Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kitso e e Dirang Gore re Nne Ditsala Tsa Modimo

Kitso e e Dirang Gore re Nne Ditsala Tsa Modimo

Mmopi wa rona ga se maatla fela a a sa itseng sepe. O na le dinonofo tse di kgatlhang. O batla gore re mo itse gore re kgone go nna ditsala tsa gagwe. (Johane 17:3; Jakobe 4:8) Ke sone se a re bolelelang go le gontsi jaana ka botho jwa gagwe.

Mmopi wa Rona O na Le Leina

“E kete batho ba ka itse gore wena, yo leina la gago e leng Jehofa, wena o le esi o Mogodimodimo, o okametse lefatshe lotlhe.”DIPESALEMA 83:18.

Baebele e ruta gore Jehofa ke ene fela Modimo wa boammaaruri. O bopile dilo tsotlhe gape ke ene fela a tshwanelwang ke gore re mo obamele.—Tshenolo 4:11.

Jehofa ke Modimo yo o Lorato

“Modimo ke lorato.”1 JOHANE 4:8.

Jehofa o dirisa Baebele le dilo tse a di bopileng go re bontsha dinonofo tsa gagwe. Nonofo e a itsegeng ka yone ke lorato. Sengwe le sengwe se a se dirang se tlhotlhelediwa ke lorato. Fa re ithuta ka ene re feleletsa re mo rata.

Jehofa ke Modimo yo o Itshwarelang

“O Modimo yo o ikemiseditseng go itshwarela.”NEHEMIA 9:17.

Jehofa o a itse gore ga re a itekanela. Ka jalo, ‘o ikemiseditse go [re] itshwarela.’ Fa re kopa gore a re itshwarele, re bo re tlogela go dira dilo tse di sa siamang, o tla re itshwarela. —Dipesalema 103:12, 13.

Jehofa o Batla Gore re mo Rapele

“Jehofa o gaufi le botlhe ba ba mmitsang . . . O utlwa selelo sa bone sa go kopa thuso.”—DIPESALEMA 145:18, 19.

Jehofa ga a batle gore re dire meetlo e e rileng kgotsa gore re dirise ditshwantsho fa re mo obamela. O reetsa dithapelo tsa rona jaaka batsadi fa ba reetsa bana ba bone.