Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Modimo o re Ruta Go Nna le Tsholofelo

Modimo o re Ruta Go Nna le Tsholofelo

Modimo o re solofeditse gore o tlile go dira diphetogo tse di itumedisang kwa lefatsheng le lesha. O tlile go fedisa dilo tsotlhe tse di re bogisang a bo a dira gore re tshele monate mo lefatsheng. (Dipesalema 37:11) A re ka dumela se a re solofeditseng sone? Ee, ka gonne “Modimo ga se motho gore a ka bua maaka.” (Dipalo 23:19) A re bone gore ke dilo dife tse di itumedisang tse a tlileng go di dira.

Modimo o Tlile go Nyeletsa Batho ba ba Dirang Dilo Tse di Bosula

“Fa batho ba ba sa siamang ba tlhoga jaaka mefero e a bo e le gore ba tle ba nyelediwe ka bosakhutleng.DIPESALEMA 92:7.

Jaaka re ithutile mo setlhogong se se fetileng, dilo tse di bosula di nna di oketsega. Seno ga se a tshwanela go re makatsa. Lebaka ke gore mo go 2 Timotheo 3:1-5, Baebele e ile ya bolelelapele gore “mo malatsing a bofelo” batho batla nna bosula. Malatsi a bofelo a eng? Malatsi a bofelo a go tshela le batho ba ba sa batleng go obamela Modimo. Go ise go ye kae, Modimo o tlile go fedisa batho ba ba sa batleng go tlogela dilo tse di bosula tse ba di dirang. Morago ga moo, go tla sala batho ba ba siameng le ba ba ikobelang Modimo mo lefatsheng. “Basiami ba tla rua lefatshe, mme ba tla nna mo go lone ka bosakhutleng.”—Dipesalema 37:29.

Modimo o Tlile go Fedisa Satane

“Modimo yo o nayang kagiso o tla tšhwetla Satane.”—BAROMA 16:20.

Fa Satane le madimona a gagwe ba tla bo ba fedisitswe, le dilo tse di bosula di tla bo di sa tlhole di le teng, go tla rena kagiso mo lefatsheng. Modimo o re solofetsa gore: “Ga go na ope yo o tla [re] tshosang.”—Mika 4:4.

Modimo o Tlile go Fedisa Bolwetse le Loso

“Tente ya Modimo e mo bathong, . . . O tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo sa tlhole lo le teng, e bile go tla bo go sa tlhole go na le khutsafalo kgotsa selelo kgotsa botlhoko.”—TSHENOLO 21:3, 4.

Modimo o tlile go fedisa malwetse a a ileng a bakiwa ke Satane, Adame, Efa le makoa a rona. Ka jalo, le “loso lo tla bo lo sa tlhole lo le teng.” Batho ba ba ikobelang Modimo ba tlile go tshelela ruri. Mme ba tlile go tshela kae?

Modimo o Tlile go Dira Gore Lefatshe le Nne Paradaise

“Naga le lefatshe le le omeletseng di tla itumela, e bile sekaka se tla itumela se bo se ntsha malômô jaaka saferone.”—ISAIA 35:1.

Fa Modimo a se na go fedisa bosula, lefatshe le tlile go nna paradaise! Lefatshe e tla bo e le tshingwana e ntle, e e tla bong e na le dijo tse dintsi. (Dipesalema 72:16) Melapo, matsha le mawatle a tla bo a le phepa. Batho ga ba kitla ba gakologelwa gore lefatshe le kile la kgotlelwa. Ba tla nna mo matlong a ba tla bong ba ikagetse one, e bile ga go na ope yo o tla bong a se na legae, a bolawa ke tlala, kgotsa a humanegile.—Isaiah 65:21, 22.

Modimo o Tlile Go Tsosa Batho ba ba Tlhokafetseng

Modimo o tlile go tsosa batho.”—DITIRO 24:15.

A o ka rata go bona batho ba o ba ratang ba ba tlhokafetseng ba tsosiwa? Modimo o tlile go ba tsosa gore ba kgone go tshela mo Paradaiseng. O tlile go ba itse fa ba tsosiwa mme le bone ba tla go itse. A ko o akanye fela gore lo tla bo lo itumetse jang! Ke eng fa o sa tshwanela go belaela gore seno se tlile go direga? Ka gonne Baebele e re bolelela gore go kile ga nna le bana le bagolo ba ba kileng ba tsosiwa le gore ba ne ba kgona go kopana le malapa a bone. Fa Jesu a tsosa baswi go ne go na le batho. —Luke 8:49-56; Johane 11:11-14, 38-44.