Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Modimo ke ene a dirang gore batho ba boge?

Baebele ya Reng ka Kgang Eno?

Baebele ya Reng ka Kgang Eno?

A Modimo ke ene a dirang gore batho ba boge?

O ne O ka Reng?

  • Ee

  • Nnyaa

  • Gongwe

Se Baebele e se Buang

“A go nne kgakala le Modimo wa boammaaruri go dira ka boikepo, le Mothatayotlhe go dira ka tshiamololo!” (Jobe 34:10) Modimo ga se ene a dirang gore batho ba boge le gore go direge dilo tse di bosula.

Se Gape re se Ithutang mo Baebeleng

  • “Mmusi wa lefatshe” leno e bong Satane Diabolo ke ene a dirang gore batho ba boge.—Johane 14:30.

  • Ka dinako tse dingwe, batho ba boga ka ntlha ya ditshwetso tse di sa siamang tse ba di dirang.—Jakobe 1:14, 15.

A go boga go tla tsamaya go fela?

Batho Bangwe ba Dumela Gore ba ka kgona go fedisa pogo fa ba ka dirisana mmogo mme ba bangwe bone ga ba dumele gore maemo a lefatshe leno a tla tsamaya a fetoga. Wena o akanya eng?

Se Baebele e se Buang

Modimo o tlile go fedisa pogo. “Loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone.”—Tshenolo 21:3, 4.

Se Gape re se Ithutang mo Baebeleng

  • Modimo o tlile go dirisa Jesu go dirolola pogo e e bakilweng ke Diabolo.—1 Johane 3:8.

  • Batho ba Modimo ba tlile go tshelela ruri ka kagiso mo lefatsheng.—Pesalema 37:9-11, 29.