Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SA KA FA NTLE | DITSELA TSA GO ITUMELELA GO BALA BAEBELE

Baebele e ka Tokafatsa Botshelo Jwa Me Jang?

Baebele e ka Tokafatsa Botshelo Jwa Me Jang?

Baebele ga se buka fela e e tlwaelegileng. E na le kgakololo e e tswang kwa Mmoping wa rona. (2 Timotheo 3:16) Molaetsa wa yone o ka ama matshelo a rona fela thata. Tota e bile, Baebele ya re: “Lefoko la Modimo le a tshela e bile le naya maatla.” (Bahebera 4:12) Le na le maatla a go re thusa ka ditsela tseno tse pedi—le re naya kgakololo e re ka e dirisang gone jaanong e bile le re thusa go itse Modimo le ditsholofetso tsa gagwe.—1 Timotheo 4:8; Jakobe 4:8.

Go tokafatsa botshelo gone jaanong. Baebele e kgona go re thusa. E re naya kgakololo mo dilong tse di latelang.

Banyalani bangwe ba kwa Asia ba itumelela go dirisa kgakololo ya Baebele. Fela jaaka batho botlhe ba ba sa tswang go nyalana, le bone ba lebana le kgwetlho ya go tlwaela botho jwa molekane wa lenyalo le go nna le puisano e e molemo. Mme ba ne ba simolola go dirisa se ba neng ba se bala mo Baebeleng. Go ile ga felela ka eng? Vicent a re: “Se ke neng ke se bala mo Baebeleng se ne se nthusa go lebana le dikgwetlho tsa lenyalo ka tsela e e siameng. Go tshela ka melao ya Baebele go re thusitse go itumela.” Mosadi wa gagwe e bong Annalou a re: “Go bala ka dikai tsa mo Baebeleng go ile ga re thusa thata. Gone jaanong ke itumetse e bile ke kgotsofetse ka lenyalo la rona le ka dilo tse re ikaeletseng go di dira mo botshelong.”

Go itse Modimo. Mo godimo ga go nna le lenyalo le le itumetseng, Vicent a re: “Go bala Baebele go dirile gore ke ikutlwe ke atamalane thata le Jehofa go feta pele.” Se Vicent a se buang se re bontsha ntlha ya botlhokwa, gore Baebele e kgona go re thusa go itse Modimo. Fa o itse Modimo, o tla solegelwa molemo ke kgakololo ya gagwe mme gape o ka kgona go nna tsala ya gagwe. Mo godimo ga moo, o tla lemoga gore Modimo o senola dintlha malebana le isagwe ya rona, nako e ka yone re tla bong re itumelela “botshelo jwa mmatota” jo bo tla nnelang ruri. (1 Timotheo 6:19) Ga go na buka epe e e ka re bolelelang dilo tseno.

Fa o bala Baebele ka metlha, le wena o tla bona masego ano, o tla tokafatsa botshelo jwa gago gone jaanong e bile o tla itse Modimo. Le fa go ntse jalo, fa o bala Baebele o tla nna le dipotso di le dintsi. Fa seo se direga, gopola sekao sa modiredipuso wa Moethiopia yo o neng a tshela dingwaga di le 2 000 tse di fetileng. O ne a na le dipotso di le dintsi. Fa a bodiwa gore a o tlhaloganya se a se balang, o ne a re: “Tota, nka tlhaloganya jang, fa mongwe a sa nkaele?” * Go tswa foo, o ne a dumela go thusiwa ke mongwe yo o neng a setse a ithutile Baebele e bong Filipo yo e neng e le morutwa wa ga Jesu. (Ditiro 8:30, 31, 34) Fa le wena o batla go itse mo go oketsegileng ka Baebele, re go laletsa gore o tsenye kopo mo website ya www.ps8318.com/tn kgotsa leba aterese ya lefelo le le gaufi le wena mo diatereseng tse di mo makasineng ono. Gape o ka ikgolaganya le Basupi ba ga Jehofa kgotsa o ka etela Holo ya bone ya Bogosi e e mo lefelong la lona. Ke eng o sa simolole go bala Baebele gompieno mme o e letle gore e fetole botshelo jwa gago?

Fa o akanye gore o ka se kgone go ikanya Baebele ka botlalo, tsweetswee leba bidio e e reng, Re ka Itse Jang Gore Baebele e Boammaaruri? O ka e bona ka go skena khouto kgotsa go tsena mo jw.org/tn o bo o leba karolo e e reng dikgatiso o bo o e batla mo dibidiong

^ ser. 8 Go bona dikai tsa kgakololo e e thusang ya Baebele, ya kwa website ya rona ya jw.org. Leba DITHUTO TSA BAEBELE > DIKARABO TSA DIPOTSO TSA BAEBELE.

^ ser. 11 Gape bona setlhogo se se mo makasineng ono se se reng: “Kotsi Ya go Sa Tlhaloganye Baebele Sentle