go Boloka Ngwana yo o Iseng a Tsholwe

Tsogang! e Thusa go Boloka Ngwana yo o Iseng a Tsholwe

● Mosadi mongwe wa kwa Mexico yo o bidiwang Anita o ne a na le bana ba le bararo mme o ne a imile gape. * O ne a bolelela monna wa gagwe gore ga a batle lesea le lengwe, mme o tla dira sengwe le sengwe gore a se ka a nna le lone. Mme o ne a tshosetsa le gore o tla ipolaya! Ka nako eo, Anita o ne a ithuta Baebele le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa mme o ne a sa dire kgatelopele e e kalo. A re: “Ke ne ke le mabela.”

Mosupi yo o neng a ithuta le Anita o ne a mo tlhalosetsa melaometheo ya Baebele e e botlhokwa. Ka sekai, o ne a bontsha Anita gore botshelo jwa ngwana yo o iseng a tsholwe bo boitshepo mo matlhong a Modimo. Kwa Iseraeleng wa bogologolo, fa mongwe a ne a ka gobatsa mosadi yo o moimana mme ene kgotsa ngwana wa gagwe yo o iseng a tsholwe a swa, Molao wa Modimo o ne o laela gore motho yo o mo gobaditseng a atlholelwe polao. (Ekesodo 21:22, 23) * Mme Anita o ne a sa reetse tota. O ne a feditse le mogopolo wa gagwe go ntsha mpa.

Anita o ne a re: “Mongwe o ne a mpolelela gore fa nka itlhaba ka lomao lo lo nang le seokobatsi se se rileng go tla dira gore mpa e senyege motlhofo. Ka jalo, ke ne ka reka seokobatsi seo mme ka kopa tsala nngwe gore a ntlhabe ka sone. O ne a ntlhaba, mme ga go a ka ga direga sepe. Moragonyana ke ne ka utlwa gore o ne a sa batle go nna le seabe mo go se ke se dirang, ka jalo, ke sa itse o ne a tsenya metsi mo boemong jwa seokobatsi seo.”

Le fa go ntse jalo, Anita o ne a tswelela ka maiteko a gagwe. Mo kgweding ya gagwe ya bonè ya boimana, o ne a bona ngaka e e neng ya dumela go ntsha mpa. Malatsi a le marataro pele ga a ya kwa ngakeng, Mosupi yoo o ne a naya Anita khopi ya setlhogo se se reng “Diary ya Ngwana yo o Iseng a Tsholwe,” e e gatisitsweng mo kgatisong ya Tsogang! ya May 22, 1980 ka Seesemane. “Diary” eo e ne ya konela jaana: “Gompieno mmè o ne a mpolaya.” Mafoko ao a ne a tshosa Anita mme o ne a lela ka diura di le mmalwa. A re: “Kgabagare setlhogo seo se ne sa bula matlho a me.”

Anita o ne a tshola ngwana wa mosetsana yo o itekanetseng. Anita a re: “Gompieno, ke na le tshiamelo ya go itse Jehofa, yo ke mo ratang ka pelo ya me yotlhe.” Mo godimo ga moo, o ruta morwadie Lefoko la Modimo gore le ene a gole a rata Jehofa. Ee ruri, morwadie o dumela gore o filwe botshelo ke Modimo—sa ntlha ka gonne ke Motswedi wa botshelo mme sa bobedi ka gonne dithuto tsa Lefoko la gagwe, jaaka di tlhalositswe mo makasineng wa Tsogang! di mo sireleditse mo kotsing.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 2 Leina le fetotswe.

^ ser. 3 Mafoko a a leng mo puong ya ntlhantlha a akaretsa loso lwa mmè kgotsa la ngwana.