Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kotsi Ya go Sa Tlhaloganye Baebele Sentle?

Kotsi Ya go Sa Tlhaloganye Baebele Sentle?

Ngwana yo monnye o bona mosi o tswa mo diphaepeng tsa feketiri o bo o nna jaaka e kete maru. O ithaya a re feketiri eo ke yone e dirang maru. Go a tshegisa go utlwa ngwana a bua jalo. Mme gone, go na le dilo dingwe tse di ka tsenyang matshelo a rona mo kotsing fa re sa di tlhaloganye sentle. Ka sekai, go sa tlhaloganye sentle ditaelo tse di mo botlolong ya molemo go ka nna le diphelelo tse di botlhoko.

Go sa tlhaloganye dilo tse di mo Baebeleng go ka nna le diphelelo tse di botlhoko le go feta. Ka sekai, batho bangwe ba ne ba sa tlhaloganye dilo tse Jesu a neng a di ruta. (Johane 6:48-68) Go na le gore ba leke go tlhaloganya, ba ne ba gana sengwe le sengwe se a neng a se ruta. Ba ile ba latlhegelwa botlhoko tota!

A o bala Baebele ka maikaelelo a gore e go thuse? Fa go le jalo, re a go akgola. A go ka direga gore o se ka wa tlhaloganya se o se balang? Go a tle go diragalele batho ba le bantsi. A re tlotle ka dilo di le tharo tse batho ba sa di tlhaloganyeng sentle.

  • Batho bangwe ga ba tlhaloganye taelo ya Baebele e e reng ba ‘boife Modimo wa boammaaruri.’ Ba akanya gore re tshwanetse go boifa Modimo lebaibai. (Moreri 12:13) Mme Modimo ga a batle gore batho ba ba mo obamelang ba ikutlwe jalo. Modimo a re: “O se ka wa boifa, gonne ke na le wena. O se ka wa leba kwa le kwa, gonne ke Modimo wa gago. Ke tla go thatafatsa. Ke tla go thusa tota.” (Isaia 41:10) Go boifa Modimo go kaya go mo tlotla thata.

  • A lefatshe le tlile go senngwa ka molelo?

    Batho bangwe ga ba tlhaloganye sentle mafoko ano a Baebele a a reng: “Sengwe le sengwe se na le nako e se e tlhometsweng, . . . nako ya go tsholwa le nako ya go swa.” Ba akanya gore Modimo o beile nako e mongwe le mongwe wa rona a tlileng go swa ka yone. (Moreri 3:1, 2) Mme temana eo e bua ka dilo tse di diregang mo botshelong le gore ga go ope yo o ka tshabelang loso. Gape Lefoko la Modimo le re ruta gore ditshwetso tse re di dirang di ka ama botshelo jwa rona. Ka sekai, Baebele ya re: “Go boifa Jehofa go tla oketsa malatsi.” (Diane 10:27; Pesalema 90:10; Isaia 55:3) Jang? Fa re tlotla Lefoko la Modimo re tla tila mekgwa e e jaaka botagwa le boitsholo jo bo sa siamang.—1 Bakorintha 6:9, 10.

  • Batho bangwe fa ba bala mafoko a Baebele a a reng magodimo le lefatshe di “boloketswe molelo,” ba tsaya gore Modimo o tlile go senya polanete eno ya rona. (2 Petere 3:7) Mme Modimo o re solofetsa gore ga a kitla a letla gore polanete ya rona e senngwe. Baebele ya re Modimo o “thaile lefatshe mo mafelong a lone a a tlhomameng; ga le kitla le reketlisiwa ka bosakhutleng, kgotsa ka bosaengkae.” (Pesalema 104:5; Isaia 45:18) Ka jalo, fa Baebele e bua ka lefatshe le le tlileng go senngwa ka molelo, e bua ka batho ba ba bosula e seng polanete ya rona. Magodimo one a ka tswa a kaya loapi, dinaledi kgotsa lefelo le Modimo a nnang kwa go lone. Dilo tseno ga di kitla di senngwa.

GORENG KA DINAKO TSE DINGWE BATHO BA SA TLHALOGANYE BAEBELE SENTLE?

Dikai tse re tlotlileng ka tsone di re bontsha gore gantsi batho ga ba tlhaloganye dilo tse ba di balang mo Baebeleng. Ke eng fa Modimo a letlile gore go nne jalo? Batho bangwe ba ka nna ba re: ‘Fa e le gore Modimo o botlhale e bile o itse dilo tsotlhe, o tshwanetse a ka bo a re neile buka e e kwadilweng ka tsela e e utlwalang sentle gore rotlhe re e tlhaloganye motlhofo. Goreng a sa dira jalo?’ A re sekaseke mabaka a le mararo a go bo batho bangwe ba sa tlhaloganye Baebele.

  1. Baebele e kwadilwe gore e tlhaloganngwe ke batho ba ba ikokobeditseng le ba ba batlang go ithuta. Jesu o ne a raya Rraagwe a re: “Ke go baka phatlalatsa, Rara, Morena wa legodimo le lefatshe, ka gonne o fitlhetse ba ba botlhale le ba ba bonokopela dilo tseno ka kelotlhoko, mme o di senoletse masea.” (Luke 10:21) Baebele e kwadilwe ka tsela ya gore molaetsa wa yone o tlhaloganngwe fela ke batho ba ba ikokobeditseng. Gantsi batho ba ba botlhale thata ba ikgogomosa mme seo se dira gore ba se ka ba tlhaloganya Baebele sentle. Mme batho ba ba tshwanang le “masea,” ba ikokobeditse e bile ba batla go ithuta mme seo se dira gore ba kgone go tlhaloganya molaetsa wa Modimo botoka. Ruri Modimo o kwadile Baebele ka tsela e e botlhale tota!

  2. Baebele e kwaletswe batho ba ba batlang gore Modimo a ba thuse go e tlhaloganya. Jesu o ne a tlhalosa gore batho ba tla tlhoka go thusiwa gore ba tlhaloganye sentle dilo tse a neng a di ruta. Seo se ne se tla direga jang? Jesu o ne a re: “Mothusi, e leng moya o o boitshepo, o Rara a tla o romang ka leina la me, ene yoo o tla lo ruta dilo tsotlhe.” (Johane 14:26) Ka jalo, Modimo o naya batho moya o o boitshepo, e leng maatla a gagwe, go ba thusa go tlhaloganya dilo tse ba di balang mo Baebeleng. Mme Modimo ga a o neye batho ba ba sa batleng thuso ya gagwe, ke ka moo gantsi batho bao ba sa tlhaloganyeng Baebele sentle. Gape moya o o boitshepo o dira gore Bakeresete ba ba tlhaloganyang Dikwalo sentle ba kgone go thusa batho ba ba batlang go ithuta Baebele.—Ditiro 8:26-35.

  3. Ditemana dingwe di tlhaloganngwa fela ka nako e Modimo a e tlhomileng. Ka sekai, moporofeti Daniele o ne a laelwa gore a kwale boporofeti jo bo tla diregang mo isagweng. Moengele o ne a mo raya a re: “Daniele, dira mafoko ano sephiri mme o kanele buka, go fitlha motlha wa bokhutlo.” Go ne ga feta dingwagangwaga batho ba le bantsi ba bala buka ya Baebele ya Daniele mme ba sa kgone go e tlhaloganya sentle. Tota e bile, le Daniele ka boene o ne a sa tlhaloganye dilo dingwe tse a neng a di kwadile. O ne a bua jaana ka boikokobetso: “Ke ne ka utlwa, mme ga ke a ka ka tlhaloganya.” Batho ba ne ba tla feleletsa ba tlhaloganya sentle boporofeti jo Daniele a bo kwadileng mme seo se ne se tla direga fela ka nako e Modimo a e tlhomileng. Moengele o ne a mo raya a re: “Tsamaya, Daniele, ka gonne mafoko ano a dirilwe sephiri e bile a kannwe go fitlha mo motlheng wa bokhutlo.” Ke bomang ba ba tla tlhaloganyang molaetsa wa Modimo? Baebele ya re: “Ga go na bape gotlhelele ba ba boikepo ba ba tla tlhaloganyang; mme ba ba nang le temogo ba tla tlhaloganya.” (Daniele 12:4, 8-10) Ka jalo, Modimo ga a senole bokao jwa ditemana dingwe tsa Baebele go fitlha nako e a e tlhomileng e goroga.

A go kile ga nna le nako e ka yone Basupi ba ga Jehofa ba neng ba sa tlhaloganye ditemana dingwe tsa Baebele sentle? Ee. Mme fa nako ya gore Modimo a tlhalose dilo sentle e goroga, Basupi ba ne ba ikemiseditse go fetola tsela e ba tlhaloganyang dilo ka yone. Basupi ba dumela gore ba etsa sekao sa baaposetoloi ba ga Keresete, ba ka boikokobetso ba ileng ba fetola tsela e ba neng ba akanya ka yone fa Jesu a ba thusa gore ba lebe dilo sentle.—Ditiro 1:6, 7.

E ka tswa e le kgang e e sa reng sepe gore ngwana yo monnye ga a tlhaloganye gore maru a tswa kae. Mme gone, se Baebele e se rutang se botlhokwa fela thata. Molaetsa wa Baebele o botlhokwa thata mo motho a ka se kang a o tlhaloganya sentle fa a o bala a le nosi. Ka jalo, kopa mongwe gore a go thuse go tlhaloganya se o se balang. Batla batho ba ba ithutang Baebele, ba ba kopang Modimo gore a ba neye moya o o boitshepo go tlhaloganya Baebele, batho ba ba tlhomamisegileng gore re tshela mo nakong e mo go yone Modimo a batlang gore re tlhaloganye Baebele go feta le fa e le leng pele. O se ka wa okaoka go bua le Basupi ba ga Jehofa kgotsa go ya kwa website ya bone ya jw.org gore o bale ka dilo tse ba di lemogileng fa ba ithuta Baebele. Baebele ya re: “Fa o tlhaeletsa tlhaloganyo . . .  o tla bona e e leng kitso ya Modimo.”—Diane 2:3-5.